Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bothata Jwa go se Robale mo go Lekaneng—A bo Golela Pele?

Bothata Jwa go se Robale mo go Lekaneng—A bo Golela Pele?

Bothata Jwa go se Robale mo go Lekaneng—A bo Golela Pele?

DIMILIONEMILIONE tsa batho gompieno di na le “bothata” jo bo masisi. Bothata jono e ka nna jone lebaka le legolo le le dirang gore ba thule ka dikoloi tsa bone, ba latlhegelwe ke ditiro le e leng go nna le mathata mo manyalong a bone. Bo ka ama botsogo jwa bone ka tsela e e sa siamang le boleele jwa botshelo jwa bone. Bothata jono ke jo bo ka koafatsang thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse, e leng se se ka dirang gore motho a tlhaselwe motlhofo ke malwetse a a farologaneng. Malwetse a a farologaneng a a jaaka bolwetse jwa sukiri, bolwetse jwa pelo le go nona ka tsela e e feteletseng le malwetse a mangwe, a ile a amanngwa le jone. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba amiwang ke bothata jono ga ba bo tseye tsia.

Selo se se bakang mathata ano ke go se robale mo go lekaneng, e leng go se robale ka selekanyo se se tlhokegang gore motho a nne le botsogo jo bo siameng. Bothata jono bo ka bakwa ke fa motho a itima boroko ka boomo ka ntlha ya tsela e a tshelang ka yone kgotsa a palelwa ke go robala ka ntlha ya bolwetse.

Babatlisisi ba tsa kalafi ba fopholetsa gore gone jaanong palo ya baagi ba lefatshe e itima boroko ka palogare ya ura e le nngwe bosigo bongwe le bongwe mo diureng tsotlhe tse ba tshwanetseng go di robala. Le fa seno se ka lebega e se bothata jo bo kalo, go itima boroko ka ura e le nngwe ga dibilione di le thataro tsa baagi ba lefatshe bosigo bongwe le bongwe go ile ga dira gore go dirwe dipatlisiso di le dintsi malebana le malwetse a a amanang le go se robale mo go lekaneng le tsela e a amang botshelo jwa batho ka yone.

Kwa tshimologong, baitse ba ba farologaneng ba tsa kalafi ba ne ba tsaya gore go tlhorega boroko ke jone fela bolwetse jo bo amanang le boroko. Le fa go ntse jalo, setlhopha sa batho ba ba dirang dipatlisiso se se neng sa simololwa ke Lekgotla le le Tlhomang Melao la United States se ne sa lemoga malwetse a mangwe a a farologaneng a le 17 a a amanang le boroko. Tota e bile, go tlhorega boroko go bakwa ke dilo di le dintsi mo e leng gore gantsi go tsewa e le letshwao la malwetse a mangwe, fela jaaka letshoroma e ka nna letshwao la bolwetse bongwe jo bo rileng.

Tota le go itima boroko ka sewelo fela go ka nna kotsi. Akanya ka sekai sa ga Tom. Le fa gone e le mokgweetsi wa lori yo o nang le maitemogelo, o ne a thula legora le le fa thoko ga tsela ka lori ya gagwe e kgolo mme dilitara di le 400 tsa sulfuric acid tsa tshologela mo tseleng eo. Tom o dumela molato wa gagwe jaana: “Ke ne ke otsela.” Dipatlisiso tse di neng tsa dirwa mo ditseleng tse pedi tse dikgolo tsa kwa United States di ile tsa fopholetsa gore bakgweetsi ba ba otselang ba ne ba baka mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa dikotsi tse di bolaileng batho.

