Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba sa Batle go Duela Lekgetho?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba sa Batle go Duela Lekgetho?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba sa Batle go Duela Lekgetho?

“Le fa nka dira ka natla jang, madinyana a ke nang le one a phamolwa otlhe mo go nna.”—Seane sa Bababelona, mo e ka nnang ka 2300 B.C.E.

“Mo lefatsheng leno, ga go na sepe se o ka tlhomamisegang ka sone fa e se loso le go duela lekgetho.”—Radipolotiki wa United States e bong Benjamin Franklin, ka 1789.

REUBEN o dira tiro ya go rekisa. Ngwaga le ngwaga nngwetharong ya madi a a a bereketseng ka natla a fediwa ke go duela makgetho. O ngongorega jaana: “Ga ke bone kwa madi ano a yang gone. Jaaka fa puso e ntse e fokotsa madi a e a ntshetsang ditirelo tsa setšhaba, ga e re direle dilo tse re di tlhokang.”

Le fa go ntse jalo, e ka ne re rata kgotsa re sa rate, makgetho ke karolo ya botshelo. Mokwadi Charles Adams a re: “Mo nakong yotlhe e go ntseng go na le batho ka yone, dipuso di ntse di duedisa batho lotseno ka ditsela tse dintsi.” Gantsi makgetho a dirile gore batho ba tsogelwe ke letlhoo gonne ba sa rate go a duela mme ka dinako tse dingwe a dirile gore ba tsogologele dipuso. Maborithane a motlha wa bogologolo a ne a lwantsha Baroma, a re: “Ruri go ka bo go le botoka thata fa re ka bo re bolailwe bogolo go go tsamaya re imelwa ke lekgetho!” Go tlhoa lekgetho le le ntshediwang letswai kwa Fora ke gone go bakileng Diphetogo Tse Dikgolo kwa Fora, mme mo tiragalong eo bakgethisi ba ne ba bolawa ka go kgaolwa ditlhogo. Gape batho ba ba neng ba le kgatlhanong le lekgetho ba ne ba nna le seabe mo ntweng ya go lwela kgololesego, ntwa e mo go yone United States e neng e tlhasela Engelane.

Ga go gakgamatse gore le mo motlheng wa gompieno batho ba le bantsi ba bo ba sa rate go duela lekgetho se kana kana. Bomankge ba re gantsi kwa dinageng tse di tlhabologang mekgwa ya go duedisa makgetho “ga e tswele batho molemo” e bile “e a gobelela.” Go ya ka mmatlisisi mongwe, go na le naga nngwe ya Afrika e e humanegileng e “batho ba yone ba neng ba tshwanelwa ke go duela makgetho a a fetang 300, mme ba ne ba sa kgone go laola tsela e a duelwang ka yone tota le fa go ne go na le batho ba ba nang le bokgoni mo go laoleng tsela e makgetho a tsamaisiwang ka yone. E re ka go ne go se na mekgwa e e siameng kgotsa e sa latelwe ya go phutha makgetho le go a laola, seno se dirile gore madi a dirisiwe ka tsela e e sa tshwanelang.” Dikgang tsa BBC di ne tsa bega gore kwa nageng nngwe ya Asia, “badiredi ba bagolo ba naga eo ba ne ba duedisa batho . . . madi a le mantsi a a seng kafa molaong—go simolola ka madi a go jala dipanana go ya go a go tlhaba dikolobe—e le gore ba oketse madi a puso kgotsa ba a tsenye mo dikgetsing tsa bone.”

Selo se sengwe se se gakatsang dilo ke go bona tsela e bahumi ba ntseng ba humela pele ka yone, mme bahumanegi bone ba ntse ba humanegela pele. Kgatiso ya United Nations ya Africa Recovery ya re: “Sengwe sa dilo tse dintsi tse di dirang gore go bo go na le pharologanyo e kana kana mo go tsa ikonomi mo gare ga dinaga tse di tlhabologileng le tse di sa ntseng di tlhabologa ke gore dinaga tse di tlhabologileng di thusa balemirui ka madi fa dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa tsone di duedisa balemirui makgetho. . . . Dipatlisiso tsa World Bank di bontsha gore madi a balemirui ba thusiwang ka one kwa United States fela a fokotsa lotseno lwa ngwaga le ngwaga lwa Afrika Bophirima lwa katune e e romelwang kwa dinageng tse dingwe ka diranta di le dimilione di le 1,84 ka ngwaga.” Ka jalo balemirui ba mo dinageng tse di tlhabologang ba ka nna ba bo ba sa rate fa puso ya bone e goga lekgetho mo lemmenyaneng le ba le amogelang. Molemirui mongwe wa kwa nageng e nngwe ya Asia a re: “Nako le nako fa [badiredi ba bagolo ba puso] ba tla kwano, ba a bo ba tlile go kopa madi.”

Bosheng jaana boikutlo jo bo tshwanang jwa go sa batle go duela lekgetho bo ne jwa bonala le mo Afrika Borwa fa puso e ne e duedisa balemirui makgetho a mafatshe a bone. Balemirui ba ne ba tshosetsa puso ka gore ba tla e isa kgotlatshekelong. Mmueledi mongwe wa balemirui o ne a bolela gore lekgetho “le tla dira gore balemirui ba tlhoke madi le bo le dire gore badiri ba dipolase ba tlhoke ditiro.” Ka dinako tse dingwe go gana go duela lekgetho go sa ntse go baka thubakanyo gompieno. Dikgang tsa BBC di bega jaana: “Balemirui ba babedi [ba kwa Asia] ba ne ba bolawa ngogola fa mapodise a ne a tlhasela motse mongwe o mo go one balemi ba neng ba ngongoregela makgetho a a kwa godimo.”

Le fa go ntse jalo, ga se bahumanegi fela ba ba sa batleng go duela makgetho. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo Afrika Borwa e ne ya bontsha gore batho ba le bantsi ba ba humileng ba ba duelang lekgetho “ga ba batle go duela makgetho a mantsintsi—tota le fa seno se ne se bolela gore puso e ne e se kitla e kgona go tokafatsa ditiro tse di botlhokwa mo go bone tse e di ba direlang.” Mo dikgannyeng go buiwa thata ka batho ba ba tumileng mo lefatsheng ba mmino, dibaesekopo, metshameko le dipolotiki, ka ntlha ya gore ba sa batle go duela lekgetho. Buka ya The Decline (and Fall?) of the Income Tax e boletse jaana: “Ka maswabi, badiredi ba rona ba bagolo ba puso, boporesidente ba rona le bone ruri ba ntse ba sa re tlhomele sekao se sentle sa go kgothatsa batho go ikobela molao wa lekgetho.”

Gongwe le wena o na le maikutlo a gore makgetho a mantsi thata le gore a a gobelela. Ka jalo he, o tshwanetse wa leba jang go duela makgetho? A a thusa ka tsela nngwe? Ke ka ntlha yang fa gantsi melao e e laolang makgetho e raraane e bile e lebega e gobelela jaana? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseno.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Mo dinageng tse di tlhabologang bahumanegi ba sikere mokgweleo o o ba imelang wa lekgetho

[Motswedi wa Setshwantsho]

Godo-Foto