Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditshwantsho Tse di Hepisang—A ke Boitlosobodutu Fela jo bo Seng Kotsi?

Ditshwantsho Tse di Hepisang—A ke Boitlosobodutu Fela jo bo Seng Kotsi?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Ditshwantsho Tse di Hepisang—A ke Boitlosobodutu Fela jo bo Seng Kotsi?

FA BAITHUTAMAROPE ba motlha wa Victoria ba ne ba simolola go epolola marope a bogologolo a motse wa Pompeii, ba ne ba garolwa dipelo ke se ba neng ba se ribolola. Mo gare ga ditshwantsho tse ba neng ba di ribolola ba ne ba fitlhela go tletsetletse ditshwantsho tse di hepisang tse di takilweng le tse di betlilweng. E re ka balaodi ba ne ba tshositswe ke ditshwantsho tseno tse di maswe, ba ne ba di boloka mo dimusiamong tse di neng di fitlhegile. Ba ne ba tlhama lereo “pornography [ditshwantsho tse di hepisang]”—go tswa mo mafokong a Segerika pornē le graphos a a kayang “go kwala ka diaka”—go tlhalosa ditshwantsho tseno tse di takilweng tse di hepisang. Gompieno ditshwantsho tseno tse di hepisang di tlhalosiwa e le “ditshwantsho tse di tlhagisang boitshwaro jo bo maswe mo dibukeng, mo dinepeng, mo difikantsweng, mo difiliming, jalo le jalo, tse boikaelelo jwa tsone e leng go tsosa keletso ya motho ya tlhakanelodikobo.”

Malatsi ano ditshwantsho tse di hepisang di aname mme go bonala batho ba le bantsi gompieno ba sa bone molato ope ka tsone. Le fa pele di ne di bonwa fela mo mafelong a difilimi tsa boitsholo jo bo maswe le mo mafelong a diaka, jaanong di bonwa ka bontsi mo metseng e le mentsi. Kwa United States fela, ditshwantsho tse di hepisang di dira madi a a fetang didolara di le masome a a dimilione di le dikete (diranta di le dimilione di le dikete tse 114) ka ngwaga!

Batho bangwe ba ba buelelang ditshwantsho tse di hepisang ba re di natetsha lenyalo le le sa itumediseng. Mokwadi mongwe a re: “Di dira gore motho a jese mogopolo monate. Di neela batho ditaelo tse di ka ba thusang go itumelela tlhakanelodikobo.” Ba bangwe ba re di dira gore batho ba se ka ba tshaba go tlotla ka tlhakanelodikobo. Wendy McElroy yo e leng mokwadi a re: “Ditshwantsho tse di hepisang di solegela basadi molemo.”

Mme ga se batho botlhe ba ba dumalanang le seo. Gantsi ditshwantsho tse di hepisang di ile tsa amanngwa le matswela le maikutlo a le mantsi a a sa siamang. Bangwe ba amanya ditshwantsho tse di hepisang le petelelo le mefuta e mengwe ya tirisodikgoka mo basading le mo baneng. Mmolai yo o itsegeng ka go bolaya batho ka go latelana a dirisa mokgwa o le mongwe fela e leng Ted Bundy o dumela gore o ne a na le “keletso e kgolo ya ditshwantsho tse di hepisang tse di nang le thubakanyo.” A re: “Boemo jono ga o kgone go bo lemoga ka bonako kana go bo tsaya e le bathata jo bo masisi. . . . Mme go kgatlhegela seno . . . go gogela kwa goreng motho a dire dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo e e akaretsang thubakanyo. Ke batla go gatelela thata gore keletso eno e nna gone ka iketlo. Ga se selo se se nnang gone mo nakong e e khutshwane fela.”

Ka ntlha ya go ganetsana go go sa feleng ka ditshwantsho tse di hepisang le go anama ga dilo tse di di bontshang gompieno, o ka tswa o ipotsa gore, ‘Baebele ya reng ka ga kgang eno?’

