Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka Tumelo

Ka Tumelo

(Pesalema 27:13)

  1. 1. Ga nkitla ke boifa.

    Ga nkitla ke reketla.

    Fa Jehofa’a na le nna,

    Ga ke tshabe sepe.

    O tla ntshegetsa ka metlha.

    (KHORASE)

    Ka tumelo, ke tla fenya mathata.

    Ka tumelo, ga nkitla ke boifa.

    Gonne Jah o mpha maatla,

    O nna a nkgothatsa.

    Ke itse gore o tla nthusa—

    Ka tumelo.

  2. 2. Batlhanka ba Modimo

    Ba dinako tsa kgale,

    Ba ba neng ba’itshoka

    Ka ntlha ya tumelo,

    Jehofa o tla ba tsosa.

    (KHORASE)

    Ka tumelo, ke tla fenya mathata.

    Ka tumelo, ga nkitla ke boifa.

    Gonne Jah o mpha maatla,

    O nna a nkgothatsa.

    Ke itse gore o tla nthusa—

    Ka tumelo.

    (BRIDGE)

    Ka tumelo, nka kgona go fenya,

    Ka bona ’fatshe le lesha.

    Kwantle ga tumelo,

    Ga nkitla ke kgona

    Go itshoka fa ke lekwa.

  3. 3. ’Tshelo jo bo monate

    Jah o tla bo nnaya.

    Ke tla itshoka

    Ka gonne kgololo

    E atametse, e fela fa.

    (KHORASE)

    Ka tumelo, ke tla fenya mathata.

    Ka tumelo, ga nkitla ke boifa.

    Gonne Jah o mpha maatla,

    O nna a nkgothatsa.

    Ke itse gore o tla nthusa—

    Ka tumelo,

    Ka tumelo.

(Bona le Baheb. 11:1-40.)