Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlogela go Goga?

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlogela go Goga?

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlogela go Goga?

GO GOGA ga se selo sa batho ba ba batlang go tshela lobaka lo loleele ba itumetse. Go ka direga gore mo bathong ba le 2 ba ba nang le lobaka lo loleele ba goga, a le 1 o tlile go feleletsa a bolailwe ke motsoko. Motsamaisimogolo wa World Health Organization (WHO) o ne a bolela jaana: “Sekerete ke . . . selo se se dirilweng ka botswerere thata se se nayang motho yo o se gogang nikotine e e lekaneng fela go dira gore a nne a tshwakgotswe botshelo jotlhe jwa gagwe pele ga e mmolaya.”

Ka gone, lebaka lengwe la go bo motho a tshwanetse go tlogela go goga ke gore go goga motsoko go tsenya boitekanelo le botshelo jwa motho mo kotsing. Go goga go ile ga golaganngwa le malwetse a feta 25 a a diphatsa. Ka sekai, ke sone selo se segolo se se bakang go ema pelo, seterouku, bronchitis e e sa foleng, go buduloga ga makgwafo, le mefuta e e farologaneng ya kankere, bogolo jang kankere ya makgwafo.

Gone ke boammaaruri gore motho a ka nna a goga dingwaga di le dintsinyana pele ga a tshwarwa ke bongwe jwa malwetse ano. Le fa go ntse jalo, go goga ga go dire gore motho a eletsege mo go ba bangwe. Dipapatso di bontsha batho ba ba gogang e le batho ba ba bogegang e bile ba itekanetse. Mme tota ga go a nna jalo. Go goga go nkgisa legano bosula, e bile go timpatsa meno le menwana ya motho. Mo banneng ke sengwe sa dilo tse di dirang gore banna ba se ka ba kgona go dira sentle mo tlhakanelongdikobo. Go dira gore batho ba ba gogang ba gotlhole thata e bile ba se ka ba kgona go hema sentle. Gape go ka direga thata ka batho ba ba gogang gore ba nne matsutsuba pele ga nako mo sefatlhegong ba bo ba nne le mathata a mangwe gape a letlalo.

Kafa go Goga go Amang ba Bangwe ka Gone

Baebele ya re: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Go rata baagelani ba gago—mme gone ba lelapa la gago ke bone baagelani ba ba gaufi thata le wena—ke lebaka le le nonofileng thata la gore o tlogele.

Go goga go utlwisa ba bangwe botlhoko. Mo malobeng motho yo o gogang o ne a ka kgona go tshuba sekerete gongwe le gongwe fela mme go se na ope yo o tla mo rayang sepe. Mme maikutlo a batho a a fetoga ka gonne ba le bantsi ba tlhaloganya dikotsi tsa go hema mosi o o tswang mo disekereteng tsa ba bangwe. Ka sekai, motho yo o sa gogeng yo o nyalaneng le motho yo o gogang o mo kotsing ya diperesente di le 30 tsa go tshwarwa ke kankere ya makgwafo go feta fa a ne a nyetswe ke motho yo o sa gogeng. Bana ba ba nnang le batsadi ba ba gogang go ka direga thata gore ba tshwarwe ke nyumonia kana bronchitis mo dingwageng tsa ntlha tse pedi tsa botshelo jwa bone go feta bana ba ba nnang mo magaeng ao go se nang motho yo o gogang mo go one.

Basadi ba ba baimana ba ba gogang ba tsenya maseanyana a bone a a iseng a tsholwe mo kotsing. Nikotine, carbon monoxide, le dikhemikale tse dingwe tse di kotsi tse di mo mosing wa sekerete di tsena mo mading a mmangwana mme di fetela ka tlhamalalo kwa ngwaneng yo o mo popelong. Diphelelo tsa gone di akaretsa gore go ka direga gore mmangwana a senye mpa a sa lemoge, ngwana a tlhage a didimetse, le go tlhokafala ga bana ba ba sa tswang go tsholwa. Mo godimo ga moo, bana ba bommaabone ba neng ba goga ka nako ya fa ba ba imile ba mo kotsing ya go swa ka tshoganyetso ba sa le masea gararo go feta ba bangwe.

