Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo”

“Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo”

“Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo”

Lekwalodikgang la kwa Mexico City la Excelsior la September 25, 2002, le ne la gatisa dikakgelo tsa mogatisi mongwe ka setlhogo se se umakilweng fa godimo. Se ne se kwadilwe ke Carlo Coccioli, mokanoki le mokwadi yo o itsegeng thata kwa Mexico. Setlhogo sa gagwe se ne sa simolola ka mafoko a a latelang.

“Ke sa tswa go wetsa go bala—kgotsa mma ke re go bala gape, kgotsa go feta moo ke re go boaboeletsa—bukana e e sa tlwaelegang thata e e khibidu—mme e seng e khibidu e e neng e tumile mo metlheng ya ga Mao Tse-tung. Buka eno yone [Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo *] ga se fela gore ke buka e e sa tlwaelegang fela thata, ka gonne go farologana le ‘Bukana e e Khibidu’ ya ga Mao Tse-tung e e feletsweng ke nako, yone go bonala e ka nna ya se ka ya nyelela. Ka bokhutshwane fela, nka re buka eno ke mpho e Basupi ba ga Jehofa ba e abelang lefatshe. Fa o e bapisa le dibuka tse dingwe, e nnye thata mo go tsone, mme e na le dintlha tse di molemo go gaisa. O ka kgona go tsamaya ka yone o e tsentse mo kgetsaneng ya gago, mme fa e le gore e ne e ka fitlhelwa mo laeboraring ya dibuka tse di farologaneng di le 90 000, gongwe e ne e tla nna yone e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe.”

Rre Coccioli o ne a tswelela ka go umaka nako ya fa a sa le mosha mme a tlhopha se a neng a batla go se ithutela. O ne a tlhalosa jaana: “Thutego e ke neng ka e tlhopha e ne e amana le selo se tlhaloganyo ya me e neng e se kgatlhegela le se se neng se intumedisa mo maikutlong: madumedi, segolobogolo a kwa Botlhaba.” O ne a bolela gore go ithuta madumedi go mo kgatlha thata le gore ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, o ne a amogela dikirii mo dithutong tsa bodumedi.

O tlhalosa jaana: “Ka gone, ke ikutlwa ke tshwanelega sentle go bolela gore bukana e e khibidu eno e ke ileng ka e newa, ke buka e e molemo le ya maemo a a kwa godimo e e buang ka madumedi a a farologaneng. . . . Lelapa lengwe le lengwe le tshwanetse la nna le [buka eno] gore le e bule, le e bale le go e boaboeletsa gangwe le gape. Ga e tlotlomatse bodumedi bope go feta jo bongwe, go na le moo, ke buka e e molemo e e buang ka setso sa motho yo o nang le tshekamelo ya go batlisisa masaitsiweng a a raraaneng a Modimo.”

Fa a konela setlhogo sa gagwe, Rre Coccioli o ne a kwala nomore ya mogala ya Mosupi yo o neng a mo abela buka eno. Fa e sa le go tloga ka nako eo, kgaitsadi yono o ntse a amogela megala ya batho ba ba kopang buka eno, ka gone ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Mexico e ile ya tlhomamisa gore botlhe ba ba ileng ba bontsha gore ba kgatlhegela buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo ba a e romelelwa. Motho mongwe yo o neng a kopa dibuka tseno di le 20 gore a di abele ba lelapa la gagwe le ditsala gone jaanong o gatetse pele sentle mo go ithuteng Baebele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bontsi jwa dibuka tseno tse di gatisitsweng bosheng ke tsa khabara e e seng thata mme e bile khabara ya tsone ga e khibidu.