Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Bona Kae Thuto e e Molemo go di Gaisa Tsotlhe?

O ka Bona Kae Thuto e e Molemo go di Gaisa Tsotlhe?

O ka Bona Kae Thuto e e Molemo go di Gaisa Tsotlhe?

“Fela jaaka tiro ya go betla maje e ka dira gore leje la mmabole le nne le popego e ntle, thuto le yone e ka bopa motho.”—Joseph Addison, 1711.

A O KILE wa tsena sekolo? Batho ba le bantsi ba ka araba ka gore, ee—mme ga se mongwe le mongwe yo a ka arabang jalo. Jaaka re tsena mo lekgolong la bo21 la dingwaga, bana ba le dimilione di se kana ka sepe ga ba tsene sekolo ka metlha. Seno ga se bolo go direga ka nako e telele, mo e leng gore gompieno mo e ka nnang bagolo ba le dimilione di le sekete ga ba itse go bala le go kwala.

Le fa go ntse jalo, thutego ke selo sa botlhokwa se motho a se tlhokang. Gompieno batho ba le bantsi ga ba e lebe jaaka selo sa maemo a a kwa godimo se motho a ka se kang a kgona go se fitlhelela, go na le moo ba e leba jaaka tshwanelo ya bana mmogo le ya bagolo. Le fa go ntse jalo, batho ba ka bona jang thuto e e molemo fa go se na didirisiwa tse di siameng? Go tweng fa e le gore ga go na dibuka tse di lekaneng, mme barutabana ba ba tshwanelegang ba tlhaela, e bile go se na le dikolo tse di lekaneng?

Eleruri, batho ba ka bona kae thuto ya maemo a a kwa godimo e e kgothaletsang mongwe le mongwe go nna le seabe mo go yone, e e godisang kitso ya bone ya lefatshe le le ba dikologileng, le e e ba nayang dinonofo tsa semoya tse di ka fetolang matshelo a bone? Ke thuto efe e e gatelelang botlhokwa jwa go nna le maitsholo a a siameng, e e bontshang kafa motho a ka tokafatsang botshelo jwa gagwe ka teng, le e e nayang motho tsholofelo e e nitameng ya isagwe? A ruri motho mongwe le mongwe a ka kgona go bona thuto e e ntseng jalo?

Kwa Thuto e e Molemo go di Gaisa Tsotlhe e ka Bonwang Gone

Le fa go lebega go ka nna ga gakgamatsa, re ka araba re tlhomamisegile re re ee, batho botlhe ba ka kgona go bona thuto eno ya maemo a a kwa godimo. Go ntse jalo ka gonne go na le sedirisiwa sengwe se se nonofileng se se dirisediwang go ruta se se ka nayang batho thuto eno. Ke “bukathuto” e e sa bolong go nna teng, e feletse kana e le bontlhanngwe fela jwa yone, e e gatisitsweng ka dipuo di feta 2 200 tsa lefatshe. Selo se se botlhokwa ke gore motho mongwe le mongwe mo lefatsheng a ka kgona go nna le yone ka puo e a kgonang go e tlhaloganya. Ke buka efe eno?

Ke Baebele, buka e gongwe le gongwe e bolelwang e le e e botlhokwa go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa kwalwa. Mokanoki mongwe wa nako ya fa lekgolo la bo20 la dingwaga le ne le simolola e bong William Lyon Phelps, o ne a kwala jaana: “Motho mongwe le mongwe yo o itseng Baebele sentle ruri a ka nna a bidiwa gore ke morutegi. Ga go thuto kana setso sepe fela se sengwe, le fa se ka tswa se aname kana se kgatlha thata jang, se se ka . . . tshwanang kgo le yone.”

Baebele e dirilwe ka dibuka di le mmalwa tse di neng tsa kwalwa mo lobakeng lo lo fetang lwa dingwaga di ka nna 1 600. Phelps o ne a oketsa jaana fa a ne a bua ka laeborari eno e e botlhokwa ya dibuka: “Megopolo ya rona, botlhale jwa rona, filosofi ya rona, dibuka tsa rona, botswerere jwa rona, maikaelelo a rona, di tswa thata mo Baebeleng go na le mo dibukeng tse dingwe tsotlhe di kopantswe mmogo. . . . Ke dumela gore go nna le kitso ya Baebele o sa rutwa thuto nngwe kwa kholetšheng go botlhokwa thata go gaisa go rutwa thuto nngwe kwa kholetšheng mme o se na kitso ya Baebele.”

Gompieno tiro e kgolo thata ya go ruta e e theilweng mo Baebeleng e dirwa mo lefatsheng lotlhe ke Bakeresete ba Basupi ba ga Jehofa. Thuto eno ga e felele fela ka go ruta batho go bala le go kwala. E tokafatsa bokgoni jwa batho jwa go akanya mmogo le maitsholo a bone. E ama tsela e batho ba lebang isagwe ka yone sentle, mme e ba naya lebaka la tsholofelo e e tlhomameng ya gore dilo tse di sa ntseng di tlile go direga di tlile go nna botoka thata go gaisa tsa maloba.

Tsweetswee ithute ka thulaganyo eno ya thuto e e nayang botshelo ka go bala setlhogo se se latelang.