Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Lenyora La me La Semoya le Neng la Timolwa ka Gone

Kafa Lenyora La me La Semoya le Neng la Timolwa ka Gone

Kafa Lenyora La me La Semoya le Neng la Timolwa ka Gone

JAAKA GO BOLETSE LUCIA MOUSSANETT

MO KAROLONG e e dithaba e e ka fa bokonebophirima jwa Italy, gaufi le Dithaba Tsa Switzerland le thaba e e itsegeng thata ya kwa Fora ya Mont Blanc, go na le kgaolo ya Valle d’Aosta. Ke ne ka tsholelwa koo ka 1941 mo motsaneng mongwe wa Challant St. Anselme.

Ke ne ke le leitibolo la bana ba le batlhano; ke latelwa ke bonnake ba le banè ba basimane. Mmè e ne e le motho yo o dirang ka natla e bile e le Mokatoliki yo o ineetseng. Rre le ene o ne a tswa mo lelapeng le le ratang bodumedi. Bokgaitsadie ba le babedi e ne e le baitlami. Batsadi ba me ba ile ba itima dilo di le dintsi ka ntlha ya me, ba bo ba ntsenya sekolo. Go ne go se na dikolo mo motsaneng wa rona, ka gone, fa ke le dingwaga di le 11, batsadi ba me ba ne ba nthomela kwa sekolong sengwe se se nang le marobalo se se neng se okametswe ke baitlami.

Fa ke le koo, ke ne ka ithuta puo ya Selatine le ya Sefora, mmogo le dithuto tse dingwe. Go tswa foo, fa ke le dingwaga di le 15, ke ne ka simolola go akanya thata ka tsela e nka direlang Modimo ka yone. Ke ne ka swetsa ka gore tsela e e molemo ya go dira seno ke ka go nna moitlami. Le fa go ntse jalo, batsadi ba me ba ne ba sa rate kgang eno, e re ka Mmè a ne a tla tshwanelwa ke go tlhokomela bonnake a le nosi. Batsadi ba me ba ne ba solofetse gore thuto ya me e ne e tla dira gore ke bone tiro e e siameng le gore ke thuse lelapa ka madi.

Le fa ke ile ka utlwisiwa botlhoko ke tsela e batsadi ba me ba neng ba tsibogela tshwetso ya me ka yone, ke ne ke batla go nna le sengwe se se mosola se ke se tshelelang e bile ke ne ke tsaya gore Modimo o tshwanetse go tla pele mo botshelong jwa me. Ka jalo, ka 1961, ke ne ka ya go nna kwa lefelong lengwe la baitlami ba Roma Katoliki.

Botshelo Jwa Me ke Le Moitlami

Mo dikgweding tsa ntlha, ke ne ka ithuta mekgwa le melao ya kereke le go bereka mo legaeng la baitlami. Ka August 1961, ke ne ka simolola go thapisediwa tiro ya boitlami le go apara mosese o o aparwang ke baitlami. Gape ke ne ka ikopela gore ke bidiwe ka leina le lesha le ke neng ke le filwe ke Mmé la Ines. Fa le sena go amogelwa, ke ne ka bidiwa Sister Ines.

Le fa bontsi jwa baithuti ba basha ba ne ba dira ditiro tsa legae mo lefelong leno la baitlami, nna ke ne ke na le thutego e e lekaneng gore nka nna morutisi kwa sekolong se se potlana. Dingwaga di le pedi moragonyana, ka August 1963, ke ne ka ikana go nna moitlami go ya ka molao wa Sisters of San Giusseppe kwa Aosta, Italy. Moragonyana, legae la baitlami le ne la nthomela kwa Yunibesithing ya Maria Santissima Assunta kwa Roma gore ke tsweledisetse dithuto tsa me pele.

Fa ke boela kwa Aosta ka 1967 morago ga gore ke wetse dithuto tsa me kwa Roma, ke ne ka simolola go nna morutabana kwa sekolong se segolo. Ka 1976, ke ne ka abelwa tiro ya go nna mokaedi wa sekolo. Le fa ke ne ke sa ntse ke na le ditlelase dingwe tse ke di rutang, ke ne ka abelwa tiro ya botsamaisi jwa sekolo mme ka nna leloko la lekgotla la kgaolo la sekolo la Valle d’Aosta.

