Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibomo Tse di Epelwang—Go Sekaseka Tshenyo ya Tsone

Dibomo Tse di Epelwang—Go Sekaseka Tshenyo ya Tsone

Dibomo Tse di Epelwang—Go Sekaseka Tshenyo ya Tsone

Ka December 26, 1993, Augusto wa dingwaga tse thataro o ne a iphokisa phefo mo tshimong nngwe e kgolo gaufi le Luanda, motsemogolo wa Angola. Ka tshoganyetso fela o ne a bona sengwe se se phatsimang fa fatshe. E re ka se ne se mo kgatlha, o ne a swetsa ka gore a se sele. E rile fela a tshikinyega bomo e e neng e epetswe foo ya thunya.

Ka ntlha ya go thunya ga bomo eno, Augusto o ne a tshwanelwa ke go kgaolwa leoto la moja. Jaanong o dingwaga di 12, mme o fetsa nako e ntsi a ntse mo setulong sa maotwana, e bile gape o foufetse.

AUGUSTO o ne a golafadiwa ke bomo e e epelwang e e diretsweng go thunya masole, e bidiwa jalo ka gonne maikaelelo a yone a magolo ke go thunya batho, e seng ditanka tsa ntwa kana dikoloi tse dingwe tsa sesole. Go fopholediwa gore go tla go fitlha jaanong mefuta e feta 350 ya dibomo tse di epelwang tse di diretsweng go thunya masole e ile ya dirwa bobotlana mo dinageng di ka nna 50. Bontsi jwa dibomo tseno di diretswe go gobatsa, e seng go bolaya. Ka ntlha yang? Ka gonne masole a a gobetseng a tlhoka thuso, mme lesole le le golafaditsweng ke bomo e e epelwang le tla dira gore masole a mangwe a nne bonya—e leng sone selo se mmaba a se batlang. Mo godimo ga moo, selelo se se botlhoko sa lesole le le gobetseng le le batlang thuso se ka dira gore masolekaene a boife thata. Ka gone, gantsi go tsewa gore dibomo tseno tse di epelwang di bereka sentle fa ba ba di thunyetsang mo go bone ba falola—le fa e ka nna ka tshoba la mogodu.

Le fa go ntse jalo, jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, bontsi jwa batho ba ba thunngwang ke dibomo tseno ke batho fela, e seng masole. Seno ga se ka metlha se diregang fela ka kotsi. Go ya ka buka ya Landmines—A Deadly Legacy, dibomo dingwe di “epelwa ka boomo gore di thunye batho ba e seng masole gore ba tswe mo mafelong a bone, gore di senye metswedi ya dijo, di dire gore go nne le batshabi ba le bantsi kana fela gore batho ba tsenwe ke poifo e kgolo.”

Fa re umaka sekai se le sengwe, mo ntweng nngwe ya Cambodia, go ne ga epelwa dibomo go dikologa melelwane ya metse ya mmaba, mme morago ga moo metse eno e ne ya thunngwa ka dikanono. E ne ya re fa baagi ba leka go tshaba ba ne ba tshabela ka tlhamalalo kwa dibomo di neng di epetswe gone. Go sa ntse go ntse jalo, fa maloko a Khmer Rouge a ne a leka go pateletsa puso gore e tshware ditherisano le one, a ne a epela dibomo mo masimong a reise, mme seno se ne sa boifisa balemi thata mme sa batla se dira gore go se tlhole go lengwa.

Se se neng sa direga kwa Somalia ka 1988 gongwe se ne se le setlhogo le go feta. E ne ya re fa motse wa Hargeysa o thunngwa ka dibomo, baagi ba koo ba ne ba patelesega go tshaba. Mme masole a ne a jala dibomo mo matlong a baagi bano ba a tlogetseng. Fa ntwa e fela, batshabi bano ba ne ba boela kwa matlong a bone, mme fa ba fitlha koo ba ne ba golafadiwa kana go bolawa ke dibomo tseno tse di neng di fitlhilwe.

Le fa go ntse jalo, ga se fela gore dibomo tse di epelwang di bolaya batho le go ba golafatsa. Akanya ka dingwe tsa dilo tse di bakwang ke dibetsa tseno tse di kotsi.

