Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Lwantsha Jang Dikeletso Tse di sa Siamang?

O ka Lwantsha Jang Dikeletso Tse di sa Siamang?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

O ka Lwantsha Jang Dikeletso Tse di sa Siamang?

“Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.”—BAROMA 7:21.

PAULO a ka tswa a ne a leka thata go feta le fa e ka nna moaposetoloi ofe go kgothaletsa batho ba bangwe gore ba latele melaometheo ya maemo a a kwa godimo ya Bokeresete. (1 Bakorintha 15:9, 10) Le fa go ntse jalo, o ne a bua mafoko a a fa godimo a sa fitlhe. Mogopolo wa gagwe o ne wa tshwanela go nna o ntse a lwantsha dikeletso tse di sa siamang. A o kile wa ikutlwa kafa moaposetoloi Paulo a neng a ikutlwa ka gone? Eleruri e re ka re le dibopiwa tse di sa itekanelang, ke mang mo go rona yo a iseng a nne le ntwa e e ntseng jalo ya mogopolo?

Mo bathong ba le bantsi go thata tota go lwa le dikeletso tse di sa siamang. Ba bangwe ba lwa le go kgotsofatsa keletso ya boitsholo jo bo sa siamang. Batho ba bangwe ba fetogile makgoba ka ntlha ya go tshwakgolwa ke go betšha, motsoko, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa bojalwa. Fa re tshwenngwa ke dikeletso tse di sa siamang le tse di kotsi, re ka di lwantsha jang? Ke eng se se ka re thusang? A ntwa kgatlhanong le dikeletso tse di sa siamang e tla tsamaya e fela?

Lorato—Tsela e e Molemolemo ya go Lwantsha Dikeletso Tse di sa Siamang

Jesu o ne a tlhalosa ditaolo di le pedi tse dikgolo mo Molaong wa ga Moshe. Ya ntlha ya re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Fa re rata Modimo ka lorato lo Jesu a rileng re mo rate ka lone, keletso ya rona e kgolo e tla nna go mo itumedisa. Fa re na le keletso eo e e siameng ya go batla go mo itumedisa re tla kgona go lwantsha le dikeletso tse di sa siamang tse go leng thata tota go di lwantsha! Seno ga se kgopolo fela e e ka se kang ya kgonega. Bakeresete ba le dimilione ba atlega letsatsi le letsatsi mo ntweng ya go lwantsha dikeletso tse di sa siamang. O ka dira jang gore o rate Modimo jalo? Ka go tlhatlhanya ka kanaanelo ka bomolemo jwa gagwe jo re bo bonang mo dilong tse a di bopileng, mo Baebeleng le mo tseleng e a dirisanang le mongwe le mongwe wa rona ka yone.—Pesalema 116:12, 14; 119:7, 9; Baroma 1:20.

Taelo ya bobedi e kgolo e Jesu a e umakileng ke e e reng: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Moaposetoloi Paulo o ne a re lorato “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang” e bile “ga lo ipatlele melemo ya lone fela.” Ka jalo, lorato loo lo e seng lwa bopelotshetlha lo tla re thusa gore re se ka ra itshwara ka tsela e e ka utlwisang ba bangwe botlhoko. (1 Bakorintha 13:4-8) Re ka lo tlhagolela jang? Ka go ipaya mo maemong a batho ba bangwe mme ka bopeloephepa re amege ka tsela e ba ikutlwang ka yone le ka gore ba nne ba itumetse.—Bafilipi 2:4.

Ke Eng Se se Ka re Thusang?

E re ka Modimo a tlhaloganya kafa go leng thata ka gone gore re dire dilo tse di siameng, o re neile ditsela di le mmalwa tse di ka re thusang. Ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng e leng Baebele, o re ruta gore re tlhoe se se bosula mme re mo tlotle ka tsela e e tshwanetseng. (Pesalema 86:11; 97:10) Baebele e na le dipego tsa dilo tse di diragetseng tota tse di supang ditlamorago tse di botlhoko tsa go ineela mo dikeletsong tse di sa siamang. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re Modimo o tla re naya moya wa Gagwe o o boitshepo fa re o kopa, e leng maatla a magolo go feta otlhe mo lobopong. (Luke 11:13) O ka nonotsha maitlhomo a rona a go dira se se siameng. Tsela e nngwe gape e a re thusang ka yone ke ka go engwa nokeng le go kgothadiwa ke Bakeresete ba bangwe ba le bone ba lwang le dikeletso tse di sa siamang. (Bahebera 10:24, 25) Fa re emisetsa ditlhotlheletso tseno tse di bosula ka tse di molemo, seo se tla re thusa mo ntweng ya rona ya go dira se se siameng. (Bafilipi 4:8) A tota go dira jalo go a thusa?

Akanya ka Fidel, yo batho ba a agileng le bone ba neng ba mo itse e le letagwa. Fa a tagilwe, o ne a goga motsoko, a betšha e bile a lwantsha batho ba bangwe. Go ithuta Baebele le go kopanela le Basupi ba ga Jehofa go ne ga mo thusa gore a tlogele mekgwa eo. Gone jaanong ene le mosadi wa gagwe le bana ba bone ba babedi ba tshela botshelo jo bo botoka thata.

Mongwe a ka nna a re, ‘Mme go tweng fa nka boela gape mo mekgweng eo?’ Moaposetoloi Johane o ne a bua ka kgang eo. O ne a kwala jaana: “Bana ba me ba bannye, ke lo kwalela dilo tseno gore lo se ka lwa leofa. Mme le fa go ntse jalo, fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami. Mme ene ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona, le fa go ntse jalo e seng sa a rona fela mme le sa a lefatshe lotlhe.” (1 Johane 2:1, 2) Ee, setlhabelo sa ga Jesu se bipa diphoso tsa motho yo o ikwatlhayang mme a leka ka natla go fetoga gore a itumedise Modimo. Ka ntlha ya thulaganyo eo, ga go lebaka le le utlwalang la gore motho a tlogele go lwa ntwa eno ya go dira se se siameng.

Dikeletso Tse di sa Siamang di Tla Fenngwa

Fa re godisa lorato lo re ratang Modimo le baagelani ba rona ka lone mme re letla Modimo gore a re thuse, le e leng jaanong re ka kgona go atlega mo ntweng ya rona kgatlhanong le dikeletso tse di sa siamang. Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore ga re kitla re lwa jalo go ya go ile. Go ise go ye kae, ba ba dirisang tshiamelo ya dilo tsa semoya tse Modimo a re nayang tsone ba tla fodisiwa gotlhelele, mo nameng le mo semoyeng. (Tshenolo 21:3-5; 22:1, 2) Ba tla gololwa mo mokgweleong wa boleo le mo losong lo lo bakiwang ke boleo. (Baroma 6:23) Kafa letlhakoreng le lengwe ba ba ikaeletseng go nna ba tswelela ka dikeletso tse di leswe le tse di kotsi ga ba kitla ba amogela masego ao.—Tshenolo 22:15.

Ruri go a gomotsa go itse gore ga re kitla re lwa le dikeletso tse di sa siamang go ya go ile. Di tla fedisediwa ruri. A bo e tla bo e le kgololesego jang ne!