Ke ne ke eletsa thata go thusa batho ba ba humanegileng. Ke ne ke ba utlwela botlhoko fela thata. Ka gone ke ne ka rulaganya gore go nne le dilo tse di farologaneng tse di direlwang setšhaba, tse di jaaka go thusa batho ba ba lwalelang la go swa ba ba se nang ba malapa. Gape ke ne ka dira dithulaganyo tsa go ruta bana ba bafaladi. Mo godimo ga moo, ke ne ka batlela batho ba ba humanegileng ditiro le matlo le go nna le seabe mo go thuseng batho ba ba tlhokang kalafi. Ke ne ke leka go tshela tumalanong le melaometheo ya kereke.

Ka nako eo ke ne ka amogela thuto ya Katoliki ya bodumedi, go akaretsa dithuto tse di jaaka Tharonngwe, go sa sweng ga moya le dikgopolo tsa Katoliki tse di malebana le isagwe ya batho ya bosakhutleng. Ka nako eo, dithuto tsa Katoliki di ne di letlelela dikgopolo tse di jaaka tlhakanelotumelo, se se neng se raya gore motho o ne a ka amogela madumedi a mangwe le go kopanela le one.

Dilo Tse di Neng Tsa Simolola go Ntshwenya

Gone mme, ditiro dingwe tsa mo Kerekeng ya Katoliki di ne di ntshwenya. Ka sekai, pele ga batsadi le bana ba kolobediwa le go tlhomamisiwa, ba ne ba tshwanetse go ithuta pele gore dilo tseno di bolelang. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba sa nne gone mo ditlelaseng tseno, mme ba bangwe ba ne ba sa dire le maiteko a go ithuta. Mo godimo ga moo, ba bangwe ba ba neng ba sa letlelelwe go kolobediwa le go tlhomamisiwa mo kerekeng e nngwe ba ne ba ikela kwa go e nngwe gore ba kolobediwe kgotsa ba tlhomamisiwe kwa go yone. Ke ne ke tsaya seno e le boitimokanyi le go se tseye dilo masisi.

Ka dinako tse dingwe ke ne ke ipotsa ke bo ke botsa baitlami ba bangwe gore, “A ga re a tshwanela go bo re rera Efangele go na le gore re ineele mo ditirong tsotlhe tseno tse di farologaneng?” Ba ne ba nkaraba ka go re, “Re rera ka go dira ditiro tse di molemo.”

Mo godimo ga moo, go ne go le thata gore ke dumele gore ke tshwanetse go ipolela maleo a me kwa moruting. Ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go buisana le Modimo ka dilo tseo tsa botho. Mo godimo ga moo, ke ne ke palelwa ke go amogela kgopolo ya gore ke tshware dithapelo ka tlhogo le go di boaboeletsa. Gape go ne go le thata go dumela gore mopapa ga a ke a dira diphoso. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka itirela tshwetso ya gore ke tla nna le tumelo ya me ke le nosi mo dilong tse di tshwanang le tseo ke bo ke tswelela pele ka botshelo jwa me jwa go nna modumedi.

Keletso ya go Nna le Kitso ya Baebele

Ke ne ke tlotla Baebele thata e bile ke eletsa go e itse. Nako le nako fa ke ne ke tshwanelwa ke go dira ditshwetso kana ke ikutlwa ke tlhoka thuso ya Modimo, ke ne ke bala Baebele. Le fa gone re ne re sa ithute Baebele mo legaeng la baitlami, nna ke ne ke e ipalela. Ka dinako tsotlhe ke ne ke kgatlhiwa ke mafoko a a mo go Isaia 43:10-12, mo Jehofa Modimo a neng a re, “Lo basupi ba me.” Le fa go ntse jalo, ka nako eo ke ne ke sa tlhaloganye bokao jwa mafoko ao ka botlalo.

