Fetela kwa tshedimosetsong

Eritrea

Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone

Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone

Kwa Eritrea, Basupi ba ga Jehofa mmogo le ditlhotswana tsa batho ba madumedi a mangwe ba tsentswe mo kgolegelong kwantle ga tsheko. Banna, basadi, bana mmogo le bagodi ba e leng Basupi ba ga Jehofa, ba tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa bodumedi kgotsa ka ntlha ya mabaka a a sa tlhalosiwang. Makawana a ile a tsenngwa mo kgolegelong ka gonne a ganne go tsenela tirelo ya sesole ka ntlha ya segakolodi.

Fa Eritrea e ne e nna naga e e ikemetseng ka 1993, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba latlhegelwa ke kgololesego ya bone. Ka October 25 1994, Moporesidente Afewerki o ne a ntsha molao (Presidential Decree), o o neng wa amoga Basupi tshwanelo ya bone ya go nna baagi ba naga eo e re ka ba ne ba sa bouta mo ditlhophong tsa 1993 e bile ba ganne go tsenela tirelo ya sesole ka ntlha ya segakolodi. Go tloga ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwarwa le go tlhokofadiwa ke mapodise, gape ba ne ba leka go pateletsa Basupi gore ba tlogele tumelo ya bone.

Go Tsenngwa ka Lobaka lo Loleele mo Kgolegelong mo Maemong a a Botlhoko

Fa e sa le ka September 24, 1994, banna ba bararo e bong Paulos Eyassu, Isaac Mogos le Negede Teklemariam ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne digakolodi tsa bone di sa ba letle go tsenela sesole. Basupi bangwe ba tsentswe mo dikagong tsa maje kgotsa tsa tshipi tse di epetsweng mo mmung. Legolegwa lengwe e bong Misghina Gebretinsae, o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 62 ka July 2011 ka ntlha ya mogote fa a ne a tshwerwe kwa Kampeng ya Kgolegelo ya kwa Meitir. Yohannes Haile le ene o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 68 ka August 16, 2012, a na le dingwaga di ka nna nnè a le mo Kampeng ya Meitir. Basupi ba se kae ba ne ba gololwa kwa Kampeng ya Meitir fa ba sena go nna le mathata a a masisi a botsogo.

Ditiragalo Tsa Bosheng

Ka April 14, 2014, fa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba kopane kwa Segopotsong sa Loso lwa ga Jesu Keresete, batho ba feta 90 ba ne ba tshwarwa. Go ne ga tshwarwa banna le basadi, yo o monnye mo go bone o ne a na le dikgwedi di le 16 fa yo o mogolo ene a na le dingwaga di le 85. Ka April 27, 2014, go ne ga tshwarwa batho ba le 31 ba ba neng ba kopane go tla go ithuta Baebele. Ga go na tshedimosetso epe e nngwe malebana le mabaka a go bo ba tshwerwe le gore maemo a lefelo le ba leng kwa go lone a ntse jang.

Tatelano ya Ditiragalo

  1. January 23, 2015

    Basupi ba le 58 ba tsentswe mo kgolegelong kwantle ga tsheko.

  2. December 12, 2014

    Basupi ba le 64 ba tsentswe mo kgolegelong kwantle ga tsheko.

  3. July 25, 2014

    Bontsi jwa ba ba neng ba tshwerwe ka April 14 ba ne ba gololwa mme ba le 20 ba ba neng ba tshwarwa ka April 27 ba sa ntse ba le mo kgolegelong; palogotlhe ya Basupi ba le 73 ba mo kgolegelong.

  4. April 27, 2014

    Basupi ba le 31 ba ne ba tshwarwa ka nako ya fa ba ne ba kopane go tla go ithuta Baebele.

  5. April 14, 2014

    Basupi ba feta 90 ba ne ba tshwarwa fa ba le kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete.

  6. November 2013

    Basupi ba le 52 ba tsentswe mo kgolegelong mme ba mo maemong a a botlhoko thata.

  7. August 16, 2012

    Yohannes Haile, wa dingwaga di le 68, o tlhokafala morago ga go tsenngwa mo kgolegelong mo maemong a a botlhoko thata.

  8. July 2011

    Misghina Gebretinsae, wa dingwaga di le 62, o tlhokafala morago ga go tsenngwa mo kgolegelong mo maemong a a botlhoko thata.

  9. June 28, 2009

    Badiredipuso ba phuruphutsa ntlo ya Mosupi mongwe ka nako ya tirelo ya bodumedi mme ba tshwara Basupi botlhe ba le 23 ba dingwaga tse di fa gare ga 2 le 80. Palogotlhe ya Basupi ba ba tsentsweng mo kgolegelong e tlhatlogela go ba le 69.

  10. April 28, 2009

    Badiredipuso ba romela batho botlhe ba ba mo kgolegelong e e kwa seteisheneng sa mapodise gore ba ye kwa Kampeng ya Kgolegelo ya Meitir mme ba tlogela Mosupi a le mongwe.

  11. July 8, 2008

    Badiredipuso ba simolola go phuruphutsha matlo le kwa meberekong mme ba tshwara Basupi ba le 24, ba bontsi jwa bone ba tlamelang malapa.

  12. May 2002

    Ntle le ditumelo di le nnè fela tse di letleletsweng ke puso, madumedi otlhe a thibelwa ke puso.

  13. October 25, 1994

    Poresidente o ntsha molao wa go thibela Basupi ba ga Jehofa go nna le boagi jwa naga le ditshwanelo tsa botho.

  14. September 24, 1994

    Paulos Eyassu, Isaac Mogos le Negede Teklemariam ba tsenngwa mo kgolegelong ba sa bonwa molato mme ba sa ntse ba le mo kgolegelong le ga jaana.

  15. Dingwaga tsa bo1940

    Basupi ba nna gone mo Eritrea.