Bothata Jo di Bo Bakang mo go Tsa Ikonomi le Loago

Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Dinaga Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan o akgela jaana: “Go nna gone ga bomo e le nngwe fela e e epelwang—kana le e leng go boifa gore e gone—go ka dira gore tshimo yotlhe e se tlhole e lengwa, motse otlhe o latlhegelwe ke dilo tse o itshedisang ka tsone, go kgoreletse naga go ikaga sesha le go tlhabologa.” Ka jalo, kwa Afghanistan le kwa Cambodia, diperesente di ka nna 35 tsa naga ya teng di ne di ka lengwa fa balemirui ba ne ba sa boife go gata mmu. Bangwe ba ipeta pelo fela. Molemi mongwe wa kwa Cambodia o bolela jaana: “Ke boifa dibomo tse di epetsweng. Le fa go ntse jalo, fa ke sa ye go sega bojang le bamboo, ga re ka ke ra tshela.”

Gantsi batho ba ba falolang fa dibomo tseno di thunyetsa mo go bone ba lebana le bothata jo bogolo jwa madi. Ka sekai, mo dinageng tse di tlhabologang, ngwana yo o kgaogileng leoto a le dingwaga di le lesome a ka nna a tlhoka maoto a ka nna 15 a maitirelo mo botshelong jotlhe jwa gagwe, a ka kakaretso lengwe le lengwe la one le tla jang diranta di le 770. Ke boammaaruri gore mo bathong bangwe go ka utlwala go sa je madi a mantsi thata. Mme mo baaging ba le bantsi ba Angola, diranta di le 770 di lekana le madi a a fetang a motho a a amogelang ka dikgwedi tse tharo!

Gape akanya ka bothata jo bogolo jo di bo bakang mo loagong. Ka sekai, baagi ba kwa nageng nngwe ya Asia ba tila go itsalanya le batho ba ba kgaotsweng maoto ka ba boifa gore ba tla ba tsenya “bomadimabe.” Lenyalo e ka nna toro fela mo mothong yo o kgaotsweng leoto. “Ga ke batle go nyala,” go lela jalo monna mongwe wa kwa Angola yo leoto la gagwe le neng la tshwanelwa ke go kgaolwa fa a sena go gobadiwa ke bomo e e neng e epetswe. “Mosadi o batla monna yo o kgonang go bereka.”

Go a utlwala he, go bo batho ba le bantsi ba ba thuntsweng ke dibomo tseno ba ikutlwa e se batho ba sepe. Monna mongwe wa kwa Cambodia o bolela jaana: “Ga ke tlhole ke kgona go tlamela lelapa la me, mme seno se ntlhabisa ditlhong.” Ka dinako tse dingwe go ikutlwa jalo go ka koafatsa motho thata go feta go koafadiwa ke go kgaoga leoto. “Ke dumela gore botlhoko jo ke neng ke bo utlwa thata e ne e le jwa maikutlo,” go rialo Artur, yo o golafaditsweng ke dibomo tseno kwa Mozambique. “Gantsi ke ne ke galefisiwa fela ke fa motho a nteba. Ke ne ke akanya gore ga go tlhole go na le motho ope yo o ntlotlang le gore ga nkitla ke tlhola ke tshela botshelo jo bo tlwaelegileng gape.” *

Go Tweng ka go Epololwa ga Dibomo Tseno?

Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga dirwa maiteko a magolo thata go rotloetsa dinaga gore di thibele go dirisiwa ga dibomo tse di epelwang. Mo godimo ga moo, dipuso dingwe di setse di simolotse tiro e e kotsi ya go epolola dibomo tseno tse di setseng di epetswe. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dikgoreletsi di le mmalwa. Sengwe sa tsone ke nako. Go epolola dibomo tseno go tsaya lobaka lo loleele thata. Tota e bile batho ba ba epololang dibomo tseno ba fopholetsa gore ka kakaretso nako e e dirisiwang go epolola bomo e le nngwe e feta ga lekgolo nako e e dirisitsweng fa e ne e epelwa. Sekgoreletsi se sengwe ke madi a mantsi a a dirisiwang. Bomo e le nngwe e e epelwang e ja diranta tse di magareng ga di le 18 le 90, mme go epolola e le nngwe fela go ka ja diranta di ka nna 6 000.

