Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Boife

Se Boife
  1. 1. Fa go le thata, re lebala Mmopi.

    Re batla ’tsela tsa go tswa mathateng.

    Fa re tlelwa ke mathata,

    Ga re tlhoke go’ineela

    Tshepa,

    Mmopi.

    (KHORASE)

    O na le rona, se tshabe sepe,

    Ka ’nako tsotlhe o tla nna’a re thusa.

    Le fa go le thata jang,

    Re tlhoka go gopola Jah Mmopi.

    A ka se re latlhe.

    Ruri;

    Se boife sepe.

  2. 2. Re na le ’tsala go re thusa.

    Di a re tshegetsa le go re gomotsa.

    Fa re bala ’Foko la Jah,

    Re tla kgona goitshokela

    Diteko

    Ka metlha.

    (KHORASE)

    O na le rona, se tshabe sepe,

    Ka ‘nako tsotlhe o tla nna’a re thusa.

    Le fa go le thata jang,

    Re tlhoka go gopola Jah Mmopi.

    A ka se re latlhe.

    Ruri;

    (BRIDGE)

    Le fa go se na kgoro’a botso,

    Se tshwenyege,

    E tla bulega.

    (KHORASE)

    O na le rona, se tshabe sepe,

    Ka ’nako tsotlhe o tla nna’a re thusa.

    Le fa go le thata jang,

    Re tlhoka go gopola Jah Mmopi.

    A ka se re latlhe.

    Ruri;

    Se boife sepe.