Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a re Letla re Boga?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a re Letla re Boga?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a re Letla re Boga?

“Modimo o kwa legodimong kwa sengwe le sengwe se leng monate gone, fa rona re le mo lefatsheng re boga.”—Mary. *

BASHA ba gompieno ba gorogela mo lefatsheng le le setlhogo. Dithoromo tse di maswe tsa lefatshe le masetlapelo a tlholego tse di bolayang batho ba le diketekete go bonala e le dilo tse di tlwaelegileng. Go buiwa thata ka dintwa le ditlhaselo tsa dirukhutlhi mo dikgannyeng. Bolwetse, bokebekwa le dikotsi di re amoga baratiwa ba rona. Mary, yo o nopotsweng kwa godimo, o ne a amilwe thata ke bomadimabe jo bo neng bo mo diragaletse. O ne a bua mantswe ao a a botlhoko morago ga loso lwa ga rraagwe.

Fa o diragalelwa ke bomadimabe, ke ga tlholego fela go ikutlwa o betilwe ke pelo, o latlhegetswe kgotsa o galefile. O ka nna wa ipotsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa seno se ne se tshwanetse go direga? Ke ka ntlha yang fa go diragaletse nna?’ kgotsa ‘Ke ka ntlha yang fa go diregile gone jaanong?’ Dipotso tseno di tlhoka dikarabo tse di kgotsofatsang. Mme gore re bone dikarabo tse di siameng, re tshwanetse go ya kwa motsweding o o siameng. Gone ke boammaaruri gore fela jaaka mosha yo o bidiwang Turrell a ne a bolela, ka dinako tse dingwe batho ba “utlwile botlhoko fela thata mo e leng gore ga ba kgone go akanyetsa dilo sentle ka se se ba diragaletseng.” Ka jalo o ka nna wa tshwanelwa ke go bona tsela ya go ritibatsa maikutlo a gago go se kae gore o tle o kgone go akanya sentle.

Go Lebana le Matlhotlhapelo

Go ka nna ga se ka ga itumedisa go akanya ka loso le pogo mme ke dilo tse di leng teng. Jobe o ne a tlhalosa seno sentle fa a ne a re: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.”—Jobe 14:1.

Baebele e solofetsa lefatshe le lesha le go ‘tla nnang tshiamo mo go lone.’ (2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4) Le fa go ntse jalo, pele ga maemo ao a a itumedisang a nna gone, batho ba tshwanetse go itshokela bosula jo bo iseng bo direge le fa e le leng pele. Baebele ya re: “Itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.”—2 Timotheo 3:1.

Dinako tseno tsa mathata di tla nna gone ka lobaka lo lo kana kang? Barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa potso e e batlang e tshwana le eno. Mme Jesu ga a ka a ba bolelela gore tsamaiso eno e e bosula ya dilo e tla fela ka letsatsi kgotsa ura e e rileng. Go na le moo, Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:3, 13) Mafoko a ga Jesu a re kgothaletsa go lebela dilo kwa pele. Re tshwanetse go ikemisetsa go itshokela maemo a le mantsi a a sa itumediseng pele ga bokhutlo bo tla.

A re Tshwanetse go Pega Modimo Molato?

A go a utlwala he gore re galefele Modimo ka gonne a dumeletse pogo? Ga go utlwale fa o akanya gore Modimo o solofeditse go fedisa pogo yotlhe. E bile ga go utlwale go tsaya gore Modimo ke ene a dirang gore dilo tse di bosula di direge. Bontsi jwa dilo tse di utlwisang botlhoko tse di diregang di a bo di itiragaletse fela. Ka sekai, akanya ka phefo e digela setlhare fa fatshe mme se bo se gobatsa mongwe. Batho ba ka nna ba re seno se bakilwe ke Modimo. Mme ga se Modimo yo o dirileng gore setlhare seo se wele fa fatshe. Baebele e re thusa go tlhaloganya gore dilo tse di ntseng jalo ke matswela a a utlwisang botlhoko a “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

Pogo e ka nna ya bakiwa gape ke go sa akanyetse dilo sentle. A re re setlhopha sengwe sa basha se nwa bojalwa mme morago ga moo ba bo ba tsamaya ka koloi. Go direga kotsi e e maswe. Ke molato wa ga mang? A ke wa Modimo? Nnyaa, ba tlelwa ke diphelelo tsa go sa akanyetse dilo sentle.—Bagalatia 6:7.

O ka nna wa botsa jaana, ‘A mme Modimo ga a na maatla a go fedisa pogo gone jaanong?’ Banna bangwe ba ba ikanyegang ba metlha ya go kwalwa ga Baebele ba ne ba ipotsa kaga seo. Moporofeti Habakuke o ne a botsa Modimo jaana: “Ke ka ntlha yang fa o leba ba ba dirang ka boferefere, o didimala fa mongwe yo o boikepo a kometsa mongwe yo o siameng go mo feta?” Le fa go ntse jalo, Habakuke ga a ka a itlhaganelela go dira ditshwetso. O ne a re: “Ke tla nna ke lebeletse, go bona gore o tla bua eng ka nna.” Moragonyana, Modimo o ne a mo tlhomamisetsa gore o tla fedisa pogo ka “nako e e tlhomilweng.” (Habakuke 1:13; 2:1-3) Ka jalo re tshwanetse go nna pelotelele, re letetse Modimo gore a fedise boikepo ka nako ya gagwe e a e tlhomileng.

