Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlhaloganyo Tse di Tshwenyegileng

Ditlhaloganyo Tse di Tshwenyegileng

Ditlhaloganyo Tse di Tshwenyegileng

NICOLE o sa le a nna le dinako tsa go hutsafala a na le dingwaga tse 14. Le fa go ntse jalo, fa a le dingwaga tse 16, o ne a simolola go diragalelwa ke sengwe se sesha—go itumela ka tsela e e feteletseng le go nna matlhagatlhaga ka tsela e e sa tlwaelegang. O ne a akanya dilo di le dintsi, a bua dilo tse di sa utlwaleng e bile a tlhorega boroko, mme gape a belaela ditsala tsa gagwe kwantle ga mabaka gore di ne di mo dirisa gore di solegelwe molemo. Go tswa foo, Nicole o ne a bolela gore fa a rata a ka fetola mebala ya dilo. Ka nako eno, mmaagwe Nicole o ne a lemoga gore Nicole o tlhoka thuso ya kalafi, ka jalo o ne a mo isa kwa bookelong. Fa dingaka di sena go tlhatlhoba ka kelotlhoko tsela e Nicole a neng a fetofetoga maikutlo ka yone, kgabagare di ne tsa lemoga gore o na le bolwetse bofe: Nicole o ne a na le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. *

Fela jaaka Nicole, batho ba le bantsi mo lefatsheng ba na le bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo—e ka tswa e le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng kgotsa mofuta mongwe wa bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jo bo tlhokang kalafi. Ditlamorago tsa malwetse ano di ka nna botlhoko tota. Steven yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng a re: “Ke feditse dingwaga di le dintsi ke tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ke na le go hutsafala thata go tswa foo ke bo ke itumela ka tsela e e feteletseng. Kalafi e ke neng ka e newa e ne ya nthusa mme ke ne ke sa ntse ke goga bokete.”

Malwetse a go fetofetoga maikutlo a bakwa ke eng? Batho ba ba nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng ba ikutlwa jang? Batho ba ba nang le malwetse ano—le batlhokomedi ba bone—ba ka newa jang thuso e ba e tlhokang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Tsweetswee ela tlhoko gore mangwe a matshwao ano a ka bontsha gore motho o na le bolwetse jwa go fapoga tlhaloganyo, o dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang, kgotsa o diragalelwa ke diphetogo tse di tlwaelegileng tsa fa motho a tsena mo dingwageng tsa bosha. Motho o tshwanetse go tlhomamisega gore o na le bolwetse bofe fela fa a sena go tlhatlhobiwa ka botlalo ke ngaka.