Go ja Madi a Mantsi Thata

Lebaka le lengwe la go bo o tshwanetse go tlogela ke gore go goga go ja madi a mantsi thata. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ke Banka ya Lefatshe e ne ya lekanyetsa gore ditshenyegelo tsa kalafi tse di bakilweng ke go goga ka tlhamalalo di fitlha go diranta di le dibilione di le 1,2 ngwaga le ngwaga. Legale, palo eo ga e bontshe gore ba ba tsenwang ke malwetse a a bakwang ke motsoko, ba boga le go utlwa botlhoko go le kana kang.

Go motlhofo go bala gore disekerete di jela motho a le mongwe yo o gogang madi a a kana kang. Fa o goga, atisa madi a o a senyang mo disekereteng letsatsi le le lengwe ka 365. Seo se tla go bontsha gore o senya madi a a kana kang mo ngwageng. Atisa palo eo ka lesome, mme o tla bona gore disekerete di tlile go go jela madi a a kana kang fa o tswelela o goga dingwaga tse dingwe tse di lesome. O tla gakgamalela se o tla se bonang. Akanya gore o ne o ka dirang gape ka madi a a kalo.

A go Botoka go Fetogela Kwa Mofuteng o Mongwe wa Motsoko?

Madirelo a motsoko a bapatsa disekerete tse di se nang bokgakga jo bontsi e bile di se na nikotine e ntsi—fa a di buelela a re ke disekerete tse di seng bogale thata—a re ke tsela ya go fokotsa dikotsi tse go goga go ka di tlisetsang boitekanelo. Le fa go ntse jalo, batho ba ba fetogelang kwa disekereteng tse di se nang bokgakga jo bontsi e bile di se na nikotine e ntsi ba eletsa selekanyo se se tshwanang le sa pele sa nikotine. Ka ntlha ya moo, batho ba ba fetogelang kwa disekereteng tse di se nang bokgakga jo bontsi e bile di se na nikotine e ntsi gantsi ba goga disekerete tse dintsi gore ba kgone go bona selekanyo seo sa nikotine, ba gopa mosi thata e bile ba o gopa gantsinyana, kana ba goga karolo e kgolo thata ya sekerete sengwe le sengwe. Tota le batho ba ba sa direng diphetogo dipe gore ba kgone go bona selekanyo se se tshwanang sa nikotine, ga ba thusege go le kalo mo boitekanelong fa ba bapisiwa le ba ba tlogelang go goga gotlhelele.

Go tweng ka dipeipi le disikara? Le fa madirelo a motsoko a sa bolo go nna a buelela dipeipi le disikara gore di supa gore motho ke wa maemo, mosi wa tsone o diphatsa fela jaaka wa disekerete o ntse. Tota le fa batho ba ba gogang disikara le dipeipi ba sa hemele mosi wa tsone mo teng, ba mo kotsing e kgolwane ya go nna le kankere ya dipounama, ya molomo le ya loleme.

A motsoko o o se nang mosi one o botoka? One o ka mefuta e mebedi: seneife le motsoko o o tšhotlhwang. Seneife ke motsoko o o loupa, o gantsi o rekisiwang ka ditoise kana ka dikgetsana. Gantsi batho ba ba o gogang ba o tsenya mo karolong e e kwa tlase ya pounama kana ya lerama. Motsoko o o tšhotlhwang o rekisiwa e le dithudinyana tse ditelele, gantsi o le mo dikgetsaneng. Jaaka fa leina la teng le bontsha, o a tšhotlhwa, ga o monwe. Seneife le motsoko o o tšhotlhwang ka bobedi di nkgisa motho legano, di timpatsa meno, di tshwarisa kankere ya molomo le ya mometso, di dira gore motho a tshwakgolwe ke nikotine, di dira gore motho a tswe diso tse ditshweu mo molomong tse di ka nnang tsa baka kankere, di dira gore meno le marinini a kgaogane, e bile di ja meno mo mathoko. O kgona go bona sentle gore go mona kana go tšhotlha motsoko ga se selo se o ka tshabelang kwa go sone o re o tlogela go o goga.

Melemo ya go Tlogela go Goga

A re re o na le lobaka lo loleele o goga. Go diregang fa o tlogela? Mo metsotsong e le 20 morago ga go goga sekerete sa gago sa bofelo, kgatelelo ya gago ya madi e tla boela setlwaeding. Morago ga beke mmele wa gago o tla bo o sa tlhole o na le nikotine. Morago ga kgwedi e le nngwe go gotlhola, go thibana ga dinko, letsapa le le tseneletseng le go hemela ka bonako go tla bo go simolotse go fokotsega. Morago ga dingwaga di le tlhano kotsi ya gore o swe o bolawa ke kankere ya makgwafo e tla bo e fokotsegile ka diperesente di le 50. Morago ga dingwaga di le 15 kotsi ya gore o nne le bolwetse jwa pelo jo bo bakwang ke go se elele sentle ga madi e tla fokotsega e tshwane le ya motho yo o iseng a ko a tsamaye a goge.

