Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itemela Dijo mo Tshingwaneng ya Gago

Go Itemela Dijo mo Tshingwaneng ya Gago

Go Itemela Dijo mo Tshingwaneng ya Gago

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CENTRAL AFRICAN REPUBLIC

LETSATSI le letsatsi batho mo dinageng di le dintsi ba tshwenyegile ka gore ba tla tlamela ba malapa a bone jang. Tsela e merogo e e tlwaelegileng e turang ka yone, gantsi e dira gore seno e nne bothata tota. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ile ba bona tharabololo e e lebegang e le motlhofo—go itemela dijo!

Gongwe o ka tswa o batla go simolola go itemela tshingwana. Ke boammaaruri gore, go ka tswa go se na lebala le le lekaneng mo legaeng la gago, le fa go ntse jalo, gongwe go na le lebala lengwe gaufi le o ka lemang mo go lone. Akanya ka madi a o ka a somarelang ka go itemela dijo tse di monate le tse di nang le dikotla! E bile go lema tshingwana e ka nna tsela ya gore o ikatise mmele jaaka go tlhokega. Gape tshingwana e ka nna selo se se ka dirwang ke lelapa lotlhe se bana ba gago ba tla se itumelelang. Eleruri, go lema tshingwana ya merogo go a ruta. Go ruta motho dinonofo tse di jaaka bopelotelele. (Jakobe 5:7) Mo godimo ga moo, go leba dijalo fa di ntse di gola, go ka go atametsa gaufi le Mmopi wa dilo tsotlhe tse di molemo.—Pesalema 104:14.

Le fa go ntse jalo, o se ka wa akanya gore go itemela dijo e tla nna kgetse e e potlana kgotsa gore o tla bona matswela ka bonako. Mme gone, fa o ikemiseditse e bile o na le kitsonyana malebana le se o tshwanetseng go se dira, o ka atlega!

Lelapa Lengwe le a Atlega

Ka sekai, akanya ka Timothée le Lucie—banyalani ba Bakeresete ba ba nang le bana ba babedi, ba legae la bone le leng kwa Bangui, motsemoshate wa Central African Republic. Ba ne ba lemoga gore go itemela tshingwana ke tsela e e molemo le e e itumedisang tota ya go somarela madi.

Fa Lucie a ne a le dingwaga tse 13, o ne a itemela tshingwana gaufi le legae la gaabo, a dira mo go yone fa a tswa sekolong le mo mafelobekeng. O ne a itumelela go bona dijalo di gola sentle mo go yone. Le fa go ntse jalo, go ile ga feta dingwaga di le dintsi pele a akanyetsa go lemela lelapa la gagwe tshingwana. O ne a rulaganya go dirisa lebala le le fa gaufi le tota e neng e le thotobolo ya matlakala. Lucie o ne a lemoga gore lebala leno le ka dirisiwa ka tsela e e molemo tota. Go na le gore thotobolo eno e nne lebala le le se nang mosola, go bola ga matlakala a yone fa dingwaga di ntse di feta go ne ga dira gore go nne molemo go jala mo mmung wa yone. Lucie le Timothée ba ne ba swetsa ka gore ba fetole lebala leo tshingwana e e ungwang sentle thata.

Ba a Simolola

Le fa go ntse jalo, sa ntlha, ba ne ba tshwanelwa ke go dira dipatlisiso dingwe. Ba ne ba bua le batho ba bangwe ba ba neng ba na le kitso ka ga go lema merogo mme ba ba reetsa ka kelotlhoko. E re ka lebala le ba neng ba batla go le dirisa le ne le tlhoka metsi a go nosetsa dijalo, ba ile ba bo ba ithuta go ikepela sediba. Gape ba ne ba thusiwa thata ke go bala dibuka tse di ka ga go lema tshingwana.

