Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefelo le le Tla go Galaletsang

Lefelo le le Tla go Galaletsang
  1. 1. Jehofa, Modimo wa rona,

    Wena Mogodimodimo,

    Re kopa gore moya wa ’go,

    O nne mo lefelong leno.

    Mme selo sa botlhokwa thata,

    Ke badiredi ba gago.

    Re go direla ka boipelo;

    Mme seo se’a go ipedisa.

    (BRIDGE)

    Se re nang le sone

    Re se filwe ke wena.

    Se re se go abelang

    E ne e le sa ’go.

    (KHORASE)

    Jehofa re a go leboga;

    Re tla go baka ka pina.

    Re’ipelela lefelo leno

    Le le tla go galaletsang.

  2. 2. Jah, o re neile lefelo

    Le le tla go galaletsang,

    Tiro e e tla dirwang fano,

    E thusa batho go go’itse.

    Re go naya lefelo leno.

    Re tla go direla fano,

    Gore re tswelele ka tiro

    E re e filweng ke Kreste.

    (BRIDGE)

    Mme re tla go baka

    Ka dithoto tsa rona.

    O tshwanelwa ke pako​—⁠

    Modimo wa rona.

    (KHORASE)

    Jehofa re a go leboga;

    Re tla go baka ka pina.

    Re’ipelela lefelo leno

    Le le tla go galaletsang.