Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela e e Molemolemo ya go Bona Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

Tsela e e Molemolemo ya go Bona Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

Tsela e e Molemolemo ya go Bona Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

KE KA NTLHA YANG FA BATHO ba tlhoka bodumedi? Bangwe ba ka nna ba bolela gore batho ba leba kwa dilong tsa semoya e le gore ba bone polokesego mo lefatsheng le le sa bolokesegang. Mme go akaretsa se se fetang seo. Setlhogo sengwe mo lokwalopakeng lwa American Sociological Review se ne sa bolela jaana: “Go tlhoka polokesego ga se sone fela selo se se gogelang batho mo bodumeding. Batho ga ba bolo go batla dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le: Re tswa kae? Re ya kae? Ke ka ntlha yang fa re le fano?”

Kwantle ga pelaelo o tla dumela gore tseo ke dipotso tse di botlhokwa thata. E re ka di le botlhokwa thata, a ga di tlhoke dikarabo tse di ka ikanngwang? Dipotso tse di ntseng jalo di botlhokwa thata, e bile di thata gore di ka arabiwa fela ka go tlhopha ditumelo tsa bodumedi go tswa mo dingwaong tse di farologaneng ka gonne di re kgatlha. Fa e le gore re batla go bona dikarabo tse di boammaaruri tse di ka ikanngwang tsa dipotso tse di thata tsa botshelo, eleruri re tlhoka tsela e e botoka ya go di bona.

A go na le sengwe se se botoka? Ferrar Fenton, moranodi mongwe wa Baebele, o ne a bua sengwe se se tlhomologileng ka buka eo. O ne a e bitsa “selotlolo se le sengwe fela se se lotlololelang Batho Masaitsiweng a Lobopo le Masaitsiweng a a Dirang Gore Batho ba Itlhaloganye.” Ee, Baebele e araba dipotso tsa nako e e fetileng, ya gompieno le e e tlang. E re bolelela gore re tswa kae, ke ka ntlha yang fa re le fano le kafa re ka bonang boitumelo ka gone le se isagwe e re tsholetseng sone. Ga go na buka epe mo hisitoring e e ileng ya nna le tlhotlheletso e kgolo jaaka Baebele; e bile ga go na buka epe e e kileng ya falola ditlhaselo tse dintsi jalo tse di botlhoko. Ke ka ntlha yang he fa batho ba le bantsi jaana ba sa tseye tsia buka eno e e tlhomologileng fa ba batla dikarabo tsa dipotso ka botshelo?

Batho ba le bantsi ga ba a ipha nako ya gore ba sekaseke kafa Baebele le dikereke tse ba di itseng di farologanang thata ka gone. Ba bone kafa ba ba bidiwang Bakeresete ba bolaanang ka teng ka leina la Modimo. Jaaka The Guardian e bolela, ba le bantsi ba ne ba ngongorega gore “mo malatsing a segompieno baruti ba kgatlhegela thata go kgobokanya madi go na le go ba direla loeto lwa bodisa.” Ba akanya gore gongwe Baebele e letla boitsholo jo bo ntseng jalo kgotsa e a bo buelela. Boammaaruri ke gore, Baebele e laela Bakeresete gore “ba ratane” mme e bolelela bao ba rerang lefoko jaana, “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” (Johane 13:34; Mathaio 10:8) A mme go siame go atlhola Baebele ka ditiro tsa batho ba ba bolelang gore ba a e tlotla mme ba sa e latele?

Ba le bantsi ba dumela gore Baebele ga e tsamaisane le saense, e a ikganetsa e bile ke buka ya bogologolo. Mme re bona se se farologaneng fa re e sekaseka ka botlalo. Ke boammaaruri gore Baebele ga se buka ya saense. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua boammaaruri fa go direga gore e umake dikgang tse di amanang le saense—tse di tshwanang le thulaganyo e dilo tse di tshelang di nnileng gone ka yone mo lefatsheng, sebopego sa lefatshe kgotsa tsela e malwetse a a tshelanwang a tshwanetseng go tshwarwa ka yone. Mo letlhakoreng le lengwe, e bua ka dilo dingwe tse di sa leng di kwalwa makgolokgolo a dingwaga pele saense e itse ka tsone. Mme le fa Baebele e na le dibuka di le 66 tse di kwadilweng mo lobakeng lwa dingwaga di le 1 600, tsotlhe di a dumalana. Mo godimo ga moo, Baebele e itse go le gontsi thata ka motho mo go e dirang gore e nne e ntse e le mo nakong gompieno.

Buka e e tlhomologileng eno e bua sengwe se se botlhokwa thata ka go obamela Modimo. E re bolelela gore re tshwanetse go obamela Modimo, e seng ka tsela ya batho, mme ka tsela ya Modimo. (Johane 5:30; Jakobe 4:13-15; 2 Petere 1:21) Mme ke batho ba le mmalwa fela ba ba amogetseng le go latela molaomotheo oo. Go tswa mo dinakong tsa bogologolo, batho ba dirile gore madumedi a dumalane le maikaelelo a bone. Re bona seno fa batho ba betla medimo ya bone ka dikgong le go e obamela. Re bona seno fa ditheo tsa bodumedi di ruta dithuto tse di di tlhamileng. A gape ga go jalo le ka batho ba ba itirelang bodumedi jwa bone ka namana gore bo dumalane le dilo tse ba di batlang?

Akanya ka tsela e nngwe. Ke ka ntlha yang fa o sa dire jaaka moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States a ne a dira? Ka tsela e e tshwanang le e a neng a tshwara dikgetsi ka yone kwa kgotlatshekelo, o ne a tlhotlhomisa ka tsela e e siameng dilo tse di boammaaruri le tse di seng boammaaruri ka Baebele. Ka diphelelo dife? O ne a bolela jaana: “Ke swetsa ka go re Baebele ke buka e e di fetang tsotlhe, le gore e tswa kwa Modimong.”

Wena o ka e tlhatlhoba jang ka tsela e e tshwanang? Re akantsha gore o leke go ithuta Baebele ka metlha, o sekaseka gore e araba jang dipotso tse di boditsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang dimilione di le thataro mo dinageng di le 235, ba ba ithutileng jalo. Ba dirisa nako ya bone go bolelela ba bangwe ka se ba se ithutileng. Thuto ya Baebele ya legae e ba e tshwarelang batho mahala e thusitse dimilione go bona tumelo e e nnelang ruri kgotsa e e sa yeng ka se motho a se ratang. Bokeresete jwa boammaaruri, jo bo itshekileng jo bo leng mo Baebeleng ga se bodumedi fela jo bongwe. Bo emela boammaaruri ka Modimo le maikaelelo a gagwe. Ka jalo ke ka ntlha yang fa re kgotsofalela sengwe sa boleng jo bo kwa tlase ga se re se batlang?—Johane 17:17.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Tsela e e molemolemo ya go bona dilo tse o di tlhokang semoyeng ke go ithuta ka Modimo go tswa mo Baebeleng le go kopanela le baobamedi ba boammaaruri