Boela Gae
Itseele:
1. Ruri ke tlaletswe,
Ke feletswe ke tshepo.
Mathata’a botshelo
A nkgaogantse le Modimo wa me.
Mme gone ke itse gore
Jehofa o sa ntse a nthata.
(KHORASE)
O batla ke boela kwa go’ene
Gore ke tle ke sireletsege.
O batla gore ke tle mo gae, mo phuthegong.
Ke tla amogelwa ka ’rato.
2. Phuthego ya ga Jah
E a re sireletsa.
Re na le ditsala
Tsa mmatota tse di re kgathalelang.
Le fa’o katogetse kgakala,
Jehofa o sa ntse a go rata.
(KHORASE)
O batla o boela kwa go’ene,
O batla o mo direla gape.
O’eletsa gore o tle mo gae, mo phuthegong.
O tla itumela; boela gae.
(BRIDGE)
O tla’amogelwa
Ka diatla tsoopedi!
Re a go rata;
Re itumetse ka gonne
O mo gae.
O mo gae.
(KHORASE)
O ne a go busetsa kwa go’ene.
Gore o tle o sireletsege
Mo lelapeng la gagwe.
Jaanong o itumetse.
O mo gae.