Fa ke le kwa yunibesithing kwa Roma mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1960, ke ne ka dira khoso nngwe ya thutabodumedi ya dingwaga di le nnè e e neng e duelelwa ke Vatican. Mme Baebele e ne e se nngwe ya dibuka tse di ithutiwang. Fa ke sena go boela kwa Aosta, ke ne ka nna gone mo dikokoanong di le dintsi tsa bodumedi, tota le tse di neng di tshegediwa ke mekgatlho ya madumedi a a farologaneng le a e seng a Katoliki. Seno se ne sa dira gore ke batle thata go itse se Baebele e se rutang. Ditlhopha tse di neng di ipolela gore di ruta ka buka e le nngwe fela e leng Baebele, di ne di sa dumalane ka dilo di le dintsi!

Go Ithuta mo go Oketsegileng ka Baebele

Ka 1982, Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a tla kwa setheong se ke neng ke le modirediloago kwa go sone mme a leka go simolola go tlotla le nna ka Baebele. Le fa gone ke ne ke tshwaregile thata, ke ne ka kgatlhiwa ke kgopolo ya go ithuta Baebele. Ka jalo ke ne ka mo raya ka re, “Tsweetswee ke kopa o nketele kwa sekolong sa me, mme fa ke na le nako e ke sa direng sepe ka yone, re ka tlotla.”

Le fa mosadi yono a ne a nketela, ke ne ke se na nako. Morago ga moo, mmè o ne a bolelelwa gore o na le kankere, mme kgabagare ke ne ka kopa malatsi kwa tirong gore ke ye go mo tlhokomela. E ne ya re fa a sena go tlhokafala ka April 1983, ke ne ka boela tirong, mme ka nako eo ke ne ka se ka ka tlhola ke kgona go ikgolaganya le Basupi. Le fa go ntse jalo, nakwana fela morago ga moo, Mosupi yo mongwe yo o neng a le mo dingwageng tsa bo20 o ne a nketela go tla go buisana le nna ka Baebele. Ke ne ke ntse ke bala buka ya Baebele ya Tshenolo ka bonna. Ka gone ke ne ka mmotsa jaana, “Batho ba ba 144 000 ba ba umakiwang mo go Tshenolo kgaolo 14 ke bomang?”

Ke ne ke rutilwe gore batho botlhe ba ba molemo ba ne ba tlile go ya kwa legodimong, ka gone ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore bano ba ba 144 000 ba ne ba tlile go kgaoganngwa jang le batho bano ba bangwe ba ba molemo kwa legodimong. Ke ne ka ipotsa jaana, ‘Batho bano ba ba 144 000 ke bomang? Ba dira eng?’ Dipotso tseno di ne di ntshwenya tota. Mosupi yono o ne a tswelela pele a leka go nketela, mme o ne a sa kgone go kopana le nna ka gonne ke ne ke nna ke tshwaregile ka dinako tsotlhe.

Kgabagare Mosupi yono o ne a tsaya aterese ya me a bo a e naya mogolwane mongwe wa phuthego ya bone e bong Marco. Kwa bofelong, ka February 1985, mogolwane yono o ne a kgona go kopana le nna. E re ka ke ne ke tshwaregile, re ne ra buisana ka metsotso e se kae fela mme ra rulaganya gore re kopane gape. Moragonyana ene le mosadi wa gagwe e bong Lina, ba ne ba simolola go nketela ka metlha, ba nthusa go tlhaloganya Baebele. Mo nakong e khutshwane fela ke ne ka kgona go lemoga gore dithuto tsa motheo tsa Katoliki tse di jaaka Tharonngwe, go sa sweng ga moya le molelo wa dihele di ne di sa tswe mo Baebeleng.

Go Kopanela le Basupi

Fa ke ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya bone ya Bogosi, go ne go bonala sentle gore dilo di ne di dirwa ka tsela e e farologaneng gotlhelele le e di dirwang ka yone kwa Kerekeng ya Katoliki. Mongwe le mongwe o ne a opela, go ne go sa opele khwaere fela. Morago ga moo, botlhe ba ne ba nna le seabe mo dipokanong. Gape ke ne ka simolola go lemoga gore phuthego yotlhe e na le “bakaulengwe” le “bokgaitsadi.” Mongwe le mongwe o ne a amega ka yo mongwe ka tsela ya mmatota. Seno se ne se nkgatlha tota.

