Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Melemo ya Kalafi e e Dirilweng ka Dimela E ka Go Thusa?

A Melemo ya Kalafi e e Dirilweng ka Dimela E ka Go Thusa?

A Melemo ya Kalafi e e Dirilweng ka Dimela E ka Go Thusa?

KE BOGOLOGOLO go ntse go dirisiwa melemo ya kalafi e e dirilweng ka dimela go alafa malwetse. Buka e e bidiwang Ebers Papyrus e e kwadilweng kwa Egepeto mo e ka nnang mo lekgolong la bo16 la dingwaga B.C.E., e na le mefuta e le makgolokgolo ya melemo ya setso e e dirisediwang go alafa malwetse a a farologaneng. Le fa go ntse jalo, go ne go tlwaelegile gore kokomana nngwe le nngwe e tlhalosediwe tsela ya go alafa ka melemo e e dirilweng ka dimela.

Go bonala melemo e e dirilweng ka dimela e e dirisiwang kwa dinageng tsa bophirima e simolotswe ke mokwadi wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga yo e neng e le ngaka ya Mogerika e e bidiwang Dioscorides yo o kwadileng buka ya De Materia Medica. E ne ya nna yone buka ya kalafi e e di gogang kwa pele mo dingwageng di le 1 600 tse di latelang. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go alafa ka melemo e e dirilweng ka dimela go sa ntse go ratiwa thata. Kwa Jeremane, dithulaganyo tsa puso tsa boitekanelo di duela ditshenyegelo tsa melemo e e dirilweng ka dimela e ngaka e e kwaletseng molwetse.

Melemo e e dirilweng ka dimela le yone e na le dikotsi le fa ka dinako tse dingwe batho bangwe ba bolela gore melemo ya setso ga e bakele molwetse mathata ape fa e bapisiwa le melemo ya segompieno ya sekgoa. Ka jalo, go tsoga dipotso tse di reng: Ke dilo dife tse di botlhokwa tse motho a tshwanetseng go di akanyetsa ka kelotlhoko fa a akanyetsa go dirisa kalafi ya melemo e e dirilweng ka dimela? Mme a go na le maemo mangwe a mo go one mofuta mongwe wa kalafi o ka nnang molemo go feta o mongwe? *

Kafa Melemo e e Dirilweng ka Dimela e ka Thusang ka Gone

Gantsi go bolelwa gore melemo e e dirilweng ka dimela e thusa thata. Go akanngwa gore mengwe ya yone e lwantsha go tshwaediwa ke megare. E mengwe yone ga twe e thusa go sila dijo, go ritibatsa motho fa a tshogile, go berekisa mala kgotsa go alafa merurugo mengwe mo mmeleng.

Melemo e e dirilweng ka dimela e ka dirisiwa e le dikotla kgotsa melemo. Ka sekai, dimela dingwe tse di jaaka parsley tse di nang le potassium e ntsi, di thusa motho gore a se ka a nna le bothata jwa go tlhapologa. Potassium e e leng mo dimeleng tseno e busetsa dikotla tseno tse di botlhokwa tse di duleng mo mmeleng fa motho a tlhapologa. Ka tsela e e tshwanang, semela sa valerian (Valeriana officinalis), se se sa bolong go dirisiwa e le seokobatsi, se na le calcium e ntsi. Calcium eno e ka oketsa tsela e molemo ono o o okobatsang o o dirilweng ka dimela o dirang ka yone mo ditshikeng tsa boboko.

Kafa Melemo e e Dirilweng ka Dimela e ka Dirisiwang ka Gone

Melemo e e dirilweng ka dimela e ka nowa ka ditsela tse di farologaneng, jaaka mo teeng, ka go e bedisa o bo o nwa metsi a teng, ka go tswakanya metsi a semela seno le bojalwa le ka go e dirisa e le ditlolo tsa kalafi. Tee e dirwa ka go tshela metsi a a belang mo godimo ga semela seno. Mme baitse ba bolela gore melemo e e dirilweng ka dimela e e tshelwang mo teeng, ga e a tshwanela go bedisiwa mo metsing. Go bedisa medi ya dimela le lekwati la teng go dira gore kalafi e e mo go tsone e tswakane le metsi.

