Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgang Tsa Thelebishene—Ke di Le Kae Tsa Tsone Tse Tota e Leng Dikgang?

Dikgang Tsa Thelebishene—Ke di Le Kae Tsa Tsone Tse Tota e Leng Dikgang?

Dikgang Tsa Thelebishene—Ke di Le Kae Tsa Tsone Tse Tota e Leng Dikgang?

Morago ga go sekaseka dikgaso di le 102 tsa dikgang tsa thelebishene go tswa mo ditoropong di le 52 tsa kwa United States go bona gore di bua ka eng le gore di neelwa jang, setlhopha sengwe se se tlhatlhobang metswedi ya dikgang se ne sa fitlhela gore ke diperesente di le 41,3 fela tsa dithulaganyo tsa dikgang tse e leng dikgang. Mme jaanong karolo e nngwe yotlhe ya dikgang e bua ka eng?

Ka kakaretso, diperesente di le 30,4 tsa nako ya dikgang tsa thelebishene ke dipapatso. Tota e bile, dingwe tsa diteishene tse go dirilweng dipatlisiso mo go tsone di dirisa nako e ntsi thata mo dipapatsong go feta mo dikgannyeng. Mo godimo ga moo, pego e e neng e sobokanya dilo tse di fitlheletsweng mo patlisisong eno e bolela gore gantsi nako ya dikgang e tletse ka dilo tse di seng botlhokwa. * Mo tlase ga setlhogo se se reng “Dilo Tse di Seng Botlhokwa,” pego eno e tsere “nako yotlhe ya kgaso e e dirisiwang ke bagasi go bua dilo fela tse di sa reng sepe, e e dirisiwang go phasalatsa le go bontsha dikgang tse di tlileng go latela, e e dirisiwang go gasa dikgang ‘tse di sa reng sepe’ kana tsa boeleele le dikgang kaga batho ba ba itsegeng,” ya e baya mo karolong e le nngwe. Sekai sa dikgang dingwe tse di seng botlhokwa ke seno: “Kgaisano e e Maswe Thata ya Baopedi,” “Mmegadikgang o Pagame Kolotsana e e Tsamayang mo Seporong, ‘e e Boitshegang, e Ntle, e e Jesang Kgakge,’” le “Batho ba Bantsi ba Reka Botoro ya Sementšhise kwa Disuphamaketeng.”

Ke dikgang dife tse tota e leng dikgang? Dilo tse di kaga tlolomolao ke tsone tse di tletseng mo dikgannyeng tsa thelebishene, di dira diperesente di le 26,9 tsa nako ya dikgang. “‘Fa e bua ka go tshololwa ga madi, ke yone e re e batlang,’ e sa ntse e le moano wa dikgang tsa thelebishene . . . Bokebekwa bo ka tswa bo fokotsegile mo United States yotlhe mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, mme e seng mo dikgannyeng tsa mo thelebisheneng.” Ka ntlha yang? Go ya ka bakwadi ba patlisiso eno, “ditiragalo tsa bokebekwa di ama maikutlo e bile ke tsone tse batho ba ratang go di utlwa thata.”

Morago fela ga bokebekwa go latela dipego kaga dikotsi tsa masetlapelo, tse di jaaka melelo, go thulana ga dikoloi, merwalela le go thunya (diperesente di le 12,2 tsa dikgang), di latelwe ke dikgang tsa motshameko (tse di dirang diperesente di le 11,4). Mme go latele dikgang tse di kaga boitekanelo (diperesente di le 10,1), puso (diperesente di le 8,7) le ikonomi (diperesente di le 8,5). Dikgang tse di jaaka tsa thuto, tikologo, botaki le saense go buiwa go le gonnye fela ka tsone (go tloga go diperesente di le 1,3 go ya go di le 3,6). Mo letlhakoreng le lengwe, dipego tsa maemo a bosa, di dira diperesente di le 10 tsa dikgang tsotlhe. Babatlisisi ba bolela jaana: “Mongwe le mongwe o rata go bua ka maemo a bosa, go akaretsa le dikgang tsa thelebishene.” Ba oketsa ka go re: “Mofuta ope fela wa maemo a bosa, a a siameng kana a a sa itumediseng, go fisa kana go le tsididi, pula e na kana e sa ne, ke dilo tse go buiwang thata ka tsone mo dikgannyeng tsa thelebishene.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, se sentle ke gore pego eno e bolela gore babegadikgang ba le bantsi le babogedi ba a bona gore go tlhokega phetogo. Le fa go ntse jalo, patlisiso eno e dumetse gore phetogo e e ntseng jalo ga e ne e diragala motlhofo ka gonne “kgwebo le bopelotshetlha ka metlha di ka nna tsa tshosetsa bobegadikgang jwa maemo a a kwa godimo.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Pego ya Not in the Public Interest—Local TV News in America ke patlisiso ya bonè e e dirwang ngwaga le ngwaga kwa nageng eo, e e tlhatlhobang se se mo dikgannyeng. E rulagantswe ke Dr. Paul Klite, Dr. Robert A. Bardwell le Jason Salzman ba Rocky Mountain Media Watch.