Ka nako eo ke ne ke ya dipokanong ke apere mosese wa me wa boitlami. Go ne go bonala sentle gore bangwe ba ne ba kgatlhilwe thata ke go bona moitlami kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ka ikutlwa ke itumetse e bile ke kgotsofetse ka ntlha ya go bontshiwa lorato ke lelapa le legolo jalo. Gape fa ke ntse ke ithuta, ke ne ka simolola go lemoga gore bontsi jwa melaometheo e ke neng ke tshela ka yone e ne e sa dumalane le Lefoko la Modimo. Ka sekai, Baebele ga e bue sepe malebana le gore batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go apara diaparo tse di kgethegileng. Baruti ba kereke le meletlo e megolo e e neng e dirwa mo kerekeng e ne e farologane thata le se Baebele e se rutang ka bagolwane ba ba boikokobetso ba ba etelelang phuthego pele.

Ke ne ke etsaetsega fa gare ga maikutlo a mabedi. Ke ne ke sa kgone go dumela gore ke ne ke feditse dingwaga di le 24 ke le mo lefifing. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore dilo tse ke neng ke di ithuta di boammaaruri. Ke ne ke boifisiwa ke kgopolo ya gore ke tlile go tshwanelwa ke go fetola botshelo jwa me ke le dingwaga tse 44. Mme gone, ke ne nka itetla jang go tswelela pele ke tsamaya mo lefifing ntswa ke bone se tota Baebele e se rutang?

Go Dira Tshwetso e e Kgolo

Ke ne ke itse gore fa ke tlogela legae la baitlami ke ne ke tlile go sala ke se na madi. Le fa go ntse jalo, ke ne ka gakologelwa mafoko a ga Dafide a gore mosiami ‘ga a tlogelwe fela kana bana ba gagwe ba tshwanelwa ke go kopa senkgwe.’ (Pesalema 37:25) Ke ne ke itse gore ke tla latlhegelwa ke dilo dingwe tse ke itshedisang ka tsone, mme gone ke ne ka ikanya Modimo ke bo ke re, ‘Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go boifa?’

Ba lelapa la me ba ne ba akanya gore ke a tsenwa. Le fa seno se ne se ntshwenya, ke ne ka gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: ‘Ba ba ratang borraabo le bommaabo thata go na le nna ga ba ntshwanela.’ (Mathaio 10:37) Ka fa letlhakoreng le lengwe, ke ne ke kgothadiwa le go nonotshiwa ke dilo tse dinnye tse Basupi ba neng ba ntirela tsone. Ba ne ba tlhomamisa gore ba a ntumedisa fa ke feta ka tsela ke apere mosese wa me wa baitlami. Seno se ne se dira gore ke ikutlwe ke le gaufi thata le bakaulengwe le go nna karolo ya lelapa la bone.

Kgabagare ke ne ka ya kwa mosading yo o neng a okametse baitlami mme ka mo tlhalosetsa gore ke eng fa ke sweditse ka gore ke tlogela legae la baitlami. Le fa ke ne ke kopa go mmontsha go tswa mo Baebeleng gore ke ka ntlha yang fa ke dirile tshwetso eno, o ne a gana go ntheetsa, mme a nthaya a re: “Fa ke batla go tlhaloganya sengwe mo Baebeleng, ke tla bitsa mongwe wa bomankge ba Baebele!”

Kereke ya Katoliki e ne e tshositswe ke tshwetso ya me. Ba ne ba ntatofatsa ka gore ga ke a itshwara sentle le gore ke a tsenwa. Mme gone, ba ba neng ba nkitse ba ne ba itse gore ditatofatso tseno e ne e le tsa maaka. Batho ba ke neng ke bereka le bone ba ne ba tsibogela tshwetso ya me ka ditsela tse di farologaneng. Bangwe ba bone ba ne ba tsaya tshwetso ya me e bontsha bopelokgale. Ba bangwe ba ne ba utlwile botlhoko, ba akanya gore ke ne ke tshotse tsela e e phoso. Tota e bile bangwe ba ne ba ntlhomogela pelo.