Ka jalo, go lebega e kete go ka se kgonege gore dibomo tsotlhe di epololwe gotlhelele. Ka sekai, gore go epololwe dibomo tsotlhe kwa Cambodia, go tla tlhoka gore mongwe le mongwe kwa nageng eno a neele madi otlhe a gagwe mo tirong eno mo dikgweding di le mmalwa tse di latelang. Go fopholediwa gore le fa madi a ne a ka tswa a le teng, go epolola dibomo tseno tsotlhe kwa nageng eo go ka tsaya lobaka lwa dingwaga di le lekgolo. Kgang ya gore di epololwe mo lefatsheng lotlhe yone e bile e letobo le go feta. Go fopholediwa gore fa go dirisiwa boranyane jwa gompieno, go epolola dibomo tseno mo polaneteng eno go ka ja diranta di le dimilione di le dikete di le 203 mme go ka tsaya lobaka lwa dingwaga di feta di le sekete!

Ke boammaaruri gore go ile ga akantshiwa mekgwa e mesha ya go epolola dibomo tseno—go simolola ka go dirisa dintsi tse di tsentsweng dijini tse di ka dirang gore di kgone go dupelela kwa dibomo di epetsweng gone go ya go go dirisa dikoloi tse dikgolo tse di laolwang ka diradio tse di ka epololang tshimo e go jetsweng dibomo mo go yone ya diheketara di le pedi ka ura. Le fa go ntse jalo, go ka nna ga tsaya nako e telele pele mekgwa eno e ka dirisiwa ka selekanyo se segolo, mme go ka nna ga direga gore e dirisiwe fela kwa dinageng tse di humileng thata.

Ka jalo, mo mafelong a le mantsi, go dirisiwa tsela ya bogologolo ya go epolola dibomo. Motho o gopa ka mpa a tlhabatlhaba mmu o o fa pele ga gagwe ka thupa, sentimetara ka sentimetara, a di epolola mo tshimong ya disekweremetara di le 20 go ya go di le 50 ka letsatsi. A go kotsi? Ee! Mo dibomong dingwe le dingwe di le 5 000 tse di epololwang, go swa motho a le mongwe yo o di epololang mme go gobale ba babedi.

Maiteko a go Kopana go Lwantsha Dibomo Tse di Epelwang

Ka December 1997, baemedi go tswa kwa dinageng di le mmalwa ba ne ba saena Tumalano ya go Kgaotsa go Dirisa, go Kokoanya, go Dira le go Romela Dibomo Tse di Epelwang Tse di Diretsweng go Thunya Masole le ya go Senngwa ga Tsone, e gape e itsegeng e le kgolagano ya Ottawa. Tonakgolo ya Canada e bong Jean Chrétien o bolela jaana: “Selo seno se se fitlheletsweng ga se ise se ko se fitlhelelwe kana ga nna le sengwe sa go tshwana le sone mo thulaganyong ya ditšhabatšhaba ya go baya marumo fatshe kana mo molaong wa ditšhabatšhaba wa go direla batho ba bangwe molemo.” * Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang dinaga di le 60—go akaretsa le dingwe tsa dinaga tse di dirang dibomo tseno ka bontsi go gaisa tsotlhe mo lefatsheng—ga di ise di saene tumalano eno.

A tumalano eno ya Ottawa e tla atlega mo go fediseng sebetso seno sa dibomo tse di epelwang? Gongwe go ka nna jalo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba a belaela. Mothusamotsamaisi mongwe wa Handicap International, kwa Fora, e bong Claude Simonnot o tlhalosa jaana: “Tota le fa dinaga tsotlhe tsa lefatshe di ne di ka dira dilo go ya ka dithulaganyo tsa Ottawa, seno e ne e tla nna masimologo fela mo go namoleng polanete eno mo dikotsing tsotlhe tse di bakwang ke dibomo tse di epelwang.” Ka ntlha yang? Simonnot a re: “Go sa ntse go na le dimilione tsa dibomo tse di epelwang tse di fitlhilweng mo mmung, di letile ka bopelotelele go phamphamolola batho nako nngwe mo isagweng.”