Baebele e Bua ka Tlhakanelodikobo e sa Fitlhe Sepe

Mo Baebeleng, go buiwa ka tlhakanelodikobo go sa fitlhwe sepe. (Duteronome 24:5; 1 Bakorintha 7:3, 4) Solomone o ne a gakolola jaana: “Ipele le mosadi wa bosha jwa gago . . . a mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha.” (Diane 5:18, 19) E neela kgakololo e e tlhamaletseng ka tlhakanelodikobo, go akaretsa le ditaelo tse di lekanyetsang kafa e tshwanetseng go dirwa ka gone. E iletsa batho ba ba sa nyalanang go tlhakanela dikobo. E iletsa le mekgwa yotlhe e e leswe ya tlhakanelodikobo.—Lefitiko 18:22, 23; 1 Bakorintha 6:9; Bagalatia 5:19.

Tota le batho ba ba nyalaneng ba tshwanetse go nna boikgapo le go tlotlana. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Bahebera 13:4) Kgakololo eno e farologana thata le se ditshwantsho tse di hepisang di se rotloetsang.

Ditshwantsho Tseno di Sokamisa Tlhakanelodikobo

Ditshwantsho tse di hepisang di nyenyefatsa tlhakanelodikobo le go e sokamisa, go na le go e tlhagisa e le tsela e e molemo le e e itumedisang e monna le mosadi ba bontshanang lorato mo lenyalong ka yone. Di tlhagisa go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe e le selo se se itumedisang le se se se nang molato. Di rotloetsa maikutlo a go ikgotsofatsa o sa akanyetse motho yo mongwe.

Di dira gore banna, basadi le bana ba tsewe e le dilo fela tsa go kgotsofatsa keletso ya tlhakanelodikobo. Pego nngwe e bolela jaana: “Bontle bo lekanyediwa ka gore mmele wa motho o bopegile jang, mme seno se dira gore batho ba solofele dilo tse di feteletseng.” Pego e nngwe ya re: “Go tlhagisa basadi e le didirisiwa fela tsa tlhakanelodikobo, e le batho ba ba agang ba letetse gore banna ba ba dirise go ikgotsofatsa, e bile ba duelelwa go ikapola gore ba tlose banna bodutu, go dira gore basadi ba tlhaolwe, ba se tsewe jaaka batho le go se tlotlwe.”

Paulo o ne a kwala sengwe se se farologaneng thata le seo fa a ne a re lorato “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela.” (1 Bakorintha 13:5) Baebele e kgothaletsa banna go “rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone,” le go “ba naya tlotlo,” e seng go ba tsaya e le dilo fela tsa go ikgotsofatsa. (Baefeso 5:28; 1 Petere 3:7) A ruri go ka twe motho ope fela yo o nnelang go lebelela ditshwantsho tse di maswe tsa tlhakanelodikobo tsa batho ba bangwe o itshwere ka tsela e e tshwanetseng? A tota motho yoo o bontsha tlotlo? Ditshwantsho tse di hepisang ga di rotloetse lorato, go na le moo di rotloetsa boithati le bogagapa.

Go na le sengwe gape ka ditshwantsho tseno. Fela jaaka go ntse ka dilo tse dingwe tse di sa siamang, dilo tse kwa tshimologong di dirang gore batho ba nne le maikutlo a tlhakanelodikobo fa nako e ntse e ya ga di tlhole di ba dira sepe. Mokwadi mongwe a re: “Kgabagare [batho ba ba lebang ditshwantsho tse di hepisang] ba batla tse di maswe le go feta . . . Ba ka nna ba pateletsa baratiwa ba bone go tlhakanela dikobo le bone ka ditsela tse di maswe . . . , ba senya tsela e bone [ka bobone] ba bontshang lorato lwa boammaaruri ka gone.” A seo ke monate fela o o sa reng sepe? Mme go na le lebaka le lengwe gape la go tila ditshwantsho tse di hepisang.

Se Baebele e se Buang ka Kgotelo

Le fa gompieno batho ba le bantsi ba sa bone go le phoso kana go le kotsi go ijesa monate ka dikakanyo tsa tlhakanelodikobo, Baebele ga e dumalane le seo. E tlhalosa sentle gore dilo tse re di tsenyang mo megopolong ya rona di ama tsela e re itshwarang ka yone. Morutwa wa Mokeresete Jakobe o ne a re: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.” (Jakobe 1:14, 15) Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.”—Mathaio 5:28.