O tla natefelwa ke dijo. Legano la gago, mmele wa gago le diaparo tsa gago di tla nkga botokanyana. Ga o kitla o tlhola o tshwenngwa ke go reka motsoko kana o senya madi ka gone. O tla utlwa o fitlheletse sengwe. Fa o na le bana, sekao sa gago se tla dira gore ba se ka ba goga. Go ka direga gore o tshele lobaka lo loleelenyana. Mo godimo ga moo, o tla bo o dira tumalanong le thato ya Modimo, ka gonne Baebele ya re: “A re intlafatseng teswafalo nngwe le nngwe ya nama.” (2 Bakorintha 7:1) O se ka wa tsaya gore go setse go le thari gore o ka tlogela; go molemo gore o tlogele ka bonako.

Lebaka La go Bo go Tlogela go Goga go le Thata Jaana

Ga go motlhofo go tlogela go goga—tota le mo bathong ba ba ikemiseditseng tota. Lebakalegolo ke gore nikotine e e mo motsokong ke seokobatsi se se tshwakgolang fela thata. “Fa go lejwa tsela e diokobatsi tse di berekanang le tlhaloganyo di tshwakgolang ka yone, go fitlhetswe gore nikotine e tshwakgola go gaisa heroine [le] khokeine,” go rialo WHO. Go farologana le heroine le khokeine, nikotine ga e bontshe fa e taga motho, ka jalo motho a ka e nyatsa. Le fa go ntse jalo, se e se dirang mo mothong gore a ikutlwe a itumetse thata se dira gore batho ba le bantsi ba nne ba ntse ba goga gore ba nne le maikutlo ao gangwe le gape. Gone ke boammaaruri gore nikotine e fetola tsela e o ikutlwang ka yone; e okobatsa go tlhobaela. Le fa go ntse jalo, go sa iketlang mo maikutlong go sekerete se go okobatsang, bontlhanngwe jwa gone go bakwa ke go eletsa nikotine ka boyone.

Gape go thata go tlogela go goga ka gonne go goga ke selo se motho a itlwaetsang sone. Mo godimo ga go tshwakgolwa ke nikotine, batho ba ba gogang ba tlwaela fela gore nako le nako ba nne ba tshube sekerete le go se goga. ‘Go mo mading.’ ‘Ke go tsamaisa nako,’ bangwe ba ka nna ba rialo.

Selo sa boraro se se dirang gore go nne thata go tlogela go goga ke gore motsoko o fetotswe go nna karolo ya letsatsi le letsatsi ya botshelo. Madirelo a motsoko a dirisa mo e ka nnang diranta di le dikete di le dimilione di le 37 ngwaga le ngwaga mo diphasalatsong tse di bontshang batho ba ba gogang e le batho ba ba bogegang, ba ba matlhagatlhaga, ba ba itekanetseng, e bile ba le botlhale. Gantsi ba bontshiwa ba palame pitse, ba thuma, ba tshameka thenese, kana ba dira sengwe fela se se kgatlhang. Dibaesekopo le dithulaganyo tsa thelebishene di bontsha batho ba goga—mme ga se ka metlha e leng dinokwane. Motsoko o rekisiwa semolao e bile o teng mo e ka nnang gongwe le gongwe fela. Bontsi jwa rona ga re kgakala thata le motho yo o gogang. Ga o ka ke wa tswa mo dilong tseno di sa go ama ka tsela nngwe.

Sebe sa phiri ke gore ga go na pilisi e o ka e nwang e e tla fedisang keletso ya go goga jaaka fa asprin e ka fedisa tlhogo e e opang. Gore motho a atlege mo tirong eno e e boima ya go tlogela go goga, o tshwanetse a bo a ikaeletse. Fela jaaka go fokotsa mmele, go tlhoka gore o bo o ikemiseditse tota ka lobaka lo loleele. Boikarabelo jwa go atlega bo mo magetleng a motho yo o gogang.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Go Fetoga Lekgoba O sa Le Monnye

Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa kwa United States e ne ya bontsha gore mosha a le 1 mo go ba le 4 yo o neng a leka sekerete o ne a feleletsa a tshwakgotswe ke sone. E ne e tshwana le selekanyo sa go tshwakgoga sa batho ba ba neng ba lekeletsa ka khokeine le heroine. Le mororo e le diperesente di ka nna 70 tsa batho ba basha ba ba gogang tse di ikotlhaelang gore di bo di simolotse go goga, ke ba sekae fela ba ba kgonang go tlogela go goga.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Ke Eng Se se Mo Mosing wa Sekerete?

