Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Bona Kae Tsholofelo ya Mmatota?

O ka Bona Kae Tsholofelo ya Mmatota?

O ka Bona Kae Tsholofelo ya Mmatota?

SESUPANAKO sa gago se eme, mme se lebega se senyegile. Go na le mafelo a le mantsi a o ka tlhophang go ya go se baakanya kwa go one. Go tletse dipapatso tsa batho ba ba baakanyang disupanako, botlhe ba iphaka gore ba ka kgona go di baakanya mme mangwe a maiphako a bone a a ikganetsa. Mme go tweng fa o utlwa gore moagelani wa gago ke ene ramatlhale yo o dirileng sesupanako sa gago dingwaga di le dintsi tse di fetileng? Mo godimo ga moo, o utlwa gore o iketleeleditse go go thusa mahala. Ga go pelaelo gore o ne o tla tlhopha go ya kae, ga ke re?

Jaanong bapisa sesupanako seo le selekanyo se o nang le tsholofelo ka sone. Fa o lemoga gore o felelwa ke tsholofelo—fela jaaka go ntse ka batho ba le bantsi mo metlheng eno ya mathata—o tla ya go batla thuso kae? Batho ba le bantsi ba iphaka gore ba ka kgona go rarabolola mathata, mme maiphako a le mantsi a bone a ka go tlhakanya tlhogo e bile a a ikganetsa. Ka jalo ke eng fa o sa botse Ene yo o dirileng batho ba na le bokgoni jwa go nna le tsholofelo? Baebele ya re ‘ga a kgakala le mongwe le mongwe wa rona’ e bile o batla go re thusa.—Ditiro 17:27; 1 Petere 5:7.

Tlhaloso e e Akaretsang go le Gontsi ya Tsholofelo

Tsela e Baebele e tlhalosang tsholofelo ka yone e akaretsa dilo di le dintsi e bile e theilwe mo mabakeng a a utlwalang sentle go feta tsela e e tlwaelegileng e dingaka, baitsesaense le baithutatlhaloganyo ba gompieno ba e tlhalosang ka yone. Mafoko a puo ya ntlhantlha a a dirisitsweng mo Baebeleng a a ranotsweng e le “tsholofelo” a kaya go leta ka tlhoafalo le go lebelela sengwe se se molemo. Totatota, tsholofelo e akaretsa dilo tse pedi. E akaretsa go eletsa sengwe se se molemo le go nna le mabaka a go dumela gore se tla direga. Tsholofelo e go buiwang ka yone mo Baebeleng ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela. E theilwe mo mabakeng le mo bosuping jo bo utlwalang.

Mo kgannyeng eno, tsholofelo e tshwana le tumelo e e tshwanetseng ya thewa mo go sengwe se se nang le bosupi—e seng go nna madumelagotlhe. (Bahebera 11:1) Le fa go ntse jalo, Baebele e farologanya tumelo le tsholofelo.—1 Bakorintha 13:13.

Ka sekai: Fa o kopa motho mongwe yo o mo ikanyang yo e leng tsala ya gago gore a go direle sengwe, o ka nna wa solofela gore o tla go thusa. Tsholofelo ya gago e theilwe mo mabakeng a a utlwalang ka gonne o ikanya tsala ya gago—o mo itse sentle, mme o kile wa mmona a dira ka bopelonomi le ka bopelotshweu mo nakong e e fetileng. Ka tsela e e tshwanang tumelo e bontsha go ikanya Modimo ka botlalo. Ka jalo, tumelo e o nang le yone e amana thata le tsholofelo ya gago, e bile di a tsamaisana, mme gone ke dilo tse pedi tse di sa tshwaneng. O ka nna le tsholofelo e e ntseng jalo jang mo Modimong?