Jaaka fa Jesu le Jakobe ba bontsha, batho ba dira dilo ka go tlhotlhelediwa ke dikeletso tsa bone. Dikeletso tseo fa di ntse di gola di fetoga tlhotlheletso e e maatla. Go nna thata go tila tlhotlheletso eo mme e ka dira gore motho a tseye kgato. Ka jalo se re se tsenyang mo megopolong ya rona se ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo go se re se dirang.

Go nna re ntse re akanya ka tlhakanelodikobo go ka kgoreletsa tsela e re obamelang Modimo ka yone. Ke ka moo Paulo a neng a kwala jaana: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele . . . ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.”—Bakolosa 3:5.

Paulo fano o amanya keletso ya tlhakanelodikobo le bopelotshetlha, e leng keletso e e feteletseng ya go batla selo se motho a senang sone. * Bopelotshetlha ke mofuta mongwe wa kobamelo ya medingwana. Ka ntlhayang? Ka gonne motho yoo yo o pelotshetlha o dira gore selo seo se a se eletsang se tle pele ga dilo tsotlhe, le eleng Modimo. Mokwadi mongwe wa bodumedi a re: “O eletsa tlhakanelodikobo ya batho ba bangwe. . . . Ga o akanye ka sepe se sele fa e se ka keletso eo ya se o se nang sone. . . . Re obamela dilo tse re di eletsang.”

Ditshwantsho Tseno di a Senya

Baebele e gakolola jaana: “Dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone . . . , tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” (Bafilipi 4:8) Motho yo o tlholang a lebile kana a akantse ka ditshwantsho tse di hepisang o itlhokomolosa kgakololo eno ya ga Paulo. Ditshwantsho tse di hepisang di maswe ka gonne di upolola ditiro tsa batho tsa sephiri di di bontsha phatlalatsa. Di ferosa sebete ka gonne di nyenyefatsa batho le go ba ntsha seriti. Ga di supe lorato ka gonne ga di bontshe bopelonomi le go amega ka motho yo mongwe. Tota di rotloetsa kgotelo ya bopelotshetlha.

Ditshwantsho tse di hepisang di koafatsa maiteko a Mokeresete a go ‘tlhoa se se bosula’ ka gonne di bontsha ditiro tse di maswe le tse di boikepo. (Amose 5:15) Di rotloetsa boleo mme seo se thulana le kgothatso e Paulo a neng a e naya Baefeso ya gore “kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo; le fa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong . . . kgotsa nyao e e ferosang sebete, dilo tse di sa tshwanelang, mme go na le moo go ntshiwe ditebogo.”—Baefeso 5:3, 4.

Ditshwantsho tse di hepisang di kotsi tota. Di senya batho e bile di dira gore ba nne boikepo. Di ka senya dikamano tsa batho, ka gonne di fetola tsela ya tlholego ya go bontshana lorato go nna ya go kgotsofatsa fela keletso ya tlhakanelodikobo. Di senya tlhaloganyo le bomoya jwa motho yo o di lebang. Di rotloetsa go nna pelotshetlha, go nna bogagapa e bile di dira gore batho ba lebe ba bangwe e le dilo fela tse ba ka ikgotsofatsang ka tsone. Di nyenyefatsa maiteko a motho a go dira molemo le go nna le segakolodi se se siameng. Sa botlhokwa go feta, di kgoreletsa kana le e leng go senya kamano ya semoya e motho a nang le yone le Modimo. (Baefeso 4:17-19) Ruri re tshwanetse go tila ditshwantsho tse di hepisang.—Diane 4:14, 15.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Paulo fano o ne a sa bue ka keletso e e tlwaelegileng ya tlhakanelodikobo—keletso ya motho ya go tlhakanela dikobo ka tsela e e tshwanetseng le molekane wa gagwe wa lenyalo.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ditshwantsho tse di hepisang di sokamisa tsela e motho a lebang batho ba bong bo sele ka yone