Go tweng ka e e tswakanngwang le bojalwa? Buka nngwe ya re eno “ke e e dirilweng ka bojalwa jo bo tswakilweng, borenti kgotsa vodka.” Gape go na le ditlolo tsa kalafi tse di dirwang ka ditsela tse di farologaneng. Gantsi di tshasiwa mo dikarolong tsa mmele tse di botlhoko.

Go farologana le dibitamine dingwe tse dintsi le diokobatsi, melemo e le mentsi e e dirilweng ka dimela e tsewa e le dijo mme gantsi e ka nowa e le yosi motho a sa ja sepe. Gape e ka nowa jaaka dipilisi e leng yone tsela e e motlhofo le e e monate ya go e nwa. Fa o swetsa ka gore o tla dirisa kalafi ya melemo e e dirilweng ka dimela, go molemo gore o batle kgakololo ya ngaka.

Go ya ka setso, melemo e e dirilweng ka dimela e ne e dirisediwa go alafa mofikela, go bipelwa, go bofega mala, go tlhoka boroko le go feroga sebete. Le fa go ntse jalo, melemo e e dirilweng ka dimela e dirisediwa gape malwetse a a masisi—e seng fela go a alafa mme le go a thibela. Ka sekai, kwa Jeremane le kwa Austria, go dirisiwa pele molemo o o dirilweng ka semela o o bidiwang saw palmetto (Serenoa repens) go alafa bolwetse jwa prostatic hyperplasia (e leng go ruruga ga kgeleswa ya setlha). Mo dinageng dingwe, bolwetse jono bo setse bo tshwara diperesente di le 50 go ya go di le 60 tsa banna. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore ngaka e nne yone e e tlhatlhobang gore ke eng se se bakang go ruruga moo e le go tlhomamisa gore boemo joo ga bo tlhoke kalafi e e tseneletseng jaaka ya fa motho a tshwerwe ke kankere.

Dilo Tse Dingwe Tse di Tshwanetseng go Elwa Tlhoko

Le fa gone melemo mengwe e e dirilweng ka dimela e ka tsewa e le e e sa bakeleng molwetse mathata ape, go botlhokwa gore motho a nne kelotlhoko. O se ka wa tsiediwa fela ke go bona molemo oo o kwadilwe gore “ke wa tlholego.” Encyclopedia e e buang ka melemo e e dirilweng ka dimela ya re: “Boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa ke gore melemo mengwe e e dirilweng ka dimela e kotsi thata. [Ka maswabi] batho bangwe ga ba akanye pele ba ka nwa melemo e e dirilweng ka dimela e ka tswa e le kotsi kgotsa e se kotsi.” Kalafi e e fitlhelwang mo melemong eno e ka fetola tsela e pelo e itayang ka yone, kgatelelo ya madi le selekanyo sa sukiri mo mmeleng. Ka jalo, batho ba ba nang le mathata a pelo, kgatelelo e e kwa godimo ya madi le bolwetse jwa sukiri ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata.

Le fa go ntse jalo, gantsi ditlamorago tsa go dirisa melemo e e dirilweng ka dimela di bonwa ka dialeji. Ditlamorago tseno di akaretsa go opiwa ke tlhogo, go tsewa ke sedidi, go feroga sebete kgotsa go tswa mmokwane. Gape, go bolelwa gore melemo e e dirilweng ka dimela e oketsa “matshwao a bolwetse” a a jaaka mofikela kgotsa matshwao a bolwetse bongwe bo sele fa e fodisa motho. Motho yo o nwang melemo e e dirilweng ka dimela a ka nna a lwala thata pele ga a ka nna botoka. Go bolelwa gore fa motho a lwala jalo ke gone fa molemo o o dirilweng ka dimela o simolola go bereka o ntsha bolwetse mo mmeleng wa motho.

