Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A “Go Nna le Bodumedi Jwa Gago ka Namana” ke Yone Tharabololo?

A “Go Nna le Bodumedi Jwa Gago ka Namana” ke Yone Tharabololo?

A “Go Nna le Bodumedi Jwa Gago ka Namana” ke Yone Tharabololo?

FA BODUMEDI JO BO RULAGANTSWENG bo ntse bo latlhegelwa ke batho ba le bantsi, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba itlhamela bodumedi jwa bone ka namana. Le fa go ntse jalo, re ipotsa gore, A tota go dira jalo go ka naya motho dilo tse a di tlhokang semoyeng? A “go nna le bodumedi jwa gago ka namana” ke yone tharabololo?

Go araba dipotso tseno, sa ntlha re ka nna ra sekaseka gore fa motho a na le bodumedi jwa gagwe ka namana, a bo ka fitlhelwa bo kgotsofatsa fa re bo sekaseka re dirisa “maatla [a rona] a go akanya,” nngwe ya dimpho tse dikgolo tse batho ba nang le tsone.—Baroma 12:1.

Motho yo o akanyang sentle ga a dumalane le se se ikganetsang. Le fa go ntse jalo, mo patlisisong nngwe ya bodumedi kwa Sweden, go ne ga konelwa ka gore gantsi batho, “go na le gore ba akanyetse kgang kwa teng, ba kopanya difilosofi tse di farologaneng tsa botshelo (gongwe e bile e le tse di ikganetsang) le difilosofi tsa bone.”

Ka sekai, diperesente di le pedi fela tsa batho ba ba ipolelang gore ke “Bakeresete ka tsela ya bone” ba umaka Jesu jaaka motho wa hisitori. Le fa go ntse jalo, ba ne ba umaka makgetlho a le mmalwa gore ba dumela mo go tsalweng o le setshedi se sesha. Mme gone a ga se selo se se sa tlhomamang go ipolela gore o molatedi wa ga Jesu Keresete le mororo o ntse o tlhokomologa botshelo le dithuto tsa gagwe—e bile o ntse o amogela dithuto tse gotlhelele di sa dumalaneng le tsa ga Keresete? *

Maatla a rona a go akanya le one a gana go amogela dilo tse go lebegang go se na tsholofelo epe ka tsone e bile di ka se ka tsa kgona go tlhalosiwa. Lefa go ntse jalo, fa batho bangwe ba ne ba bodiwa gore a ba dumela mo “Modimong kgotsa mo maatleng a bomodimo,” bontsi jwa bone ba ne ba araba ka gore “Sengwe” sa mofuta oo se ka tswa se le teng. Mongwe wa bone o ne a re: “Ke dumela mo sengweng se se nang le maatla a a fetang a motho mme seno ga se reye gore ke dumela mo Modimong.” Ba ba neng ba dumela mo Modimong ba ne ba akanya gore “ga a nna le seabe sepe se se kalo mo botshelong jwa bone.” Ka jalo pego eno e ne ya tlhalosa kgang ya go nna le bodumedi jwa gago ka namana e re ke “dikgopolo tse di tlhakatlhakaneng tse di sa rulaganang,” mme e ne ya konela ka go nopola nngwe ya dikarabo tse ba bantsi ba di ntshang: “Ke dumela mo sengweng, mme ga ke tlhomamisege gore ke eng.”

Patlisiso nngwe e e malebana le go nna le bodumedi jwa gago ka namana kwa Canada e ne ya felela ka tsela e e tshwanang. Makasine wa Alberta Report o akgela jaana: “Jaanong re bona batho ba le bantsi ba dumela mo go sengwe le sengwe fela se motho a ka se akanyang, mme tsotlhe ga di utlwale. Mme fa re leka go sekaseka gore a ditumelo tseno di na le kaelo nngwe mo matshelong a bone, tota ga e yo. Ga go na kaelo epe ya boitsholo. Ka jalo tota ga bo na mosola ope.” Makasine ono o ne wa bua ka “modimo o o makgaoganyane” ka gonne ba ba amogelang ditumelo tse di ntseng jalo ba “tshwara kwa le kwa mo tumelong eo ya bone.” A o akanya gore go a utlwala go thaya se o se dumelang—tota le tsholofelo e o nang le yone ka isagwe—mo dikgopolong tse di sa utlwaleng, tse di sa tlhatsweng pelo, tse di makgaoganyane?

