Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ithuta mo Bakereseteng ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

Go Ithuta mo Bakereseteng ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

Go Ithuta mo Bakereseteng ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

“Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakolosa 2:8.

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a dirisa mafoko ao go tlhagisa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka dikotsi tsa go latela difilosofi tsa batho. Ba ne ba ka latela kaelo e e ka ikanngwang e Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba neileng yone—dithuto tse di neng di ba solegetse molemo—kana ba ne ba ka tlhotlhelediwa ke dithuto tse di nnang di fetofetoga tsa batho, tse di neng di setse di tliseditse dimilione tsa batho botlhoko le matlhotlhapelo.—1 Bakorintha 1:19-21; 3:18-20.

Go Tshela “Go ya Ka Keresete”

Batlhabanelatumelo ba mo e ka nnang dingwaga di le sekete tse di fetileng ba ne ba palelwa ke go tlhaloganya gore go tshela “go ya ka Keresete” go ne go kaya se se fetang go ipolela fela gore ke badiredi ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete. (Mathaio 7:21-23) Go ne go raya go tshela tumalanong le dithuto tsa ga Jesu tse di mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo, Baebele. (Mathaio 7:15-20; Johane 17:17) Jesu Keresete o rile: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me.” ( Johane 8:31) O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”— Johane 13:35.

Ruri batlhabanelatumelo ba ne ba latetse “botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho.” Mme ga go gakgamatse go bo batho fela ba ne ba tsiediwa fa baeteledipele ba bone ba bodumedi, tota le bobishopo ba bone, “ba ne ba simolola go itsiwe e le batho ba ntwa.” Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, ya ga McClintock le Strong ya re: “Moya wa go rata ntwa ga baruti o ne o tlwaelegile, mo e leng gore fa ba ne ba ka fitlhelela sengwe ka ntwa, ba ne ba iketleeleditse go lwa.”

Ke eng se se neng sa baka boemo jono jo bo hutsafatsang? Fela jaaka Lefoko la Modimo le ne le boleletse pele, fa baaposetoloi ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba sena go swa, baeteledipele ba kereke ba batlhanogi ba ne ba latlha dithuto tsa ga Keresete. (Ditiro 20:29, 30) Kereke e e neng e senyegile e ne ya nna ya ikopakopanya le puso. Mo lekgolong la boné la dingwaga, go bonala fa Kgosikgolo ya Roma e bong Constantine a ile a sokologela mo Bokereseteng fa a ne a le gaufi le go swa. Go tswa foo Cyclopedia ya re, “go emisediwa ga medingwana e e mo difolageng ka Sefapaano go ne ga dira gore Mokeresete mongwe le mongwe a ikutlwe a patelesega go nna lesole.”

Mme gone, ruri Bakeresete ba ne ba sa patelesege go dira jalo. Mme “dikgang tse di tlhotlheletsang” tsa difilosofi tsa batho di ne tsa dira gore ba tlole sotlhe se se neng se emelwa ke Keresete. (Bakolosa 2:4) Dikgang tse di tsietsang ga di bolo go nna di dirisiwa go tshegetsa dintwa le dikgotlhang tsa batho. Mme gone, Cyclopedia ya re fa motho yo o pelonomi kana yo o tshabang Modimo a nna le seabe mo “ditirong tsa bosatane tsa ntwa, jaaka fa go ile ga direga mo metlheng ya bogologolo le ya segompieno, seo ga se dumalane le . . . melaometheo ya Bokeresete.”

Go ralala makgolo a dingwaga madumedi a e seng a Labokeresete le one a ile a nna le seabe mo dintweng. Ka ntlha ya go farologana ka lotso, dipolotiki le ka bodumedi, le bone ba ile ba bolaya maloko a bodumedi jwa bone le a madumedi a mangwe, fela jaaka dikereke tsa Labokeresete di ile tsa dira. Ba ile ba dirisa thubakanyo kana go tshosetsa batho go ba fetolela mo bodumeding jwa bone. Bangwe ba bone ba ile ba nna le seabe mo dintweng tse di matlhomahibidu tsa nako e e fetileng ba leka go fitlhelela maikaelelo a bone. Ga ba farologane ka gope le madumedi a Labokeresete.

Go se Nne Karolo ya Lefatshe

Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kgona go nna ba sa tseye karolo mo dintweng le mo dipolotiking tsa nako eo? Ba ne ba thusiwa ke melaometheo e mebedi. Molaomotheo wa ntlha e ne e le taelo e Jesu a neng a e neela moaposetoloi Petere fa Petere a ne a dirisa tšhaka go mo femela: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Molaomotheo wa bobedi ke mafoko a Jesu a neng a a raya Pilato fa a ne a botsa gore bogosi jwa ga Jesu bo thaega kae: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.”—Johane 18:36.

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dirisa melaometheo eo jang? Ba ne ba nna ba se karolo ya lefatshe ka gope, ba sa tseye letlhakore lepe mo dipolotiking le mo bosoleng. (Johane 15:17-19; 17:14-16; Jakobe 4:4) Ba ne ba gana go ya ntweng go lwantsha beng ka bone. Hisitori e bontsha sentle gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba se ka ba nna karolo ya mekgatlho ya setšhaba sa Bajuda le fa e le sesole sa pusokgolo ya Roma. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa bolelele baeteledipele ba dipolotiki gore ba dire eng, ka gonne seo e ne e le boikarabelo jwa baeteledipele bao ba puso.—Bagalatia 6:5.

Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., Justin Martyr o ne a kwala a bolela gore Bakeresete ba ‘thudile ditšhaka tsa bone ba di dirile magale a megoma.’ (Mika 4:3) Fa a bua ka batho ba ba neng ba le kgatlhanong le boemo jwa Bakeresete, Tertullian o ne a botsa jaana: “A go ne go tla bo go le kafa molaong gore motho a tshole tšhaka, fa Morena ene a re yo o dirisang tšhaka o tla nyelela ka tšhaka?”

“Utlwa Modimo e le Mmusi Bogolo go Batho”

Go gana go ya ntweng go ne ga tlisetsa Bakeresete ba pele mathata a le mantsi. Go ne go le kgatlhanong le ditumelo tsa nako eo. Celsus yo e neng e le mmaba wa Bokeresete, o ne a sotla ka boemo jwa bone. O ne a dumela gore batho botlhe ba tshwanetse go ya ntweng fa balaodi ba bona go tlhokega. Bakeresete ba pele ba ne ba gana go latela difilosofi tsa batho tse di sa dumalaneng le dithuto tsa ga Keresete, le fa ba ne ba ganediwa thata. Ba ne ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 4:19; 5:29.

Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ne ba latela sekao sa bone. Ka sekai, kwa Jeremane wa Bonasi, ba ne ba gana go tsaya karolo mo dintweng tse di setlhogo tsa ga Hitler. Ba ne ba iketleeleditse go itshokela pogiso e e setlhogo, kana le e leng go swa, go na le gore ba tlogele boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Go begwa gore ka go bo ba ne ba latela melaometheo ya Baebele Banasi ba ne ba “tsenya halofo ya bone mo kgolegelong mme ba bolaya kwatara ya bone.” (Of Gods and Men) Ka jalo, mo dimilioneng di le masomesome tsa batho ba ba neng ba bolawa ka Ntwa ya Lefatshe II, ga go na ope wa bone yo o neng a bolawa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Go na le gore ba bolaye batho ba bangwe, Basupi ba ne ba iketleeleditse go latlhegelwa ke matshelo a bone, jaaka ba le bantsi ba bone ba ne ba dira.

Se re Ka Ithutang Sone

Ditiragalo tse di fetileng di ka re ruta eng? Sengwe sa dilo tse re di ithutang ke gore: Ka dinako tsotlhe difilosofi tsa batho di ile tsa dira gore ditšhaba le batho ba tlhoane le go bolaana. Moreri 8:9 e bua sentle fa e re: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ Mme lebaka le legolo la seno le fitlhelwa mo go Jeremia 10:23, koo Lefoko la Modimo le reng: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” Nnyaa, Modimo o ne a sa bopela batho gore ba tshele kwantle ga gagwe, le gore ba itaole. Ba ne ba sa fiwa bokgoni joo. Hisitori yotlhe e bontshitse seo.

Mme rona batho, ga re ka ke ra kgona go fetola se baeteledipele ba ditšhaba ba se dirang fa ba ntse ba boeletsa masetlapelo a nako e e fetileng, e bile ga re na taolo ya go leka go ba tlhotlheletsa gore ba dire dilo ka tsela e e rileng. Mme ga re batle go tlhotlheletsega go nna le seabe mo dintweng tsa bone kana go nna karolo ya tsone. Jesu o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14) Re tshwanetse ra letla Lefoko la Modimo, Baebele—e seng difilosofi tsa batho tse di nnang di fetofetoga—go kaela matshelo a rona gore re kgone go tila dikgotlhang tsa lefatshe.—Mathaio 7:24-27; 2 Timotheo 3:16, 17.

Isagwe e e Itumedisang

Lefoko la Modimo le le ikanyegang ga le re neye lesedi fela ka dilo tsa nako e e fetileng le tsa nako ya gone jaanong. Le re naya kaelo e e tlhomameng ka isagwe. (Pesalema 119:105; Isaia 46:9-11) Gape le re tlhalosetsa sentle gore maikaelelo a Modimo ke eng ka polanete eno. Ga a kitla a letlelela gore batho ba dirise maatla a magolo a ba a filweng ke saense le boranyane ka tsela e e sa tshwanelang gore ba senye lefatshe. O tla tlhomamisa gore lefatshe e nne Paradaise jaaka fa a ne a ikaeletse go tswa kwa tshimologong.—Luke 23:43.

Lefoko la Modimo le bolela jaana ka seno: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.” (Diane 2:21, 22) Seno se tla diragala mo bogautshwaneng, ka gonne dinako tse di thata tseno di re naya bosupi jwa gore re tshela mo “malatsing a bofelo” a tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5, 13) Mme ruri, malatsi ano a bofelo a badilwe; a ntse a ya bokhutlong. Boporofeti jwa Baebele bo re ruta jaana: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17; Daniele 2:44.

Gautshwane Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe” a bo a emisetsa lefatshe la jaanong le le boikepo ka le lesha le mo go lone ‘go tla nnang le tshiamo.’ (Tshenolo 11:18; 2 Petere 3:10-13) Morago ga moo, botlhe ba ba tswelelang ba ikanyega, “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:1-4) Dintwa le thubakanyo di tla bo di sa tlhole di le gone fa boporofeti jono jo bo mo go Isaia 2:4 bo tla bo bo diragadiwa ka botlalo: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” Le wena o ka nna le isagwe eo e e itumedisang e e sa khutleng fa o ithuta mo dilong tsa nako e e fetileng.—Johane 17:3.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Basupi ba ga Jehofa ba ithutile mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Jesu o ne a re Bogosi jwa gagwe ga se karolo ya lefatshe leno

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lefoko la Modimo le solofetsa botshelo jo bo itekanetseng jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise