Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sengwe se se Botoka go Gaisa Diphetogo

Sengwe se se Botoka go Gaisa Diphetogo

Sengwe se se Botoka go Gaisa Diphetogo

FA SETLHARE se ntsha maungo a a se nang mosola, bothata jono bo ka se rarabololwe ka go se kgaola dikala di le mmalwa. Setlhare seno se tshwanetse sa rengwa le go ntshiwa ka medi mo mmung. Morago ga moo, go tshwanetse ga jalwa setlhare se sengwe se se ungwang maungo a a molemo.—Mathaio 7:16-20.

Ka tsela e e tshwanang, balweladiphetogo ba ba nang le mekgele e e molemo ba leka go rarabolola fela matshwao a bosula jo bo direlwang setšhaba—tsietso, tshiamololo, go tingwa dilo tsa botlhokwa mo botshelong le go thukuthiwa. Le fa go ntse jalo, modi wa mathata ano o ikgarile kwa tengteng. Go tshwanetse ga fetolwa tsamaiso yotlhe. Seno ke sone se Baebele e se solofetsang.

Bogosi Jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong e e tla dirang se se fetang fela go rulaganya setšhaba sesha kgotsa go se fetola. Puso eo e tla tlisa tsela e e farologaneng gotlhelele ya go tsamaisa merero ya batho, e kopanya batho botlhe kafa tlase ga bobusi jwa yone. Puso eno e tla rarabolola dilo tse di jaaka thuto, tiro, matlo, dijo, boitekanelo le tikologo.

Pesalema 72:12-14 e tlhalosa jaana ka tsela ya boporofeti se Bogosi Jwa ga Mesia bo tla se direlang batho: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”

Mme gore setšhaba se gololwe gotlhelele mo tsietsong, mo tshiamololong le mo go tingweng dilo dingwe, ruri ga go kitla go tlhokega fela gore go fetolwe puso mme le batho ba tla tshwanelwa ke go fetolwa ka tsela e e tshwanang. Ka jalo, Bogosi bo tla naya mongwe le mongwe kaelo ya kafa a ka tshelang botshelo jo bo itumedisang, jo bo nang le boikaelelo le jo bo kgotsofatsang ka gone. Baebele e solofetsa gore Bogosi Jwa Modimo bo tla thusa babusiwa ba jone ba mo lefatsheng gore ba fetoge ka bobone. Jang?

Bogosi jono bo tla ruta babusiwa ba jone ka ditsela tsa ga Jehofa Modimo, ka go dira jalo bo ba thusa gore ba nne le tumelo le lorato. (Isaia 11:9) Go rata Modimo go tlhotlheletsa pelo go tsaya kgato. Ka sekai, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a kopana le Sakaio, mokgethisi yo mogolo, yo o neng a itirela madi ka bokhukhuntshwane ka go oketsa lekgetho le batho ba neng ba le duela. Jesu ga a ka a gatelela modiredimogolo yono yo o tsietsang gore a tlhabiwe ke ditlhong a bo a fetola ditsela tsa gagwe. Go na le moo, Jesu o ne a thusa Sakaio go lemoga phoso ya gagwe le gore a ikwatlhaye. Sakaio o ne a tlhotlhelediwa ke kitso ya boammaaruri ya melaometheo ya bomodimo le ke go rata Modimo. O ne a dira diphetogo tse dikgolo.—Luke 19:1-10.

A seno ga se tharabololo e e di gaisang tsotlhe ya go baakanya diphoso tsa setšhaba? Puso e e itekanetseng le e e siameng e tla tlhokomela merero ya batho go akaretsa le maikutlo a mongwe le mongwe a go batla go fetola ditsela tsa gagwe. A ka nako eo re tla tlhoka bolweladiphetogo? Re tla bo re sa tlhole re bo tlhoka, ka gonne Modimo o tla bo a dirile dilo tsotlhe sesha. Dilo tsa pele di tla bo di fetetse ruri.—Tshenolo 21:4, 5.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Bogosi Jwa Modimo bo tla fetola dilo gotlhelele e seng go tlisa diphetogonyana tse di sa reng sepe

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a thusa batho go fetoga ka bobone