Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go a Kgonega go Tlogela Mekgwa e e Maswe?

A go a Kgonega go Tlogela Mekgwa e e Maswe?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go a Kgonega go Tlogela Mekgwa e e Maswe?

MOKWADI mongwe e bong Mark Twain o kile a bua jaana a dira motlae: “Ke selo se se motlhofo fela thata go tlogela go goga motsoko. Ke a itse ka gonne ke o tlogetse ka makgetlo a le mantsi fela thata.” Eleruri batho ba le bantsi ba tlhaloganya mafoko ano a a builweng ke Twain ka tsela ya go sotla. Le fa ba ka ne ba itse sentle gore mekgwa e e rileng ga ya siama e bile e kotsi, ba itse gore ga go motlhofo go ganana le mekgwa eo le go e tlogela. Fa dingwaga di ntse di feta, mekgwa eno e ka nna ya nwelelela mo go rona mme e bile le fa re ka dira maiteko a go e tlogela ga go kitla go nna motlhofo. Go leka go laola dikeletso tse di ntseng jalo e ka nna selo se se lapisang le se se botlhoko.

Dr. Anthony Daniels, ngaka e e berekang kwa kgolegelong, o bolela gore gantsi disenyi di a re ga di kgone go laola dilo tse di di ratang le dikeletso tse di sa siamang. Ba re fa motho a tshwakgotswe ke sengwe, “o fetoga lekgoba la sone moo e leng gore ga a kgone go emelana le sone.” Fa dikakanyo tse di ntseng jalo di ne di le boammaaruri, re ne re se kitla re bewa molato fa re laolwa ke maikutlo a rona. A mme gone ke boammaaruri gore re batho ba ba ka se itheng sepe ba ba laolwang fela ke dilo tse di re tlhotlheletsang le dikeletso tsa rona? Kgotsa a tota go a kgonega go tlogela dikeletso tse di maswe? Go bona karabo e e kgotsofatsang, a re bone se Baebele e se bolelang.

Dikeletso fa di Bapisiwa le Ditiro

Baebele e bontsha sentle gore Modimo o re tsaya re ikarabela ka se re se dirang. (Baroma 14:12) Gape, o tlhoka gore re tshele ka ditekanyetso tsa gagwe tse di siameng. (1 Petere 1:15) Jaaka e le Mmopi wa rona, o itse se se re siametseng mme melaometheo ya gagwe e kgala mekgwa e le mentsi e e tlwaelegileng mo lefatsheng leno. (1 Bakorintha 6:9, 10; Bagalatia 5:19-21) Le fa go ntse jalo, gape o lebeletse gore batho ba ba sa itekanelang ba dire dilo tse ba ka di kgonang e bile o pelotlhomogi.—Pesalema 78:38; 103:13, 14.

Ka jalo mopesalema o ne a kwala jaana: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) Ee, Jehofa o itse sentle gore “tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) Tsela e re bopilweng ka yone, makoa a re a ruileng le dilo tse di re diragaletseng mo nakong e e fetileng di dira gore go se ka ga nna motlhofo go tila dikeletso le dikakanyo tsotlhe tse di sa siamang. Ka jalo, ka lorato Jehofa ga a lebelela gore re dire dilo jaaka e kete re itekanetse.—Duteronome 10:12; 1 Johane 5:3.

Le fa go ntse jalo, le fa Modimo a re akanyetsa jalo seno ga se reye gore ga re a tshwanela go laola dikeletso tse di sa siamang. Le fa moaposetoloi Paulo a ile a dumela gore ene ka boene o tshwanetse go lwantsha dikeletso tse di sa siamang, ga a ka a ineela. (Baroma 7:21-24) O ne a re: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka.” Ka ntlha yang? Gore “nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.” (1 Bakorintha 9:27) Ee, boikgapo bo botlhokwa fa re batla go lwantsha dilo tse re di ratang thata le mekgwa e e maswe e bile re batla gore kgabagare re e fenye.

Go a Kgonega go Fetoga

Bomankge ba ba ithutileng ka boitshwaro jwa motho ba re mekgwa e e sa siamang, fela jaaka e e siameng, e a ithutiwa le go tlhagolelwa fa nako e ntse e ya. Fa go le jalo, seno se raya gore mekgwa e e sa siamang motho a ka kgona go tlogela go e ithuta! Jang? Bakwadi ba buka nngwe e e buang ka go laola go ngomoga pelo ba re: “Akanya ka melemo ya go tlogela tsela e o itshwarang ka yone.” Morago ga moo, “dira lenaane la kafa go fetola boitshwaro jwa gago go ka tokafatsang botshelo jwa gago ka gone.” Ee, fa re akanya ka melemo ya go fetola tsela e e sa siamang e re itshwarang ka yone seno se tla re tlhotlheletsa go fetoga.

