Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruri le Tla Tla! (Pina ya Kopano ya 2023)

Ruri le Tla Tla! (Pina ya Kopano ya 2023)

(Habakuke 2:3)

Itseele:

  1. 1. Mmopi wa rona, re a go baka—

    O ne wa bopa lefatshe le lentle.

    Le fa re bona le senyegile,

    Re itse gore o tla le baakanya.

    (KHORASE)

    Rara, re letetse lefatshe le lesha

    Re le pelotelele.

    Letsatsi la gago le gaufi thata.

    Ga le kitla le diega.

    Ruri le tla tla!

  2. 2. Nako ya gore o tsose baswi

    E atametse; re tlhoka go leta.

    Rotlhe mo ’fatsheng re tla’itumela.

    Re thuse gore re se ka ra lapa.

    (KHORASE)

    Rara, re letetse lefatshe le lesha

    Re le pelotelele.

    Letsatsi la gago le gaufi thata.

    Ga le kitla le diega.

    Ruri le tla tla!

  3. 3. Thato ya gago ke gore batho

    Ba ba pelontle ba tshelele ruri.

    Rei’tumelela go ba rerela,

    Le go ba ruta ka Bogosi jwa ’go.

    (KHORASE)

    Rara, re letetse lefatshe le lesha

    Re le pelotelele.

    Letsatsi la gago le gaufi thata.

    Ga le kitla le diega.

    Ruri le tla tla!

    Re tla nna re letile!

(Bona le Bakol. 1:11.)