O se ka wa itlhaganelela go swetsa ka gore Modimo o batla gore re boge kgotsa o re leka ka tsela nngwe. Ke boammaaruri gore pogo e ka dira gore go bonale dinonofo tse dintle mo go rona e bile Baebele ya re diteko tse Modimo a di letlelelang di ka tokafatsa tumelo ya rona. (Bahebera 5:8; 1 Petere 1:7) Eleruri, batho ba le bantsi ba ba lebanang le diteko kgotsa ba ba diragaletsweng ke dilo tse di utlwisang botlhoko ba nna pelotelele kgotsa pelotlhomogi. Mme ga re a tshwanela go fetsa ka gore pogo ya bone e bakilwe ke Modimo. Go akanya ka tsela e e ntseng jalo ga go bontshe go akanya ka lorato le botlhale jwa Modimo. Baebele e bolela sentle jaana: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” Go na le moo, “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng” di tswa kwa Modimong!—Jakobe 1:13, 17.

Lebaka La go Bo Modimo a Letlelela Boikepo

Mme jaanong boikepo bo simologile kae? Gakologelwa gore Modimo o na le baganetsi—segolobogolo yo o “bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” (Tshenolo 12:9) Modimo o ne a baya batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa mo lefatsheng le le se nang mathata. Mme Satane o ne a dira gore Efa a dumele gore o ne a tla tshela sentle kwantle ga bolaodi jwa Modimo. (Genesise 3:1-5) Ka maswabi, Efa o ne a dumela maaka a ga Satane mme a se ka a ikobela Modimo. Adame le ene o ne a kopanela le Efa mo go tsuologeng. Matswela e ne ya nna afe? Baebele ya re: “Loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.”—Baroma 5:12.

Go na le gore Modimo a fedise botsuolodi jono ka go senya Satane le balatedi ba gagwe, o ne a bona go tshwanela gore a letle nako e fete pele. Seo se ne se tla fitlhelela eng? E ne e le gore Satane o ne a tla senoga gore ke moaki! Go ne go tla nna le bosupi jo bontsi jwa gore go ipusa kwantle ga Modimo ga go tlise sepe fa e se tshenyego fela. A mme seno ga se sone se se diregileng? “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Mo godimo ga moo, ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Madumedi a batho a ruta dithuto tse di raraaneng tse di sa dumalaneng. Maitsholo a wetse kwa tlase tota. Dipuso tsa batho di lekile mofuta mongwe le mongwe wa puso. Ba saena ditumalano le go dira melao, mme dilo tse batho ba di tlhokang ga di ise di bo di diragadiwe. Dintwa di oketsa tshotlego.

Ga go na pelaelo gore re tlhoka gore Modimo a tseye kgato mme a fedise boikepo! Mme seno se tla direga fela ka nako ya Modimo e a e beileng. Go fitlha ka nako eo, ke tshiamelo ya rona go tshegetsa bolaodi jwa Modimo ka go ikobela melao le melaometheo ya gagwe e e fitlhelwang mo Baebeleng. Fa dilo tse di maswe di direga, re ka gomodiwa ke tsholofelo e e tlhomameng ya botshelo mo lefatsheng le le se nang mathata.

Ga o Esi

Le fa go ntse jalo, fa re boga, re ka nna ra iphitlhela re ipotsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa go ntiragalela?’ Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o re gakolola gore ga se rona re le rosi fela ba re diragalelwang ke boikepo. Paulo a re “popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Baroma 8:22) O tla kgona go itshokela pogo fa o itse seno. Ka sekai, Nicole, o ne a utlwile botlhoko mo maikutlong ka ntlha ya ditlhaselo tsa dirukutlhi ka September 11, 2001, kwa New York City le kwa Washington, D.C. O bolela jaana: “Ke ne ke tshogile.” Mme fa a ne a bala dipego tsa kafa Bakeresete ka ene ba neng ba lebana le masetlapelo ao ka gone, tsela e a neng a leba dilo ka yone e ne ya fetoga. * “Ke ne ka lemoga gore ga ke esi. Kutlobotlhoko le khutsafalo ya me e ne ya simolola go kokobela.”

Mo mabakeng mangwe, go botlhale go batla mongwe yo o ka buang le ene—motsadi, tsala e e godileng kgotsa mogolwane wa Mokeresete. Fa o bolelela mongwe yo o mo tshepang tsela e o ikutlwang ka yone seno se tla dira gore o amogele “lefoko le le molemo” la kgothatso. (Diane 12:25) Mosha mongwe wa Mokeresete wa kwa Brazil o gakologelwa jaana: “Ke ne ka tlhokafalelwa ke rre dingwaga di le robongwe tse di fetileng, mme ke a itse gore Jehofa o tla mo tsosa ka letsatsi lengwe. Mme sengwe se se ileng sa nthusa e ne e le gore ke kwale kafa ke ikutlwang ka gone. Gape, ke tlotlela ditsala tsa me tsa Bakeresete kafa ke ikutlwang ka teng.” A o na le ‘balekane ba boammaaruri’ ba o ka ba bulelang mafatlha? (Diane 17:17) Ka jalo solegelwa molemo ke thuso ya bone e e lorato! O se ka wa boifa go lela kgotsa go tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng. Tota le Jesu a kile “a tsholola dikeledi” fa tsala ya gagwe e ne e tlhokafetse!—Johane 11:35.

Baebele e re tlhomamisetsa gore ka letsatsi lengwe re tla ‘gololwa mo go nneng batlhanka ba go bola mme re nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.’ (Baroma 8:21) Go fitlha nako eo e goroga, gone jaanong batho ba le bantsi ba ba molemo ba tla boga. Gomodiwa ke go bo o itse gore ke ka ntlha yang fa pogo e le gone—le gore ga e kitla e nna lobaka lo loleele.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 20 Bona motseletsele wa ditlhogo tse di reng “Bopelokgale mo Gare ga Masetlapelo,” mo makasineng wa Tsogang! wa January 8, 2002.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go ka nna molemo go tlhalosa kafa o hutsafetseng ka teng