Akanya ka kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore re “dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona.” (Baefeso 4:22, 23) Maatla ao ke selo se se nonofileng se se laolang mogopolo wa rona. O ka fetola maatla ao ka go atamalana le Modimo le ka go godisa kanaanelo ya gago ka ntlha ya ditekanyetso tsa gagwe. Go itse gore o itumedisa Jehofa go go kgothaletsa go dira diphetogo tse di tlhokegang.—Pesalema 69:30-33; Diane 27:11; Bakolosa 1:9, 10.

Gone mme, ga go kitla go nna motlhofo go tlogela mekgwa e e sa siamang e e ka nnang ya bo ile ya laola botshelo jwa rona ka dingwaga di le dintsi. Ga re a tshwanela go tlhaetsa matlho mathata a re tla nnang le one fa re tlogela mekgwa e e sa siamang. Ruri re ka nna ra boela morago ra bo ra retelelwa. Mme tlhomamisega gore gantsi dilo di nna motlhofo fa nako e ntse e ya. Fa o ntse o dira maiteko a magolo, boitsholo jo bosha e tla nna karolo ya gago.

Motho yo o ratang Modimo a ka tlhomamisega gore o tla mo thusa le go mo segofatsa. Paulo o ne a solofetsa gore ‘Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go go lesa o raelwa go feta se o ka se itshokelang, mme o tla dira tsela ya go tswa gore o kgone go e itshokela.’ (1 Bakorintha 10:13) Go ise go ye kae, Jehofa Modimo o tla senya tsamaiso eno ya dilo e e boikepo le dithaelo tsa yone tse di leswe le dikeletso tsa yone. (2 Petere 3:9-13; 1 Johane 2:16, 17) Batho botlhe ba ba sa itekanelang ba ba tla falolang tiragalo eno e tla re kgabagare ba fodisiwe mo botlhokong jotlhe—jwa senama, mogopolo le maikutlo ka botlalo le ka bosakhutleng. Modimo o solofetsa gore “dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17) Ga go na pelaelo gore gareng ga “dilo tsa pele” tse di tla fedisiwang e tla bo e le dikeletso tse di sa siamang. A seno ga se lebaka le legolo la gore re dire bojotlhe jwa rona gompieno go ganana, le go lwantsha mekgwa e e sa siamang?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 31]

GO TLOGELA MEKGWA E E MASWE

1. Lemoga o bo o dumele gore o na le mekgwa e e maswe. Ipotse jaana, ‘A tota mokgwa ono o ntsholegela molemo? A o tshwenya ba bangwe? A o ama boitekanelo jwa me, boemo jwa madi, tsela e ke leng ka yone, lelapa kgotsa kagiso ya mogopolo? Botshelo jwa me bo ne bo tla tokafala jang fa ke ne ke se na mokgwa ono?’

2. Dira sengwe se se molemo go tlogela mokgwa o o maswe. Ka sekai, a o senya nako e ntsi mo Internet, gongwe o lebeletse dilo tse di sa siamang? Jaanong rulaganya gore ka nako eo o bale, o ithute kgotsa o ikatise.

3. Lebelela gore o gatela pele go le kana kang. Letsatsi le letsatsi iphe nako ya go bona gore o gatela pele go le kana kang. Fa o ile wa boela morago kwa mokgweng oo gape, bona gore ke eng se se ileng sa dira gore o boele kwa go one gape.

4. Kopa thuso ya ba bangwe. Bolelela ditsala le ba lelapa gore o leka go tlogela mokgwa ono, mme o ba kope gore ba go gakolole fa ba bona e kete o boela kwa go one gape. Buisana le ba bangwe ba ba atlegileng go tlogela mokgwa o o tshwanang le wa gago.—Diane 11:14.

5. Nna tekatekano mme o dire se o se kgonang. O se ka wa lebelela gore o tla atlega ka bonako. Go ka se ka ga nna motlhofo go tlogela mekgwa mengwe e e ileng ya tsaya dingwaga di le dintsi gore o e tlwaele.

6. Rapela Modimo. O ka kgona go tlogela mokgwa ope o o sa siamang ka thuso ya Modimo.—Pesalema 55:22; Luke 18:27.