Lebaka la go bo gangwe le gape batho bangwe ba bolawa ke go nwa melemo e e dirilweng ka dimela le supa gore motho o tshwanetse go nna kelotlhoko le go kaelwa ke mongwe yo o e itseng. Ka sekai, molemo o o dirilweng ka semela sa ephedra, o gantsi batho ba o nwang go fokotsa boima jwa mmele gape o ka oketsa kgatelelo e e kwa godimo ya madi. Dintsho tse di fetang 100 tsa kwa United States di amanngwa le molemo ono wa ephedra le fa gone ngaka nngwe ya kwa San Francisco e e bidiwang Steven Karch e ne ya re: “Dipego fela tse ke di itseng tsa batho ba ba neng ba swa [fa ba sena go nwa ephedra] ke tsa ba ba neng ba na le mathata a a masisi a pelo kgotsa ba ba neng ba nole selekanyo se se feteletseng.”

Dr. Logan Chamberlain yo e leng mokwadi wa buka e e buang ka melemo ya tlaleletso e e dirilweng ka dimela o bolela jaana: “Mo e batlileng e le pego nngwe le nngwe ya dingwaga tsa bosheng jaana e e kaga ditlamorago tse di kotsi tsa go dirisa melemo e e dirilweng ka dimela e bakilwe ke go bo batho ba sa latele ditaelo tse di kwadilweng mo molemong oo. . . . Ditaelo tse di kwadilweng mo molemong o o ikanngwang di bolokesegile e bile ke tsa tlhago. O se ka wa di itlhokomolosa kwantle fela ga fa o bone kgakololo e e tswang mo ngakeng e e katisitsweng e e alafang ka go dirisa melemo e e dirilweng ka dimela.”

Ngaka e e bidiwang Linda Page e e alafang ka go dirisa melemo e e dirilweng ka dimela e re gakolola ka go re tlhagisa jaana: “Le fa motho a lwala thata, o tshwanetse go nwa selekanyo se se lekanetseng, ka gonne go nwa ka tsela e e feteletseng go ka nna kotsi. O ka kgona go nna le ditlamorago tse di molemo fa o ipha nako e e lekaneng ya go fola le fa o itlhokomela sentle. Go tsaya nako go fola.”

Buka e e buang ka melemo e e dirilweng ka dimela e tlhalosa gore melemo mengwe e e dirilweng ka dimela e kgona go thibela motho go nwa ka tsela e e feteletseng ka go dira gore a nne le ditlamorago dingwe fa a e nole ka tsela e e feteletseng. Ka sekai, molemo mongwe o o dirisediwang go lapolosa mmele o dira gore motho a kgwe fa a o nole go feta selekanyo. Le fa go ntse jalo, seno ga se direge mo melemong yotlhe e e dirilweng ka dimela ka jalo go sa ntse go tlhokega gore motho a o nwe ka tsela e e lekanyeditsweng.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba dumela gore molemo o tshwanetse go nowa ka selekanyo se se tshwanetseng e le gore o kgone go bereka sentle. Tsela e le nngwe fela ya go dira jalo ke ka go nwa metsi a tsone. Go ntse jalo ka molemo wa ginkgo biloba o o neng o dirisiwa bogologolo go tokafatsa tsela e mogopolo wa motho o dirang ka yone e re ka go tlhokega dikilogerama di le dintsi tsa matlhare ano gore motswako wa teng o nne le maatla.

Kotsi Ya go Di Tswakanya le Melemo ya Sekgoa

Melemo e e dirilweng ka dimela e ka thulana le melemo ya sekgoa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, e ka dira gore seokobatsi se bereke kgotsa se se ka sa bereka sentle kgotsa ya dira gore se fele ka bonako mo mmeleng mme seno se ka dira gore go nne le ditlamorago tse di kotsi. Molemo o o dirilweng ka semela o o bidiwang St. John’s wort o o dirisiwang thata kwa Jeremane go alafa go gatelelwa go sekae mo maikutlong o dira gore diokobatsi tse dingwe di tswe ka bonako jo bo fetang jo bo tlwaelegileng mo mmeleng mme seo se fokotsa maatla a tsone. Ka jalo fa o nwa seokobatsi sengwe se o se neilweng ke ngaka, go akaretsa le dipilisi tsa thibelapelegi, kopa kgakololo ya ngaka pele ga o nwa melemo e e dirilweng ka dimela.

