Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Ekesodo

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • Baiseraele ba nna bantsi kwa Egepeto (1-7)

    • Faro o bogisa Baiseraele (8-14)

    • Babelegisi ba ba boifang Modimo ba boloka matshelo (15-22)

  • 2

    • Moshe o a tsholwa (1-4)

    • Morwadia Faro o tsaya Moshe gore e nne ngwana wa gagwe (5-10)

    • Moshe o tshabela kwa Midiana a bo a nyala Siphora (11-22)

    • Modimo o utlwa selelo sa Baiseraele sa kutlobotlhoko (23-25)

  • 3

    • Moshe le setlhatshana se se mmitlwa se se tukang (1-12)

    • Jehofa o tlhalosa leina la Gagwe (13-15)

    • Jehofa o naya Moshe ditaelo (16-22)

  • 4

    • Ditshupo tse tharo tse Moshe a tshwanetseng go di dira (1-9)

    • Moshe o ikutlwa a sa tshwanelege (10-17)

    • Moshe o boela kwa Egepeto (18-26)

    • Moshe o kopana le Arone gape (27-31)

  • 5

    • Moshe le Arone fa pele ga ga Faro (1-5)

    • Pogiso e a oketsega (6-18)

    • Baiseraele ba latofatsa Moshe le Arone (19-23)

  • 6

    • Tsholofetso ya gore ba tla gololwa e a boelediwa (1-13)

      • Leina la ga Jehofa ga le ise le itsiwe ka botlalo (2, 3)

    • Tatelano ya losika lwa ga Moshe le Arone (14-27)

    • Moshe o tshwanetse go ya kwa go Faro gape (28-30)

  • 7

    • Jehofa o nonotsha Moshe (1-7)

    • Thobane ya ga Arone e fetoga noga e kgolo (8-13)

    • Petso 1: metsi a fetoga madi (14-25)

  • 8

    • Petso 2: digwagwa (1-15)

    • Petso 3: mentsana (16-19)

    • Petso 4: diboba (20-32)

      • Goshene ga e amege (22, 23)

  • 9

    • Petso 5: diruiwa di a swa (1-7)

    • Petso 6: mathopa mo bathong le mo diphologolong (8-12)

    • Petso 7: sefako (13-35)

      • Faro o bona maatla a Modimo (16)

      • Leina la ga Jehofa le tla bolelwa (16)

  • 10

    • Petso 8: tsie (1-20)

    • Petso 9: lefifi (21-29)

  • 11

    • Go itsisiwe petso ya bolesome (1-10)

      • Baiseraele ba tshwanetse go kopa dimpho (2)

  • 12

    • Go tlhomiwa Tlolaganyo (1-28)

      • Madi a gasiwe mo foreiming ya kgoro (7)

    • Petso 10: maitibolo a a bolawa (29-32)

    • Ba simolola go tswa mo Egepeto (33-42)

      • Dingwaga tse 430 di a wela (40, 41)

    • Ditaelo tsa ba ba tshwanetseng go ja Tlolaganyo (43-51)

  • 13

    • Leitibolo lengwe le lengwe la mosimane ke la ga Jehofa (1, 2)

    • Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso (3-10)

    • Leitibolo lengwe le lengwe la mosimane le neilwe Modimo (11-16)

    • Baiseraele ba laelwa go ya ntlheng ya Lewatle le Lehibidu (17-20)

    • Pilara ya leru le ya molelo (21, 22)

  • 14

    • Baiseraele ba goroga kwa lewatleng (1-4)

    • Faro o lelekisa Baiseraele (5-14)

    • Baiseraele ba kgabaganya Lewatle le Lehibidu (15-25)

    • Baegepeto ba nwela mo lewatleng (26-28)

    • Baiseraele ba dumela mo go Jehofa (29-31)

  • 15

    • Pina ya phenyo ya ga Moshe le Baiseraele (1-19)

    • Miriame o araba ka go opela (20, 21)

    • Metsi a a bogalaka a dirwa monate (22-27)

  • 16

    • Batho ba ngongoregela dijo (1-3)

    • Jehofa o utlwa dingongorego tsa bone (4-12)

    • Ba newa dinonyane tsa maphurwana le mana (13-21)

    • Ga go na mana ka Sabata (22-30)

    • Mana a a bewa gore e nne segopotso (31-36)

  • 17

    • Ba ngongoregela gore ga go na metsi kwa Horeba (1-4)

    • Metsi a tswa mo lefikeng (5-7)

    • Baamaleke ba a ba tlhasela mme ba a fenngwa (8-16)

  • 18

    • Jethero le Siphora ba a goroga (1-12)

    • Kgakololo ya ga Jethero ya gore go tlhomiwe baatlhodi (13-27)

  • 19

    • Kwa Thabeng ya Sinai (1-25)

      • Baiseraele ba tla nna bogosi jwa baperesiti (5, 6)

      • Batho ba baakanyediwa gore ba kopane le Modimo (14, 15)

  • 20

    • Melao e e Lesome (1-17)

    • Baiseraele ba bona tiragalo e e boifisang (18-21)