Ka July 4, 1985, ke ne ka tlogela Kereke ya Katoliki. E re ka Basupi ba ne ba itse kafa batho ba bangwe ba ba ileng ba dira tshwetso e e ntseng jalo ba ileng ba tshwarwa ka gone, ba ne ba boifa gore ga ke a babalesega mme ba ne ba mphitlha felo gongwe ka sebaka sa kgwedi. Ba ne ba tla go ntsaya ka nako ya dipokano mme morago ga tsone ba mpusetse kwa ke neng ke nna gone. Ke ne ka iphitlha go fitlha maemo a kokobela. Morago ga moo, ka August 1, 1985, ke ne ka simolola go ya bodireding le Basupi ba ga Jehofa.

E ne ya re ke ile Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa moragonyana mo kgweding eo ya August, metswedi ya tshedimosetso e ne ya itsisiwe gore ke tlogetse kereke mme e ne ya gatisa kgang eno. Fa kgabagare ke ne ke kolobediwa ka December 14, 1985, badiri ba seteishene sa thelebishene le ba lokwalodikgang ba lefelo la rona ba ne ba akanya gore seno se ne se le maswe thata mo ba ileng ba gatisa kgang ya me gape, ba tlhomamisa gore mongwe le mongwe o utlwa se ke se dirileng.

Fa ke ne ke tlogela legae la baitlami, ke ne ka sala ke se na sepe se ke itlamelang ka sone. Ke ne ke se na tiro, legae e bile ke sa amogele madi a penshene. Ka jalo ke ne ka fetsa ngwaga ke tlhokomela mosadi mongwe yo o suleng ditokololo. Ka July 1986, ke ne ka nna mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Ke ne ka fudugela kwa lefelong lengwe le le neng le na le phuthego e e potlana e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Ke ne ka ipulela sekolo sa go ruta puo le dithuto tse dingwe mo lefelong leno, ka go dira jalo ke sola molemo thuto ya me ya kwa sekolong. Seno se ne sa nthusa gore ke kgone go fetofetola thulaganyo ya me.

Go Direla Kwa Tshimong e Sele

E re ka jaanong ke ne ke ithutile boammaaruri jwa Baebele, ke ne ke batla go bo abela batho ba le bantsi kafa nka kgonang ka gone. E re ka ke ne ke kgona go bua Sefora, ke ne ka akanyetsa go ya go direla kwa nageng nngwe ya Afrika e e dirisang puo ya Sefora. Mme ka nako eo ka 1992, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba letlelelwa semolao mo nageng e e fa gaufi ya Albania. Kwa bofelong jwa ngwaga oo, setlhopha se sennye sa babulatsela go tswa kwa Italy se ne sa abelwa go ya koo. Bangwe ba bone e ne e le Mario le Cristina Fazio ba ba tswang mo phuthegong e ke leng mo go yone. Ba ne ba nkopa gore ke ba etele le gore ke akanyetse go tla go direla kwa Albania. Ka jalo, morago ga go akanyetsa kgang eno sentle ka thapelo, ke ne ka tshwanelwa gape ke go tlogela tironyana e ke neng ke itshedisa ka yone ke le dingwaga tse 52, ke bo ke ya go tshela kwa nageng e e farologaneng gotlhelele.

Ke ne ka dira seno ka March 1993. Fa ke sena go goroga ke ne ka lemoga gore le fa gone ke ne ke se kgakala thata le nagagae ya me, naga eno e ne e sa tshwane gotlhelele le e ke tswang kwa go yone. Batho ba ne ba tsamaya ka dinao gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone, mme ba ne ba bua Se-Albania, puo e ke neng ke sa e tlhaloganye gotlhelele. Go ne go na le diphetogo tse dikgolo tse di neng di direga mo nageng eno ka ntlha ya tsamaiso ya yone ya sepolotiki e e neng e fetofetoga. Mme gone batho ba ne ba nyoretswe boammaaruri jwa Baebele, mme ba ne ba rata go bala le go ithuta. Batho ba re neng re ithuta Baebele le bone ba ne ba gatela pele semoyeng ka bonako, mme seno se ne se dira gore ke itumele e bile se nthusa gore ke tlwaele lefelo leno le lesha.