Rahisitori wa sesole e bong John Keegan o ntsha lebaka le lengwe. A re ntwa “e fitlhelela mo mafelong a a fitlhegileng thata a pelo ya motho, . . . mo boikgodiso bo renang gone, mo maikutlo a laolang gone, mo nonofo ya tlholego e busang gone.” Ditumalano ga di ka ke tsa fetola mekgwa e e tseneletseng kwa tengteng e batho ba nang le yone e e jaaka letlhoo le bopelotshetlha. Le fa go ntse jalo, a seno se bolela gore batho ba tla nna ba thuntshiwa ke dibomo tseno tse di epelwang mme ba sa bone thuso epe?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le ka fa motho a ka dirisanang ka gone le go kgaoga leoto kana letsogo, bona metseletsele ya ditlhogo tse di reng “Tsholofelo Ka ba Ba Golafetseng,” tse di tlhagang mo ditsebeng 3-10 tsa makasine wa Tsogang! ya June 8, 1999.

^ ser. 20 Tumalano eno e ne ya simolola go dirisiwa ka March 1, 1999. Ka January 6, 2000, e ne e setse e saenilwe ke dinaga di le 137 mme ya tlhomamisiwa ke di le 90 tsa tsone.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A ke Go Dira Madi Gabedi?

Molaomotheo wa konokono wa kgwebo ke gore dikhampani di tshwanetse go sikara maikarabelo fa dilo tse di di tlhagisang di nna kotsi. Ka jalo, Lou McGrath, wa Setlhopha sa Bagakolodi ba Dibomo Tse di Epelwang, o bolela gore dikhampani tse di boneng dipoelo ka go dira dibomo tseno tse di epelwang di tshwanetse go patelediwa go duela madi a go baakanya tshenyo e dibomo tseno di e bakileng. Le fa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore bontsi jwa dikhampani tse di dirang dibomo tseno ke tsone gape tse di ileng tsa bona dipoelo mo tirong ya go di epolola. Ka sekai, go begwa gore khampani nngwe ya kwa Jeremane e pele e neng e dira dibomo tse di epelwang e ne ya bona tumalano ya diranta di le dimilione di le 600 ya go epolola dibomo kwa Kuwait. Mme kwa Mozambique tumalano ya diranta di le dimilione di le 46 ya gore go ntshiwe dibomo tseno mo mebileng e megolo e ne ya bonwa ke dikhampani tse tharo tse di neng di itirile seoposengwe—tse pedi tsa tsone e le tsone tse di dirileng dibomo tseno.

Batho bangwe ba na le boikutlo jwa gore ga go a siama le e seng gore dikhampani tse di dirang dibomo tse di epelwang e nne tsone gape tse di bonang madi ka go di epolola. Ba bolela gore, seno ka tsela nngwe se bolela gore dikhampani tse di dirang dibomo tse di epelwang di dira madi gabedi. Le fa go ntse jalo, go dirwa ga dibomo tseno le go epololwa ga tsone ke dikgwebo tse di ntseng di atlega go ya pele.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Palogare ya dibomo tse di epelwang mo disekwerekilometareng dingwe le dingwe di le 2,5 kwa dinageng tse robongwe tse dibomo tseno di epetsweng ka bontsi kwa go tsone

BOSNIA le HERZEGOVINA 152

CAMBODIA 143

CROATIA 137

EGEPETO 60

IRAQ 59

AFGHANISTAN 40

ANGOLA 31

IRAN 25

RWANDA 25

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: United Nations Department of Humanitarian Affairs, 1996

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Kwa Cambodia, dipampiri tsa phasalatso le matshwao a a bonalang sentle a tlhagisa batho ka dibomo tse di epelwang

Mo dibomong dingwe le dingwe di le 5 000 tse di epelwang go swa motho a le mongwe yo o di epololang mme go gobale ba babedi

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Background: © ICRC/Paul Grabhorn

© ICRC/Till Mayer

© ICRC/Philippe Dutoit