    • Ditaelo tse di malebana le kobamelo (22-26)

  • 21

    • Ditshwetso tsa boatlhodi tsa Baiseraele (1-36)

      • Tse di malebana le batlhanka ba Bahebera (2-11)

      • Tse di malebana le fa motho yo mongwe a bogisiwa (12-27)

      • Tse di malebana le diphologolo (28-36)

  • 22

    • Ditshwetso tsa boatlhodi tsa Baiseraele (1-31)

      • Tse di malebana le bogodu (1-4)

      • Tse di malebana le go senngwa ga dijalo (5, 6)

      • Tse di malebana le dituelo le dilo tse motho a nang le tsone (7-15)

      • Tse di malebana le go raela yo mongwe (16, 17)

      • Tse di malebana le kobamelo le tshiamiso mo setšhabeng (18-31)

  • 23

    • Ditshwetso tsa boatlhodi tsa Baiseraele (1-19)

      • Tse di malebana le boikanyegi le boitshwaro jo bo siameng (1-9)

      • Tse di malebana le bosabata le meletlo (10-19)

    • Moengele yo o kaelang Baiseraele (20-26)

    • Go gapiwa ga lefatshe le go dira melelwane ya lone (27-33)

  • 24

    • Batho ba dumela go ikobela kgolagano (1-11)

    • Moshe mo Thabeng ya Sinai (12-18)

  • 25

    • Meneelo ya motlaagana (1-9)

    • Letlole (10-22)

    • Tafole (23-30)

    • Setlhomo sa dipone (31-40)

  • 26

    • Motlaagana (1-37)

      • Matsela a tente (1-14)

      • Diforeimi le metheo e e khuti (15-30)

      • Sesiro le setswalo (31-37)

  • 27

    • Sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang (1-8)

    • Lolwapa (9-19)

    • Leokwane la setlhomo sa dipone (20, 21)

  • 28

    • Diaparo tsa baperesiti (1-5)

    • Khiba (6-14)

    • Kgetsana ya sehuba (15-30)

      • Urime le Thumime (30)

    • Seaparo se se se nang mabogo (31-35)

    • Tuku e e kgethegileng e e nang le mokgabisa wa gauta (36-39)

    • Diaparo tse dingwe tsa baperesiti (40-43)

  • 29

    • Go tlhomiwa ga baperesiti (1-37)

    • Setlhabelo sa letsatsi le letsatsi (38-46)

  • 30

    • Sebeso sa maswalo (1-10)

    • Palo ya batho le madi a selefera a a bolokang matshelo a Baiseraele (11-16)

    • Sekotlele sa kopore sa go tlhapela (17-21)

    • Motswako o o kgethegileng wa leokwane la go tlotsa (22-33)

    • Tsela ya go dira maswalo a a boitshepo (34-38)

  • 31

    • Badiri ba ba ditswerere ba tladiwa ka moya wa Modimo (1-11)

    • Sabata, sesupo fa gare ga Modimo le Baiseraele (12-17)

    • Dikwalelo tse pedi tsa leje (18)

  • 32

    • Go obamela namane ya gauta (1-35)

      • Moshe o utlwa go opela ga mofuta mongwe (17, 18)

      • Moshe o tšhwetlakanya dikwalelo tsa molao (19)

      • Balefi ba ikanyega mo go Jehofa (26-29)

  • 33

    • Molaetsa wa Modimo wa katlholo (1-6)

    • Tente ya bokopanelo kwa ntle ga kampa (7-11)

    • Moshe o ikopela go bona kgalalelo ya ga Jehofa (12-23)

  • 34

    • Go dirwa dikwalelo tse disha tsa leje (1-4)

    • Moshe o bona kgalalelo ya ga Jehofa (5-9)

    • Dintlha tsa kgolagano di a boelediwa (10-28)

    • Sefatlhego sa ga Moshe se ntsha marang (29-35)

  • 35

    • Ditaelo tsa Sabata (1-3)

    • Meneelo ya motlaagana (4-29)

    • Besalele le Oholiabe ba tladiwa ka moya (30-35)

  • 36

    • Go ntshitswe moneelo o o fetang selekanyo (1-7)

    • Go agiwa motlaagana (8-38)

  • 37

    • Go dirwa Letlole (1-9)

    • Tafole (10-16)

    • Setlhomo sa dipone (17-24)

    • Sebeso sa maswalo (25-29)

  • 38

    • Sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang (1-7)

    • Sekotlele sa kopore (8)

    • Lolwapa (9-20)

    • Go balwa dilo tsa motlaagana (21-31)

  • 39

    • Go dirwa diaparo tsa Baperesiti (1)

    • Khiba (2-7)

    • Kgetsana ya sehuba (8-21)

    • Seaparo se se se nang mabogo (22-26)

    • Diaparo tse dingwe tsa Baperesiti (27-29)

    • Mokgabisa wa gauta (30, 31)

    • Moshe o tlhatlhoba motlaagana (32-43)

  • 40

    • Motlaagana o a tlhomiwa (1-33)

    • Kgalalelo ya ga Jehofa e tlala mo motlaaganeng (34-38)