Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Ikanya Wena

Ke Ikanya Wena
  1. 1. Lefoko la ’Go Jehofa

    Ruri le fa maatla

    Le sidila maikutlo’a me, le nnaya kagiso.

    Le fa go le thata jang,

    ’Tlhale jwa ’Go Jehofa,

    Le boamaaruri jwa gago di nthusa gore​—

    (KHORASE)

    Ke se tshabe sepe

    Ke tshepe ’foko la go Jah.

    ’Foko la go le maatla

    Le nthusa go itshoka.

    Ka nako tsotlhe ke tla nna ke’ikantse wena.

  2. 2. Diteko di tla ka metlha

    Ke tlhoka go di lwantsha,

    Mme ka thuso ya go Mmopi ke tla fenya.

    Ke tlhoka go tlhatlhanya.

    Ke letle ’foko la ’go

    Le age mo pelong ya me mme le nthuse​—

    (KHORASE)

    Ke se tshabe sepe.

    Ke tshepe ’foko la ’go Jah.

    Ke lebe pele kwa mokgeleng

    Ka gonne lefatshe le’a feta.

    ’Foko la ’go le maatla

    Le nthusa go itshoka.

    Ka nako tsotlhe ke tla nna ke’ikantse wena.

    (KHORASE)

    Ke se tshabe sepe.

    Ke tshepe ’foko la ’go Jah

    Ke lebe pele kwa mokgeleng.

    Ka gonne lefatshe le’a feta.

    ’Foko la go le maatla

    Le nthusa go itshoka.

    Ka nako tsotlhe ke tla nna ke’ikantse wena.