Re Tlhoka go Kopana Mmogo le ba Bangwe

Badumedi ga ba bolo go rata go kopana mmogo le ba bangwe, le go rata bokaulengwe le kutlwano. (Ditiro 2:42, 46) Mme e re ka go nna le bodumedi jwa gago ka namana, e le bodumedi jwa gago o le esi—bo ka dira jang gore o kgone go kopana mmogo le ba bangwe?

A bodumedi jwa motho ka namana, jo mo go jone “motho a nang le kereke ya gagwe,” ga bo ntsifatse le go baka dikgaogano tsa bodumedi mo bathong? Alberta Report e ne ya akgela jaana, “Jaanong bodumedi ke kgang ya botho . . . , mme ka jalo re fetogile lefatshe le le nang le ditumelo tsa motheo di se makgolo a le mmalwa fela, mme re fetogile le le nang le ditumelo di le dimilione di le mmalwa.” Ka jalo, ga go gakgamatse gore bodumedi jwa motho ka namana bo tlhalosiwa e le mofuta mongwe wa tlhakatlhakano ya semoya.

Gotweng ka Melaometheo?

Bishopo wa kwa Sweden, Martin Lönnebo o ne a tlhalosa jaana fa a ne a botsolodiwa ke lokwalodikgang lwa Svenska Dagbladet, “bodumedi jwa motho ka namana ga bo ka ke jwa tokafatsa motlha wa rona, e bile bo palelwa ke go fetisetsa melaometheo ya jone mo motlheng o mosha.” Boikutlo jo batsadi ba kwa Sweden ba nang le jone malebana le go godisa bana bo netefatsa kgopolo eo. Svenska Dagbladet e sobokanya boikutlo jono jaana: “Dumela se o batlang go se dumela! Mme o se ka wa pateletsa bana ba gago go dira tshwetso. Ba letle go itlhophela fa ba setse ba godile.”

Lokwalodikgang loo lo ne lwa dumela gore go ruta bana melaometheo ya bodumedi go ka tsewa e le go ba pateletsa selo se ba sa se batleng. Le fa go ntse jalo, lokwalodikgang loo lo ne lwa konela jaana: “Go ruta bana melaometheo ya bodumedi jalo, e ka nna selo se se molemo e bile e ka nna ya nna yone fela tsela ya gore . . . ba itirele ditshwetso.” Eleruri, mathata a basha ba nang le one a bontsha gore go nna le bodumedi jwa motho ka namana go paletswe ke go kopanya malapa go dirisiwa melaometheo e e ka fetisediwang kwa dikokomaneng ka go latelana ga tsone.

Ka jalo go bonala bodumedi jwa motho ka namana bo se na dikarabo tse di ikanyegang, tse di tlhomameng ka dipotso tsa botshelo, e bile bo sa kgone go kopanya batho kgotsa go kaela batho mo go tsa boitsholo. Setlhogo se se fetileng se se nopotsweng mo go Svenska Dagbladet se ne sa bua jaana ka bodumedi jwa motho ka namana: “Fa ‘tumelo’ e na le sengwe le sengwe, tota ga e na sepe. Mme fa kgololesego e sa tlhoke go tlhalosiwa, e a koafala.”

Go phepafetse gore bodumedi jwa motho ka namana ga bo kgone go naya batho dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Tota motho o ka solofela jang go nna le tsone ka go tlhopha ditumelo mo dingwaong tse di farologaneng jaaka e kete o tlhopha dijo tse di monate go gaisa mo tafoleng ya dijo? Gape go lebega go phepafetse gore bodumedi jo bo rulagantsweng bo paletswe ke go di ba naya. Re ka di bona kae he?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Jesu ga a ka a ruta gore baswi ba tsalwa e le ditshedi tse disha. Go na le moo, o ne a ruta gore baswi ga ba yo, ba robetse boroko jo bogolo ba letetse tsogo ya mo nakong e e tlang.—Johane 5:28, 29; 11:11-14.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

A re tshwanetse go leba bodumedi e le tafole e e tletseng dijo, e re itlhophelang ditumelo tse di re kgatlhang mo go yone?