Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Semela se se Gakgamatsang se se Tshelang Lobaka lo Loleele

Semela se se Gakgamatsang se se Tshelang Lobaka lo Loleele

Semela se se Gakgamatsang se se Tshelang Lobaka lo Loleele

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA NAMIBIA

GO FOKA phefo e e monate le e e lapolosang mono mo Sekakeng sa Namib se se mo borwabophirima jwa Afrika. Gompieno loapi lo apogile. Fa letsatsi le ntse le tlhaba, mogote le one o a oketsega. Leno ke lefelo le le tletseng dithota tsa motlhaba le mabala a a phaitsweng ke phefo. Dilo tse re di bonang fano di a re gakgamatsa. Re ipotsa gore mokoa ole wa matlhare a matala o re o bonang kwa pelenyana kwa ke eng. Fa re atamela, re lemoga gore seno ke sengwe sa dimela tse di sa tlwaelegang mo lefatsheng—Welwitschia mirabilis. Lefoko la bobedi mo leineng la semela seno ke Selatine mme le raya “sengwe se se gakgamatsang.”

Mafelo a di-welwitschia di fitlhelwang di itlhogela kwa go one ke a dikaka tsa Angola le Namibia fela. Dimela tseno di farologane le dimela tse dingwe thata jaana mo baitsesaense ba di tlhalosang e le setlhopha se se sa tshwaneng le tse dingwe se se nang le mofuta o le mongwe fela wa semela. Chris Bornman o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Welwitschia—Paradox of a Parched Paradise: “Mo mefuteng e ka nna 375 000 ya dimela tse batho ba di itseng, ga go na semela sepe se sengwe se baithutadimela ba ileng ba se kgatlhegela thata jaaka semela seno sa Welwitschia; le gone ga go na semela sepe se sengwe se se ileng sa tshwarisa batho bothata jaana malebana le gore se tsenngwe mo lenaaneng lefe la dimela.”

Dimela tsa welwitschia di ka lebega jaaka mokoa wa matlhare go dikologa sesana, mme tota semela seno se na le matlhare a mabedi fela. Matlhare ano a gagolakwa ke diphefo tsa sekaka gore a nne makgaoganyane. Leina la sone la Seburu tweeblaarkanniedood, tota le raya “matlhare-mabedi-ga-a-ke-a-swa.” Mme a bo leina leno le tshwanela jang ne! Mono mogote o a tle o fitlhe go didikirii di le 40 tsa Celsius motshegare mme bosigo go ka nna tsididi tota, go se na ditlhare dipe tse di fokotsang bogale jwa diphefo tse di tsubutlang ka maatla. Le fa bontsi jwa dimela di ikaegile gotlhelele ka medi ya tsone go monya metsi mo mmung, ga go a nna jalo ka semela seno sa welwitschia. Sekaka sa Namib se na le palogare e e kwa tlase ga dimilimetara di le 25 ya selekanyo se pula e nang ka sone ka ngwaga, mme ka dinako tse dingwe go feta dingwaga di le dintsi pula e sa ne! Mo maemong a a ntseng jalo, semela seno sa welwitschia se tswelela pele go gola se ntse se le mo maemong a a ntseng jalo mme matlhare a sone a nna a le matala. Baitsesaense ga ba bolo go ipotsa gore seno se kgonega jang. Go bonala seno se dirwa ke gore matlhare a welwitschia a monya mouwane wa mo mosong o o nnang gone mo sekakeng ka ntlha ya diphefo tse di fokang ka metlha tse di tswang kwa lobopong.

Semela seno sa welwitschia ga se tlhotlhorege matlhare se bo se tlhoga a mangwe gape. Matlhare a ntlha a mabedi ke one a a nnang a golela pele. Fa matlhare a semela seno a ne a phuthololwa, go ne ga fitlhelwa gore lengwe la one le boleele jwa dimetara di feta 8,8! Akanya fela gore go ne go tla direga eng fa dintlha tsa letlhare la semela sa welwitschia di ne di sa swe le go tlhotlhorega! Makasine wa tsa saense wa Veld & Flora o tlhalosa jaana: “Fa semela sa welwitschia se ne se ka tshela dingwaga di le 1 500, se ne se ka nna le letlhare la boleele jwa dimetara di le 225.” Mme gone, a tota semela seno se ka tshela lobaka lo lo kalo? The World Book Multimedia Encyclopedia e tlhomamisa jaana: “Dimela tsa welwitschia di gola ka bonya mme gantsi di tshela dingwaga di le 1 000 go ya go 2 000.”

Eleruri welwitschia ke semela se se gakgamatsang se se tshelang lobaka lo loleele. Ke eng se se dirang gore semela seno se kgone go tshela lobaka lo lo kalo mo maemong ao a a thata jaana a sekaka? Tota, re tshwanetse go leboga Motlhami yo o botlhale, Mmopi Jehofa Modimo, ene yo o dirang “dimela gore di dirisiwe ke batho.”—Pesalema 104:14.