Ba ne ba bala ka tsela e dijalo di amang kgolo ya tse dingwe ka yone, e bile ba ile ba ithuta gore dijalo dingwe di a thusana gore di gole sentle. Le fa go ntse jalo, dijalo dingwe tsone di kgoreletsa tse dingwe go gola. Bangwe ba re digwete le ditamati di gola sentle fa di jetswe mmogo mo tshingwaneng ya merogo. Celery le yone e gola sentle fa e jetswe mmogo le cauliflower. Dill e gola sentle fa e jetswe mmogo le dierekisi, di-cucumber, lettuce le dieie. Le fa go ntse jalo, lettuce e tala le parsley ga di gole sentle fa di jetswe mmogo. Dinawa le dierekisi ga di gole sentle fa di jetswe le dieie. Fa dijalo di sa gole sentle fa di jetswe mmogo, di a koafala di bo di tlhaselwa motlhofo ke diji le ditshenekegi tse di kotsi.

Gape Timothée le Lucie ba ne ba ithuta gore ga ba a tshwanela go jala mofuta o le mongwe fela wa morogo mo lebaleng lotlhe. Ba ne ba ka latlhegelwa ke sengwe le sengwe fa mofuta oo wa morogo o ne o ka tlhaselwa ke ditshenekegi kgotsa bolwetse. Go lema dijalo tse di farologaneng tse di tlhophilweng sentle go ne ga ba thusa gore ba se ka ba tlhagelwa ke bothata joo. Di-herb le dithunya di ne di kgabisa tshingwana ya bone ya merogo, di dira gore e kgatlhe le gore e nne ntle, e bile di ne di ngoka dinotshe le ditshenekegi tse dingwe tse di mosola tse di dirang gore ditshingwana di nne di le mo boemong jo bontle.

Gape banyalani bano ba ne ba bona ditsela tsa go tila go gasa dijalo tsa bone ka dilo tse di botlhole. Ba ne ba ithuta gore go jala konofole fela go ka thusa go leleka diji dingwe mo tshingwaneng. *

Timothée le Lucie ba ne ba tshwanelwa ke go dira ka natla le go nna pelotelele, le fa go ntse jalo, gompieno ba na le tshingwana e e ungwang sentle tota. E ungwa dikhabetšhe, parsley, ditamati, digwete, di-cucumber le di-eggplant—ka dinako tse dingwe di nna dintsi jaana mo lelapa le sa kgoneng go di fetsa!

Itemele Tshingwana!

Le fa go ntse jalo, ga se mo Afrika fela mo batho ba ileng ba lemoga mosola wa go itemela tshingwana. Ka sekai, kwa Jeremane, go na le ditshingwana tse di fetang milione tse di abelwang batho ba ba nnang mo ditoropong. Ditshingwana tseno, tse ka dinako tse dingwe di bidiwang Schrebergaerten (tse di reeletsweng ka ngaka nngwe ya Mojeremane e bong Daniel Schreber), ke mabalanyana a mantsi a a bapileng (a bogolo jo bo magareng ga disekweremetara di le 200 le 400) a a hirisediwang banni ba toropo. Go ya ka mmatlisisi mongwe, ditshingwana tseno di “thusa thata gore go nne le maungo le merogo e e foreshe.” Gape balemi ba tsaya ditshingwana tseno e le mabalanyana a “paradaise”—lefelo le ba ka berekang le go iketla mo go lone.

Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae, lefatshe lotlhe e tla nna tshingwana e kgolo—paradaise ya mmatota. (Luke 23:43) Le fa go ntse jalo, gongwe fa o sa ntse o letetse nako eo o ka ipatlela lebala o bo o itumelela go itemela dijo mo tshingwaneng ya gago.

[Ntlha e a kwa tlase]

^ ser. 13 dingwe malebana le ditsela tsa go leleka ditshenekegi mo tshingwaneng kwantle ga go dirisa dibolayaditshenekegi, bona setlhogo se se reng “Gardening the Organic Way,” mo makasineng wa Tsogang! ya March 22, 2002, ka Seesemane.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Timothée le Lucie ba gela tshingwana ya lelapa la bone metsi

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Nngwe ya ditshingwana tse di abelwang batho kwa Munich, Jeremane