Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Madi a Mannye’

‘Madi a Mannye’

Itseele:

  1. 1. O na le

    Madi’a mannye fela.

    Fa’a bona,

    Batho ba bangwe ba ntsha mo gontsi,

    O ipotsa

    Gore a mme Jehofa

    O tla amogela

    Madinyana ao a gagwe?

    (KHORASE)

    Le fa’a le mannye,

    O ska tshwenyega.

    A’itumedisa Jehofa.

    Fa re leba dilo

    Jaaka a di leba,

    Re ka se tshwenngwe ke gore

    A mannye.

  2. 2. A o’akanya

    Ka dinako tsa kgale?

    Fa a ne’a kgona

    Go ntsha mo gontsi jaaka ba bangwe?

    Ga a tshwenyege,

    O ntsha se a se kgonang.

    Mme Jehofa ene,

    O lebogela mpho eo ya ’gwe.

    (KHORASE)

    Le fa’a le mannye,

    O ska tshwenyega.

    A’itumedisa Jehofa.

    Fa re leba dilo

    Jaaka a di leba,

    Re ka se tshwenngwe ke gore

    A mannye.

    (BRIDGE)

    O leba pelo, e seng ka fa ntle.

    O bona se re leng sone mo teng.

    O’a re tlhaloganya.

    (KHORASE)

    Le fa’a le mannye,

    O ska tshwenyega.

    A’itumedisa Jehofa.

    Fa re leba dilo

    Jaaka a di leba,

    Re ka se tshwenngwe ke gore

    A mannye.

    A’o leba dilo jaaka Jah?