Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga re Ineele

Ga re Ineele
  1. 1. Fa ke ne ke’utlwa boammaaruri

    Ka ga Jehofa le ka ga isagwe,

    Ke ne ka rata se ke se’ithutang.

    Mme gone dilo di ne tsa nna thata.

    (KHORASE)

    Nka se tlogele

    Go dira se se siameng.

    Mme ke tla nonotsha tumelo ya me.

    Ga nkitla ke itlhoboga.

    Ke tla ikanya Lefoko la Jah.

    O tla nthusa go itshoka.

    Le fa go le thata, ga ke’ineele.

  2. 2. Go na le tsela di le pedi:

    E‘e bulegileng le e tshesane.

    ’Fatshe le batla go re tsietsa,

    Re’itse gore Jah o tla re kaela.

    (KHORASE)

    Re tla’itumela,

    Mo ’fatsheng le lesha.

    Mme re tla nonotsha tumelo’a rona.

    Ga re kitla re’itlhoboga.

    Re tla ikanya Lefoko la Jah.

    O tla re thusa go’itshoka.

    Le fa go le thata, ga re’ineele.

    (KHORASE)

    Mme re tla nonotsha tumelo’a rona.

    Ga re kitla re’itlhoboga.

    Re tla ikanya Lefoko la Jah.

    O tla re thusa go’itshoka.

    Le fa go le thata, ga re’ineele.

    Ga re’ineele.

    Ga re’ineele.