Akanya gape ka dikotsi tse di ka nnang gone kwa tirong ka ntlha ya go bereka le modirimmogo yo o otselang. Mmatlisisi mongwe wa kwa Australia e bong Ann Williamson a re: “Fa [batsayakarolo] ba ba neng ba dirisiwa mo dipatlisisong ba sena go itima boroko ka diura di le 17 go ya go 19, diteko dingwe tse di neng tsa dirwa mo go bone di ile tsa bontsha gore ba ne ba bereka ka selekanyo se se lekanang kgotsa se se gaisiwang ke sa motho yo o nang le diperesente di le 0,05 [tsa bojalwa mo mading a gagwe.]” Ka mafoko a mangwe batho bano ba ne ba bereka jaaka e kete ba nole selekanyo sa bojalwa se mo dinageng dingwe se tsewang e le se se fetang se motho a letleletsweng go se nwa fa a kgweetsa! E re ka ngwaga le ngwaga mo lefatsheng lotlhe go nna le diketekete tsa dikotsi tsa tsela le tsa kwa tirong tse di bakwang ke go otsela, seno se dira gore go nne le tatlhegelo e kgolo ya madi mo tirong le go sotlega ga lelapa la motho yo o amegileng mo kotsing. *

Ke dilo dife tse di ka dirang gore motho a se robale mo go lekaneng? Nngwe ya dilo tseno e ka nna selo se gantsi se bidiwang 24/7—e leng go bereka diura di le 24 ka letsatsi, malatsi a le supa ka beke. USA Today e tlhalosa seno e re ke “bothata jo bogolo mo setšhabeng jo bo fetolang tsela e re tshelang ka yone” e bo e bontsha gore “palo e e oketsegang ya mabenkele le ditirelo dingwe tse di nnang di butswe diura di le 24 di bona dipoelo ka ntlha ya go itlhokomolosa go lekalekanya nako ya tiro le ya go robala.” Mo dinageng di le dintsi batho ba lebelela dithulaganyo tsa thelebishene bosigo jotlhe le go lebelela Internet ka nako e ba tshwanetseng ba bo ba robetse ka yone. Mme gape selo se sengwe se se bakang bothata jono ke malwetse a maikutlo, a gantsi a akaretsang go tshwenyega go go gakadiwang ke go ngomoga pelo le ke tsela e botshelo bo itlhaganetseng ka yone. Sa bofelo, go na le malwetse a a farologaneng a a ka dirang gore motho a se robale mo go lekaneng.

Dingaka di le dintsi di bolela kafa go leng boima ka gone go dira gore balwetse ba bone ba tseye tsia bothata jwa go se robale mo go lekaneng. Ngaka nngwe e ne ya ngongorega ka gore batho bangwe ba setse ba tsaya letsapa le le sa feleng e le “sengwe se se ba dirang gore ba lebege ba le botlhokwa.” Mme e re ka gantsi bothata jwa batho ba ba itimang boroko bo etegela ka iketlo, ba ka nna ba se ka ba lemoga gore ba na le bolwetse jo bo masisi jwa go se robale. Ba le bantsi ba bolela jaana, ‘Ke fela gore ke a tsofala’ kgotsa, ‘Ga ke kgone go lebana le botshelo ka katlego, ke ka moo ke sa kgoneng go bereka’ kgotsa, ‘Ke nna ke lapile ka dinako tsotlhe ka gonne nka se kgone go ikhutsa nako e telele jaaka fa go tlhokega.’

Go baakanya bothata jono jwa go se robale mo go lekaneng ke kgwetlho e kgolo tota. Mme gone go ithuta kafa medikologo ya go robala mo go lekaneng e dirang ka gone le go ithuta kafa o ka lemogang matshwao a go se robale mo go lekaneng ka teng go ka thusa motho go dira diphetogo tse di tshwanetseng. Go lemoga matshwao a bolwetse jo bo masisi jwa go se robale go ka namola botshelo jwa motho.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Go bolelwa fa letsapa le legolo e le lone le le bakileng bontsi jwa dikotsi tse di maswe go gaisa mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Bona Tsogang! ya February 8, 2001, tsebe 17.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Tota le go itima boroko ka sewelo fela go ka baka dikotsi tse di masisi