Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Morwadiame Yo ke Mo Ratang

Morwadiame Yo ke Mo Ratang
  1. 1. O ne a mo rata

    Go tswa boseeng

    O ne a tla gola

    A ntse a mo rata.

    Mme ka metlha fa a

    Ne a mo reetsa

    O ne a mo ipedisa

    (KHORASE)

    Morwadiame yo ke mo ratang.

    Ke’ipela ka wena nnana.

  2. 2. O rata go dira—

    Ka bojotlhe.

    Le fa go le boima

    Ga a ineele.

    Mme o kgothadiwa

    Ke go’itse gore

    O’ipedisa pelo ya ’gwe

    (KHORASE)

    Morwadiame yo ke mo ratang.

    Ke’ipela ka wena nnana.

    (BRIDGE)

    Jehofa Mmopi

    Ga a lebale.

    Lorato lwa ’go

    Le ’tiro tsa ’go.

    O tla go disa

    Ka metlha yotlhe

    Mo ikanye.

    (KHORASE)

    Morwadiame yo ke mo ratang.

    Morwadiame ke tla go thusa.

    Morwadiame ke a go rata.

    Morwadiame moratwa.