Mabaka a go Nna le Tsholofelo

Modimo ke motswedi wa tsholofelo ya mmatota. Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele Jehofa o ne a bidiwa “tsholofelo ya Iseraele.” (Jeremia 14:8) Tsholofelo epe fela ya mmatota e batho ba gagwe ba neng ba na le yone e ne e tswa kwa go ene; ka jalo Jehofa e ne e le tsholofelo ya bone. Ba ne ba sa ijese dijo tsa ditoro ka go nna le tsholofelo e e ntseng jalo. Modimo o ne a ba file mabaka a a utlwalang a go nna le tsholofelo. Fa a ne a dirisana le bone mo makgolong a le mantsi a dingwaga, o ne a dira ditsholofetso a bo a di diragatsa. Moeteledipele wa bone Joshua o ne a raya Baiseraele a re: “Lo itse sentle . . . gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona.”—Joshua 23:14.

Dingwaga di le diketekete morago ga moo, Modimo o sa ntse a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Baebele e tletse ka ditsholofetso tse di kgatlhang tsa Modimo le pego e e tlhomameng ya hisitori ya go diragadiwa ga tsone. Ditsholofetso tsa gagwe tsa boporofeti di ikanyega tota mo e leng gore ka dinako tse dingwe di kwalwa jaaka e kete di ne di setse di diragaditswe ka nako e di neng di kwalwa ka yone.

Ke gone ka moo re ka reng Baebele ke buka e e nayang tsholofelo. Fa o ntse o bala ka tsela e Modimo a dirisanang le batho ka yone, mabaka a gago a go bo o solofela mo go ene a tla nonofa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.”—Baroma 15:4.

Modimo o re Naya Tsholofelo Efe?

Ke leng re ikutlwang re tlhoka tsholofelo thata? A ga se ka nako ya fa re lebane le loso? Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya tsholofelo e le sengwe se go leng thata go nna le sone ka dinako tse di ntseng jalo—ka sekai, fa mongwe yo re mo ratang a swa. Tota e bile, ke eng gape se se ka dirang gore batho ba felelwe ke tsholofelo go feta jaaka loso lo dira? Loso ga lo utlwele ope botlhoko, lo ka tlhasela mongwe le mongwe wa rona. Re ka lo tila ka lobaka lo lo rileng, mme ga re na maatla a go lo dirolola. Go a tshwanela go bo Baebele e bitsa loso “mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:26.

Ka jalo, re ka nna le tsholofelo jang fa re lebane le loso? Temana yone ele ya Baebele e e bitsang loso mmaba wa bofelo gape ya re mmaba yono o tla “nyelediwa.” Jehofa Modimo o na le maatla a a fetang a loso. O bontshitse seno ka makgetlho a le mantsi. Jang? Ka go tsosa baswi. Baebele e bua ka makgetlho a a farologaneng a le robongwe a mo go one Modimo a neng a dirisa maatla a gagwe go tsosa baswi.

Mo lekgetlhong lengwe le le tlhomologileng, Jehofa o ne a naya Morwawe e bong Jesu maatla gore a tsose tsala ya gagwe e e rategang thata e bong Lasaro, yo go neng go fetile malatsi a le manè a sule. Jesu ga a ka a mo tsosa mo sephiring, go na le moo o ne a mo tsosa phatlalatsa mo pele ga boidiidi jwa batho ba ba neng ba bogetse.—Johane 11:38-48, 53; 12:9, 10.

O ka tswa o ipotsa gore, ‘Ke eng fa batho bano ba ile ba tsosiwa? A mme ga ba a ka ba feleletsa ba tsofetse le go swa gape?’ Ee, ba ne ba tsofala mme ba swa gape. Le fa go ntse jalo, dipego tse di tshwanang le tseno tse di ikanyegang tsa go tsosiwa ga baswi ga di dire gore re nne le keletso fela ya gore baratiwa ba rona ba ba suleng ba tla boa ba tshela gape; mme gape di re naya lebaka la go dumela gore seo se tla direga. Ka mafoko a mangwe, re na le tsholofelo ya mmatota.

