Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Godisetsa Bana mo Kotlhaong ya Modimo

Go Godisetsa Bana mo Kotlhaong ya Modimo

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Go Godisetsa Bana mo Kotlhaong ya Modimo

“Kafa o ka Tlhomang Melao e Bana ba Gago ba se Kitlang ba e Tlola ka Teng”

“Melao e Metlhano ya Boitshwaro e o Tshwanetseng go e Ruta Ngwana wa Gago Fa a Le Dingwaga di le Tlhano”

“Dilo Tse Tlhano Tse di Malebana le Maikutlo Tse Ngwana a Tshwanetseng go Nna le Tsone”

“Matshwao a le Matlhano a a Supang Gore o Repisitse Letsogo Thata”

“Botswerere Jwa go Otlhaya Ngwana mo Nakong e Khutshwane”

FA GO ruta bana go ka bo go le motlhofo, batho ba ka bo ba sa kgatlhegele dimakasine tse di nang le ditlhogo tse di tshwanang le tse di umakilweng fa godimo. E ne e tla re fa nako e ile go bo go sa tlhole go na le dibuka tse dintsintsi tse di kwadilweng tse di malebana le go godisa bana. Le fa go ntse jalo, go godisa bana ga go ise go ke go nne motlhofo. Tota le diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, go ile ga twe “morwa yo o sematla ke matshwenyego mo go rraagwe le botlhoko mo go yo o mmelegeng.”—Diane 17:25.

Gompieno, le fa go na le kgakololo e ntsi malebana le kgang eno, batsadi ba bantsi ba sa ntse ba sa itse gore ba ka otlhaya bana ba bone jang. Baebele e thusa jang?

Se Kotlhao Tota e se Kayang

Baebele e dirisa mafoko a a utlwalang sentle go tlhalosa seabe sa batsadi malebana le go otlhaya. Ka sekai, Baefeso 6:4 ya re: “Lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” Lokwalo lono lo umaka rre e le ene yo o tshwanetseng go etelela pele go tlhokomela bana. Gone ke boammaaruri gore mmè o tshwanetse go thusa monna wa gagwe.

The Interpreter’s Dictionary of the Bible e bolela jaana malebana le seno: “Mo Baebeleng kotlhao e amanngwa thata le go thapisa, go laya le go naya kitso mme kafa letlhakoreng le lengwe e amanngwa le go kgalemela le go siamisa. Gantsi lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa ka go thapisa ngwana.” Ka jalo, go otlhaya ga se kgang ya go kgalemela fela; go akaretsa thapiso yotlhe e bana ba e tlhokang gore ba gole sentle. Mme batsadi ba ka dira jang gore ba se ka ba tshwenya bana?

Mmontshe Gore o Amegile ka Ene

Ke eng se se dirang gore ngwana a tshwenyege? Akanya ka seemo seno. O bereka le motho mongwe yo o tlholang a galefile e bile a le pelokhutshwane. Ga go na sepe se o se dirang se a se itumelelang. O ngongorega ka sengwe le sengwe se o se buang le se o se dirang. Gantsi o gana tiro ya gago e bile o dira gore o ikutlwe o le motho yo o sa ratiweng. A seo ga se kitla se go tshwenya le go go kgoba marapo?

Go ka nna fela jalo ka ngwana fa batsadi ba gagwe ba tlhola ba mo opeletse ka diphoso tse a di dirang le go mo omanya. Gone ke boammaaruri gore bana ba tlhoka go kgalemelwa gangwe le gape e bile Baebele e laela batsadi gore ba dire jalo. Le fa go ntse jalo, fa o tshwenya ngwana ka go mo tshwara makgwakgwa le ka tsela e e sa bontsheng lorato, seno se ka mo gobatsa mo maikutlong, mo semoyeng tota le mo mmeleng.

