Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

AIDS mo Afrika—Tsholofelo ke Efe mo Mileniamong o Mosha?

AIDS mo Afrika—Tsholofelo ke Efe mo Mileniamong o Mosha?

AIDS mo Afrika—Tsholofelo ke Efe mo Mileniamong o Mosha?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA ZAMBIA

KA September yo o fetileng baemedi go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Afrika ba ne ba kokoana kwa Lusaka, kwa Zambia, go tshwara Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Bo11 e e Kaga AIDS le Malwetse a a Tshelanwang ka Tlhakanelodikobo mo Afrika. Boikaelelo bongwe jwa khonferense eno e ne e le go kgothaletsa tirisanommogo mo dikgaolong tsotlhe fa go arabelwa potso eno, Re ka lwantsha jang go anama ga AIDS mo Afrika?

Porofesa Nkandu Luo, yo ka nako eo e neng e le tona ya tsa boitekanelo kwa Zambia, o ne a bolela gore boemo mo Afrika le kwa dikarolong tse dingwe tse di tlhabologang tsa lefatshe bo “masisi thata,” a oketsa ka gore bo “emisa le e leng go busetsa morago dikgato tse dikgolo tse di tserweng mo botsogong le mo dikarolong tse dingwe tsa setšhaba le tsa ikonomi.”

Simphosiamo se se neng se tlhalosa ka pabalesego ya madi se ne sa dumela gore AIDS e ile ya fetisediwa kwa bathong ba bangwe ka go tshelwa madi. Ngaka nngwe yo e leng moemedi wa Blood Safety Unit ya World Health Organization, o ne a supa gore le fa go tlhakanela dikobo le motho yo o tshwaeditsweng e se ka metlha go tshwaetsang motho ka mogare wa HIV, motho yo o tshelwang madi a a tshwaeditsweng ke AIDS o tla tshwaediwa—ka metlha! Go a utlwala he, go bo ngaka eno e ne ya bolela gore mo kgannyeng e e ntseng jalo, “se se bolokesegileng thata ke gore motho a se ka a tshelwa madi gotlhelele.”

Khonferense eno e ne ya gatelela gore ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata tsa kalafi di dira gore go nne thata kana tota e bile go se kgonege gore batho ba ba tshwerweng ke AIDS ba duelele kalafi. Ka sekai, ka kakaretso, moagi wa kwa Uganda yo o nnang kwa toropong o amogela mo e ka nnang diranta di le 1 200 ka kgwedi. Mme kalafi e mo go yone go dirisiwang dithibelamegare e ka ja madi a ka nna diranta di le 6 000 ka kgwedi!

Khonferense ya kwa Lusaka e ne ya supa gore tshimologo ya mileniamo o mosha ga e kitla e tlisa tharabololo ya ka bonako mo go anameng ga AIDS. Le fa go ntse jalo, diithuti tsa Baebele di lemoga gore kgabagare tharabololo ya malwetse otlhe e ikaegile ka Mmopi e bong Jehofa Modimo, yo o solofetsang gore mo lefatsheng la gagwe le lesha “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24NW.

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Porofesa Nkandu Luo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph by permission of E. Mwanaleza, Times of Zambia