Jesu o ne a re: “Ke nna tsogo le botshelo.” (Johane 11:25) Ke Ene yo Jehofa a tla mo nayang maatla a go tsosa batho mo lefatsheng lotlhe. Jesu o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Keresete] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Ee, botlhe ba ba robetseng mo mabitleng ba na le tsholofelo ya gore ba tla tsosiwa mme ba tshele mo lefatsheng la paradaise.

Moporofeti Isaia o ne a tlhalosa tsogo ka tsela eno e e amang maikutlo: “Baswi ba gago ba tla tshela. Ditopo tsa rona—di tla tsoga. Tsogang lo goe ka boipelo, lona banni ba ba mo loroleng! Gonne monyo wa lona o tshwana le monyo wa morogo, mme lefatshe le tla letla le ba ba se nang maatla mo losong gore ba tsholwe.”—Isaia 26:19.

A tsholofetso eno ga e go kgothatse? Baswi ba mo seemong se se sireletsegileng go feta jaaka re akanya, ba tshwana le lesea le le sireletsegileng mo popelong ya mmaalone. Ee ruri, batho ba ba robetseng mo mabitleng ba bolokilwe sentle mo mogopolong o o sa lebaleng wa Modimo Mothatayotlhe. (Luke 20:37, 38) Mme go ise go ye kae, ba tla tsosiwa mme ba tsene mo lefatsheng le le itumedisang, le le tletseng kagiso fela jaaka ngwana yo o sa tswang go belegwa a amogelwa ke lelapa le le lorato, le le sa bolong go mo leta! Ka jalo, re ka nna le tsholofelo le fa re lebane le loso.

Mosola wa go Nna le Tsholofelo

Paulo o re ruta mo gontsi ka botlhokwa jwa go nna le tsholofelo. O ne a bua ka tsholofelo e le karolo nngwe ya botlhokwa ya seaparo sa semoya sa tlhabano—tlhoro ya phemelo. (1 Bathesalonika 5:8) O ne a kaya eng? Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, lesole le ne le rwala tlhoro ya phemelo e e dirilweng ka tshipi fa le ya ntweng, gantsi le e rwala mo godimo ga mmese o o dirilweng ka boboa kgotsa ka letlalo. Tlhoro eno ya phemelo e ne e dira gore fa lesole le itewa mo tlhogong, marumo a iteye fela kwa ntle go na le gore a mmolaye. Ke eng se Paulo a re rutang sone? Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo, go nna le tsholofelo le gone go sireletsa mogopolo, ke gore maatla a motho a go akanya. Fa o na le tsholofelo e e nonofileng e e tsamaisanang le maikaelelo a Modimo, ga o tlhoke go felelwa ke thethebalo ka ntlha ya go tshoga kgotsa go tlalelwa fa o lebana le mathata. Ke mang mo go rona yo o sa batleng tlhoro e e ntseng jalo ya phemelo?

Paulo o ne a dirisa setshwantsho se sengwe se se utlwalang sentle a amanya tsholofelo le thato ya Modimo. O ne a kwala jaana: “Tsholofelo eno ke tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame.” (Bahebera 6:19) E re ka Paulo a ile a falola dikotsi di le mmalwa tsa go thubegelwa ke sekepe, o ne a itse botlhokwa jwa tshetledi sentle. Fa sekepe se phepheulwa ke matsubutsubu, batsamaisasekepe ba folosetsa tshetledi ya sone kwa tlase. Fa e ne e ka fitlha kwa tlase e bo e itsetsepela, sekepe se ne se tla kgona go falola matsubutsubu go na le go phepheulelwa kwa lotshitshing se bo se thubagana mo majeng.

Ka tsela e e tshwanang, fa re tsaya ditsholofetso tsa Modimo e le tsholofelo e e “tlhomamisegang e bile e nitame,” tsholofelo eo e ka re thusa go itshokela mathata mo dinakong tseno tse di thata. Jehofa o solofetsa gore go ise go ye kae go tla tla nako e mo go yone batho ba se kitlang ba tlhola ba tshwenngwa ke dintwa, bokebekwa, kutlobotlhoko le e leng loso. (Bona lebokoso le le mo go tsebe 18.) Go ngaparela tsholofelo eo, go ka re thusa gore re se ka ra welwa ke masetlapelo, mme go re naya lebaka la gore re tshele ka melao ya Modimo go na le go ineela mo moyeng o o anameng mo lefatsheng gompieno wa tlhakatlhakano le boitsholo jo bo sa siamang.