Bana ba Gago ba Tlhoka Nako ya Gago

Batsadi ba tshwanetse go ipha nako ya go nna le bana ba bone. Duteronome 6:7 e bolelela borre jaana malebana le ditaolo tsa Modimo: “O a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” Bana ba tshotswe ba na le boikutlo jwa gore ba tlhoka go utlwa gore batsadi ba bone ba amegile thata ka bone. Go tlotla le bana ba gago letsatsi le letsatsi o wetse dibete, go tla go thusa gore o tlhaloganye kafa ba ikutlwang ka teng. Se se ka dira gore go nne motlhofo go fitlhelela dipelo tsa bone ka melaometheo ya Baebele, go ba tlhotlheletsa gore ba ‘boife Modimo wa boammaaruri mme ba boloke ditaelo tsa gagwe.’ (Moreri 12:13) Se ke karolo ya kotlhao e e tswang kwa Modimong.

Fa e le gore go godisa bana go ka tshwantshiwa le go aga ntlo, kotlhao e ka nna ya tsewa e le nngwe ya didirisiwa tsa go aga. Fa batsadi ba e dirisa sentle, ba ka kgona go aga dinonofo tse dintle mo bothong jwa bana ba bone le go ba baakanyetsa gore ba kgone go lebana le diteko mo botshelong. Diane 23:24, 25 e tlhalosa matswela a gone jaana: “Rraagwe mosiami ruri o tla ipela; yo o nnang rre wa yo o botlhale le ene o tla ipela ka ene. Rrago le mmago ba tla ipela, le ene yo o go belegeng o tla ipela.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

‘TAOLO YA MOGOPOLO YA GA JEHOFA’

Baefeso 6:4 e bua ka ‘taolo ya mogopolo ya ga Jehofa.’ Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le dirisitsweng go ranola polelwana e e reng ‘taolo ya mogopolo wa ga Jehofa’ mo Dibaebeleng tse dingwe le ranolwa e le “go akanyetsa,” “kgakololo” le “tlhagiso.” Mafoko ano otlhe a bontsha gore malapa a tshwanetse go dira mo gontsi go feta fela go bala Baebele kgotsa go ithuta sengwe mo bukeng nngwe ya go ithuta Baebele ka metlha. Batsadi ba tshwanetse gore ba tlhomamise gore bana ba bone ba tlhaloganya Lefoko la Modimo, botlhokwa jwa go nna kutlo, tsela e Jehofa a ba ratang ka yone le kafa a batlang go ba sireletsa ka teng.

Se se ka dirwa jang? Judy, mmè wa bana ba le bararo, o ne a lemoga gore o tlhoka go dira mo go fetang go nna a ntse a gakolola bana ba gagwe fela ka melaometheo ya Modimo. “Ke ne ka lemoga gore ga ba rate fa ke nnela go boaboeletsa dilo tse di tshwanang ka tsela e e tshwanang gangwe le gape. Ke ne ka simolola go batla ditsela tse di farologaneng tse nka ba rutang ka tsone. Tsela e nngwe e ne e le go lebelela ditlhogo tsa makasine wa Tsogang! tse di neng di tlhalosa dintlha ka tsela e e farologaneng. Ka tsela eo ke ne ka ithuta go naya bana kgakololo e ba e tlhokang ke sa ba tshwenye.”

Angelo, yo lelapa la gagwe le ileng la lebana le mathata, o bolela kafa a ileng a ruta bomorwadie ka teng gore ba tlhatlhanye ka Lefoko la Modimo: “Re ne re bala ditemana tsa Baebele mmogo mme morago ga foo ke bo ke tlhopha dipolelo tse di rileng mme ke bo ke tlhalosa gore di dira jang mo maemong a bomorwadiake ba lebaneng le one. Moragonyana fa ba ne ba ipalela Baebele ka bobone, ke ne ke a tle ke bone ba akanyetsa kwa teng, ba tlhatlhanya malebana le kafa se ba se balang se ka ba thusang ka teng.”