Tota ke Tla Ikanya Mang?
Itseele:
1. Ke ntse ke reetsa Jesu
’Tshelo jwa me jotlhe.
O nna a nkaela
Ke a mo’ikobela.
Ke Modisa wa me;
O mpontshitse tsela.
Ke a mo tshepa
A ka se ntimetse.
(PRE-KHORASE)
Ga ke batle go reetsa
’Thuto tse e seng tsa nnete,
Tse di tla ntimetsang
Mme ka fapoga tsela.
(KHORASE)
Tota ke tla’ikanya mang?
Fa go le thata ke tla ya kae?
Tota ke tla’ikanya mang?
Ke’ikemiseditse
Go’ikobela Jesu.
Ke tla reetsa lentswe la gagwe.
2. Ke sireletsegile;
O a ntlhokomela.
Ke na le ‘tsala
Mo phuthegong ya Jah.
Ke lebile pele
Kwa fatsheng le lesha;
Ke tshela monate
Ka bosakhutleng.
(PRE-KHORASE)
Ga nkitla ke reetsa
Ba ba sa’ikobeleng Jesu
Ba ba tla ntimetsang
Mme ka fapoga tsela.
(KHORASE)
Tota ke tla’ikanya mang?
Fa go le thata ke tla ya kae?
Tota ke tla’ikanya mang?
Ke’ikemiseditse
Go’ikobela Jesu;
Ke tla reetsa lentswe la gagwe.
(KHORASE)
Tota ke tla’ikanya mang?
Fa go le thata ke tla ya kae?
Tota ke tla’ikanya mang?
Ke’ikemiseditse
Go’ikobela Jesu;
Ke tla reetsa lentswe la gagwe.
Tota ke tla’ikanya mang?
Ke tla ikanya Jesu ka metlha.