Gape tsholofelo e Jehofa a re e nayang e go ama ka namana. O batla gore o tshele botshelo go ya kafa a neng a ikaeletse gore o bo tshele ka gone. Keletso ya gagwe ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” Jang? Selo sa botlhokwa ke gore mongwe le mongwe o tshwanetse go ‘tla mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’ (1 Timotheo 2:4) Bagatisi ba makasine ono ba go kgothaletsa go nna le kitso eo e e nayang botshelo e e amanang le boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Ka gone, tsholofelo e Modimo a tla go e nayang e feta kgakala tsholofelo epe fela e o ka nnang le yone mo lefatsheng leno.

Fa o na le tsholofelo e e ntseng jalo, ga go na lebaka la gore o ikutlwe o kgobegile marapo, ka gonne Modimo a ka go naya maatla a o a tlhokang go fitlhelela mekgele epe fela e o ka tswang o ipeetse yone e e tsamaisanang le thato ya gagwe. (2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:13) A eno ga se yone tsholofelo e o e batlang? Ka jalo fa o se na tsholofelo, mme o ntse o leka ka natla go nna le yone, nametsega. Ga e kgakala le wena. Tota e bile, o ka nna le yone!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mabaka a go Nna le Tsholofelo

Dintlha tseno tsa Dikwalo di ka go thusa gore o nne le tsholofelo:

Modimo o solofetsa isagwe e e itumedisang.

Lefoko la Gagwe le bolela gore lefatshe lotlhe le tla nna paradaise, e e nniwang ke lelapa la batho ba ba itumetseng, ba ba utlwanang.—Pesalema 37:11, 29; Isaia 25:8; Tshenolo 21:3, 4

Modimo ga a ka ke a aka.

O tlhoile mefuta yotlhe ya maaka. Jehofa o boitshepo kgotsa o itshekile tota, ka jalo ga a ka ke a aka.—Diane 6:16-19; Isaia 6:2, 3; Tito 1:2; Bahebera 6:18.

Modimo o na le maatla a a sa feleng.

Jehofa ke ene fela Mothatayotlhe. Ga go na sepe mo lobopong se se ka mo thibelang go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe.—Ekesodo 15:11; Isaia 40:25, 26.

Modimo o batla gore o tshelele ruri.

Johane 3:16; 1 Timotheo 2:3, 4.

Modimo ga a re tlhoboge.

Ga a tlhome mogopolo wa gagwe mo diphosong tsa rona le mo makoeng a rona, go na le moo, o o tlhoma mo dinonofong tse di molemo tse re nang le tsone le mo maitekong a a molemo a re a dirang. (Pesalema 103:12-14; 130:3; Bahebera 6:10) O solofela gore re tla dira se se siameng mme o a itumela fa re dira jalo.—Diane 27:11.

Modimo o solofetsa go go thusa go fitlhelela mekgele e e tsamaisanang le boikaelelo jwa gagwe.

Le ka motlha batlhanka ba gagwe ga ba a tshwanela go ikutlwa ba feletswe ke tsholofelo. Modimo o re naya moya wa gagwe o o boitshepo ka bopelotshweu, ke gore maatla a magolo go feta ape fela a a leng teng, gore o re thuse—Bafilipi 4:13.

Le ka motlha o ka se swabele go bo o nnile le tsholofelo mo Modimong.

Modimo o a ikanyega, le ka motlha a ka se go swabise.—Pesalema 25:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo, tsholofelo le yone e sireletsa mogopolo

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Fela jaaka tshetledi, tsholofelo e e theilweng mo mabakeng a a utlwalang e ka go nonotsha

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy René Seindal/Su concessione del Museo Archeologico Regionale A. Salinas di Palermo