Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakanyo Tsa Me

Dikakanyo Tsa Me

Dikakanyo Tsa Me

Itseele:

Dinnoto

1. Ke batla go go kgatlha Jah,

Mme bothata ke’a inyatsa—

Ke nna ke belaela,

Maiteko a ke’a dirang.

Go rapela go mpha maatla.

Ke se’o batlang ke nna ke se dira

Fa maikutlo ao a tla.

Jehofa, ka metlha o’a re

(KHORASE)

Ke ele tlhoko ’kakanyo tsa me,

Ke akanye se se siameng.

Ke lwe thata, ke ska ineela.

Ke tla kgaratlha, mme ke tla fenya

2. Ke eletsa go’ikanyega,

Mme maikutlo a’a nkgerisa.

Ke bona go le thata.

A mme gone o’a nthata?

Mme fa ke’ema ke ya tshimong,

Ke ya go rera ’kgang tse molemo,

Ke imologa pelo.

Jehofa, ka metlha a re

(KHORASE)

Ke ele tlhoko ’kakanyo tsa me,

Ke akanye se se siameng.

Ke lwe thata, ke ska ineela.

Ke tla kgaratlha, mme ke tla fenya.

Ke tla fenya.

(BRIDGE)

Ke tla lwantsha dikakanyo

Tseo tsotlhe tse di sa siamang:

Ditlhobaelo le dipelaelo.

Jehofa, ruri o ne wa ntswa thuso.

O ne wa ntswa thuso.

(KHORASE)

Ke tla’ela tlhoko ’kakanyo tsa me,

Ke akanye se se siameng.

Ke lwe thata, ke ska ineela.

Ke tla kgaratlha, mme ke tla fenya.