Fa ke goroga kwa Tiranë, e leng motsemoshate, ka 1993, go ne go na le phuthego e le nngwe fela mo Albania le Basupi ba ba ka fetang 100 go se kae ba ba neng ba phatlaletse le naga eno yotlhe. Mo kgweding eo, batho ba le 585 ba ne ba nna gone kwa kopanong ya ntlha e e kgethegileng e e neng e tshwaretswe kwa Tiranë, mme ga kolobediwa ba le 42. Le fa gone ke ne ke sa tlhaloganye sepe se se buiwang, go ne go ama maikutlo go utlwa Basupi ba opela le go bona ka tsela e ba neng ba reeditse ka kelotlhoko ka yone. Ka April go ne ga ketekiwa Segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete, mme go ne ga tla batho ba le 1 318 mo moketeng ono! Fa e sa le ka nako eo, tiro ya Bakeresete e ne ya gola thata kwa Albania.

Ke ne ke tle ke lebelele Tiranë ke le mo mathuding a ntlo ya me e e mo botlhatlaganyaneng jwa bonè ke bo ke ipotsa jaana, ‘Re tlile go fitlhelela batho bano botlhe leng?’ Jehofa Modimo o ne a tlhokomela gore seo se a dirwa. Gone jaanong go na le diphuthego di le 23 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Tiranë. Mo nageng yotlhe, go na le Basupi ba le 2 846 mo diphuthegong di le 68 le ditlhopha di le 22. Koketsego eno e kgolo e nnile gone mo dingwageng di le mmalwa fela! Mme re nnile le batho ba le 12 795 kwa Segopotsong ka 2002!

Mo dingwageng di le lesome tse ke di ntseng mo Albania, ke ile ka nna le tshiamelo ya go thusa batho ba le 40 go fitlha ba kolobediwa. Gone jaanong ba le mmalwa ba bone ke babulatsela mme ba bangwe ba na le seabe mo mefuteng e mengwe ya tirelo ya nako e e tletseng. Fa dingwaga di ntse di feta, ditlhopha di le thataro tsa babulatsela ba Bantadiana di ne tsa abelwa go ya go thusa kwa Albania. Go ne ga rulagangwa gore setlhopha sengwe le sengwe se nne le khoso ya dikgwedi di le tharo ya go ithuta puo ya naga eo, mme ke ne ka kopiwa go ruta ditlelase di le nnè tsa bofelo.

Fa ditsala tsa me di ne di utlwa lekgetlo la ntlha gore ke tlogela kereke, di ne tsa galefa tota. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga tseno tsotlhe boikutlo jwa tsone bo fetogile fa di bona gore ke ritibetse e bile ga go letsapa lepe le le mphisang pelo. Se se itumedisang ke gore ba lelapa la gaetsho, go akaretsa le rakgadiake wa dingwaga tse 93 yo e sa ntseng e le moitlami, ba a ntshegetsa.

Jehofa o ile a ntlhokomela mo maemong a le mantsi a a farologaneng fa e sa le ke simolola go mo itse! O ne a mpontsha tsela ya go tla mo phuthegong ya gagwe. Fa ke leba kwa morago, ke gakologelwa tsela e ke neng ke tlhoafaletse go thusa batho ba ba dikobo di magetleng ka yone, ba ba tlhokileng lesego le ba ba tlhokang thuso le keletso ya me ya go nna ke tshwaregile mo tirelong ya Modimo. Ke gone ka moo ke lebogang Jehofa, ka gonne o ne a tlhomamisa gore lenyora la me la semoya le a timolwa.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Lelapa la Ba-Albania le ke neng ka ithuta le lone Baebele. Ba le 11 mo go lone ba kolobeditswe

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bontsi jwa basadi bano ba ke ithutileng le bone Baebele kwa Albania ba mo tirelong ya nako e e tletseng gone jaanong