Fa Rotlhe re Baka Jehofa
Itseele:
1. Batho ba tlaletswe,
Ga ba na tsholofelo.
Ba batlana le kagiso
Mme ga ba’e bone gope.
Mo lefifing leno,
Rona re mo leseding.
Re’itse gore Jah o tla fetola
Maemo a lefatshe:
(KHORASE)
Go tla rena
Kagiso,
Re tla tshela
Ka boitumelo.
Re baka Jah rotlhe.
2. Le fa go le thata,
Re ema re nitame.
Jehofa o teng, o tla re thusa.
Ga re tlhoke go boifa.
Re tlhoka go’itshoka
Le go mo ikanya.
O re neile tsholofelo
E e re gomotsang:
(KHORASE)
Go tla rena
Kagiso,
Re tla tshela
Ka boitumelo.
Re baka Jah rotlhe.
(BRIDGE)
Re tla bo re buswa,
Ke Jesu Kresete.
O tla fedisa mathata otlhe.
Re tla galaletsa
Modimo wa rona.
(KHORASE)
Go tla rena
Kagiso,
Re tla tshela
Ka boitumelo—
Go tla rena
Kagiso,
Re tla tshela
Ka boitumelo.
Re baka Jah rotlhe
Re le seoposengwe!