Se Tlhobaele
1. Lefatshe le tla fetoga Paradaise e ntle,
Re tla tshela monate mathata a fedile.
Mme Fa go tlhaga diteko
Ke latlhegelwa ke tshepo,
Ke felelwa ke tumelo, fa kei’kutlwa ke tlaletswe.
Mme gone Jehofa’o teng.
(KHORASE)
Mme ke rapela ka metlha
Ke kopa Jah gore’a nthuse
Ke kgone go itshoka.
Ga ke nosi; Ke na le Jah.
Kei’kanya ’foko la ‘gwe
Le ditsala tsa nnete.
Mathata’a botshelo ga a fele,
O se ka wa tlhobaela.
Se tshwenyege ka tsa ka moso.
O tla ipela.
Se tlhobaele.
2. Fa o lwela go akanya
Ka se se siameng,
O tla nna o’itumetse.
Wa lebala mathata.
Jehofa o’a re rata,
O re ntsheditse Morwawe
Ga re tlhoke go belaela.
O molemo mo go rona
Ga’o tlhoke go boifa.
(KHORASE)
Rapela ka metlha
O kope Jah a go thuse.
O kgone go itshoka.
Ga re nosi; Re na le Jah.
Re’ikanya ’foko la ’Gwe
Le ditsala tsa nnete.
Mathata’a botshelo ga a fele,
O se ka wa tlhobaela.
Se tshwenyege ka tsa kamoso.
O tla ipela.
Se tlhobaele.
(KHORASE)
Rapela ka metlha
O kope Jah a go thuse.
O kgone go itshoka.
Ga re nosi; Re na le Jah.
Re’ikanya ’foko la ’Gwe
Le ditsala tsa nnete.
Mathata’a botshelo ga a fele,
O se ka wa tlhobaela.
Se tshwenyege ka tsa kamoso.
O tla ipela.
Se tlhobaele,
Se tlhobaele.