Buka e e buang ka kalafi e e dirilweng ka dimela ya re: “Bojalwa, marijuana, khokeine, diokobatsi tse dingwe tse di fetofetolang maikutlo le motsoko di ka nna kotsi thata fa di tswakanngwa le melemo mengwe e e dirilweng ka dimela. . . . Fa o le kelotlhoko o tla tila [diokobatsi tseo] segolobogolo fa o lwala.” Gape, basadi ba baimana le ba ba anyisang ba tshwanetse go tsaya kgakololo eo tsia thata. Mme fa e le ka motsoko le diokobatsi tse di tshwakgolang, Bakeresete ba sireletsegile mo go tsone ka go tsaya tsia kgakololo ya Baebele ya gore ba “intlafatse leswe lengwe le lengwe la nama le moya.”—2 Bakorintha 7:1.

Buka nngwe e tlhagisa jaana fa e bua ka melemo e e dirilweng ka dimela: “Fa o ka ima o ntse o nwa melemo e e dirilweng ka dimela, itsise ngaka ya gago mme o emise go e nwa go fitlha o tlotla kgang eo le ene. Leka go gakologelwa gore o ntse o nwa selekanyo se sekae sa molemo oo le gore o na le nako e kae o ntse o o nwa.”

Encyclopedia nngwe e e buang ka melemo e e dirilweng ka dimela ya re, “go na le dikotsi di le dintsi fa motho a ikalafa ka [melemo e e dirilweng ka dimela].” Mo lebokosong le le tsamaisanang le setlhogo seno le le reng, “Dikotsi Tsa go Ikalafa,” o tla fitlhela lenaane la dikotsi tse di ka nnang gone fa motho a dirisa melemo e e dirilweng ka dimela.

Fela jaaka go ntse ka melemo yotlhe ya kalafi, melemo e e dirilweng ka dimela e tshwanetse go dirisiwa ka kelotlhoko, ka kitso tota le ka tekanyo—mme gape o gakologelwe gore malwetse mangwe ga a na kalafi gone jaanong. Bakeresete ba boammaaruri ba lebeletse pele nako e ka yone selo se se bakileng bolwetse le loso—e leng bosaitekanelang jo re bo gotsitseng mo batsading ba rona ba ntlha—se tla bong se tloseditswe ruri kafa tlase ga puso e e molemo ya Bogosi Jwa Modimo.—Baroma 5:12; Tshenolo 21:3, 4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Tsogang! ga se lokwalopaka lwa kalafi, ka jalo ga e kgothaletse mofuta o o rileng wa kalafi, dijo, melemo e e dirilweng ka dimela kgotsa kalafi le fa e ka nna efe. Boikaelelo jwa setlhogo seno ke go baya babadi mo leseding ka mofuta ono wa kalafi. Babadi ba tshwanetse go itirela tshwetso mo dikgannyeng tsa botsogo le tse di amang kalafi.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Dikotsi Tsa go Ikalafa

Tseno ke dikotsi tsa go dirisa melemo e e dirilweng ka dimela kwantle ga kgakololo ya ngaka.

O ka tswa o sa itse gore tota o tshwerwe ke eng.

Melemo e o ikalafang ka yone e ka tswa e sa tshwanela bolwetse jwa gago le fa gone o itse gore o tshwerwe ke eng.

Tsela e o ikalafang ka yone e ka diegisa kalafi e boikaelelo jwa yone e leng go fedisa bolwetse gotlhelele, e bile e le kalafi e e botlhokwa le e e tshwanetseng.

Melemo ya gago ya go ikalafa e ka lwantshana le diokobatsi tse o di filweng ke ngaka—ka sekai, melemo e e alafang aleji kgotsa kgatelelo e e kwa godimo ya madi.

Melemo e o ikalafang ka yone e ka fodisa bolwetse jo bo sa reng sepe jo bo go tshwereng mme e ka gakatsa bothata jo bongwe jwa botsogo jo bo jaaka kgatelelo e e kwa godimo ya madi.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dintlha tseno di tserwe go: Rodale’s Illustrated Encyclopedia of Herbs