Mosi wa sekerete o na le bokgakga, jo bo nang le dikhemikale di feta 4 000. Mo dikhemikaleng tseno, di le 43 tsa tsone go itsiwe di kgona go baka kankere. Gareng ga tsone go na le cyanide, benzene, methanol le acetylene (setukisi se se dirisiwang mo ditotšheng). Gape mosi wa sekerete o na le nitrogen oxide le carbon monoxide, tse ka bobedi e leng digase tse di botlhole. Karolo ya one e kgolo e e bogale thata ke nikotine, e e leng seokobatsi se se tshwakgolang fela thata.

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Go Thusa Moratiwa wa Gago go Tlogela go Goga

Fa o sa goge mme o itse dikotsi tsa go goga, go tshwanetse ga bo go kgoba marapo tota fa ditsala tsa gago le baratiwa ba gago ba ntse ba goga. O ka dirang go ba thusa go tlogela? Go nnela go ngongorega o sa kgaotse, go nnela go mo kopa, go mo patelela go tlogela le go mo kgala ga se gantsi di atlegang. Mme le go tlhola o nnetse go mo rerela ga go thuse. Mo boemong jwa go tlogela, motho yo o gogang a ka nna a tsaya sekerete gore a tle a kokobetse botlhoko jwa maikutlo jo mekgwa e o e dirisang eno e bo bakang. Ka jalo leka go tlhaloganya gore go thata go le kana kang go tlogela, le gore mo go ba bangwe go thata go feta mo go ba bangwe.

Ga o ka ke wa dira gore motho a tlogele go goga. Motho yo o gogang ke ene a tshwanetseng a bo a na le nonofo le tlhotlheletso mo teng ga gagwe gore a tlogele. O tshwanetse go bona ditsela tse di lorato tsa go mo kgothatsa le go mo ema nokeng mo keletsong ya gagwe ya go tlogela.

O ka dira seno jang? Ka nako e e tshwanetseng o ka nna wa bolelela motho yono gore o a mo rata o bo o mmolelele gore o tshwenyegile ka mokgwa wa gagwe wa go goga. Mo tlhalosetse gore o tla nna o le teng go mo ema nokeng mo tshwetsong le fa e le efe ya go tlogela. Mme gone ke boammaaruri gore fa o nna o dirisa mokgwa ono gantsinyana, kgabagare o tla bo o sa tlhole o fitlhelela boikaelelo jwa one e bile o sa thuse sepe.

Ke eng se o ka se dirang fa moratiwa wa gago a dira tshwetso ya go tlogela go goga? Gakologelwa gore a ka nna a nna le mathata mangwe a a tsamaisanang le go tlogela go goga a a akaretsang go serwa ke sengwe le sengwe fela le go tshwenyega thata mo maikutlong. Gape a ka nna a tshwenngwa ke go opiwa ke tlhogo le go tlhorega boroko. Gakolola moratiwa yono wa gago gore dilo tseno ke tsa nakwana fela le gore di bontsha gore mmele o fetogela kwa seemong se sesha le se se tshwanetseng. Nna motho yo o itumetseng e bile o se ka wa itlhoboga. Mo tlhalosetse gore o itumela jang go bo a tlogela. Mo lobakeng lotlhe lwa fa moratiwa wa gago a ntse a leka go tlogela go goga, mo thuse go tswa mo maemong a a ka mo gatelelang a a ka dirang gore a boele a goge gape.

Go tweng fa go ka direga gore a boele a wele mo bothateng jono gape? Leka go dira gore o se ka wa tseega maikutlo. Nna pelotlhomogi. Leba boemo joo e le selo se lo ka ithutang sengwe mo go sone loobabedi, se se ka dirang gore mo nakong e e tlang lo atlege.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Madirelo a motsoko a dirisa bokana ka diranta di le dimilione di le dikete di le 37 ngwaga le ngwaga mo phasalatsong