Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tla Jang Gore Letsatsi le Tlhabe Bosigogare?

Go Tla Jang Gore Letsatsi le Tlhabe Bosigogare?

Go Tla Jang Gore Letsatsi le Tlhabe Bosigogare?

“GO TEWA jang fa go twe letsatsi ga le nke le phirima?” Ke morongwa yo o tswang kwa Finland mme ke direla kwa Papua New Guinea, mme batho ba na le go mpotsa dipotso tse di ntseng jalo. Kwa dinageng tsa Boboatsatsi diura tsa nako ya motshegare ga di fetoge go le kalo fa dikgwedi di ntse di feta. Ka jalo, go thata gore batho ba Boboatsatsi ba tlhaloganye kgang ya gore letsatsi ga le phirime ka dikgwedi di le dintsi kwa dinageng tsa Arctic. Mme fa ke ne ke leka go tlhalosa gore mariga letsatsi ga le ke le tlhaba, ba le bantsi ba ne ba gakgamala le go feta.

Mme go tla jang gore letsatsi le tlhabe bosigogare? Tiragalo e e gakgamatsang eno e amana le se se diregang fa lefatshe le dikologa letsatsi, ase e lefatshe le dikologang mo go yone e nna e sekame ka dikerii di le 23,5. Ka jalo, fa go le selemo kwa Hemisefereng e e kwa Bokone, North Pole e sekamela kwa letsatsing, mme fa go le mariga e tsamaela kgakala le letsatsi. E re ka lefatshe le dikologa mo aseng ya lone gangwe ka letsatsi, kwa Arctic Circle, bosigo bo le bongwe ka ngwaga—mo e ka nnang ka June 21—letsatsi ga le phirime. Gape ka letsatsi le lengwe la ngwaga—mo e ka nnang ka December 21—letsatsi ga le tlhabe, le fa gone loapi lo ka nna lwa lebega jaaka e kete ke masa mo gare ga mpa ya motshegare.

Tota e bile, fa o ntse o tsamaela thata kwa bokone go ela kwa godimo ga Arctic Circle, go na le masigo a mantsinyana a selemo a mo go one letsatsi le sa phirimeng mme go nne le malatsi a le mantsinyana a mariga a mo go one letsatsi le sa tlhabeng le fa gone go le motshegare. Kwa karolong e e kwa bokone le e e kwa borwa jwa lefatshe go nna motshegare ka lobaka lwa dikgwedi di le thataro go bo go nna bosigo ka lobaka lwa dikgwedi tse dingwe di le thataro. *

Baagi ba kwa dikgaolong tse di tsididi ba robala jang ka nako ya selemo ya fa letsatsi le nna le tlhabile go le bosigo mme ba dira jang ka nako ya mariga fa letsatsi le sa tlhabe go le motshegare? Mo nakong e e fetileng, mo ditsong dingwe, batho ba ne ba robala diura tse motho a tshwanetseng a di robala di menagane gabedi ka nako ya mariga fa letsatsi le sa tlhabe mme go le motshegare. Go tswa foo ba bo ba tsoga diura tse motho a tshwanetseng a nna a tsogile ka tsone di menagane gabedi ka nako ya fa go le selemo fa letsatsi le sa phirime mme go le bosigo. E re ka ba le bantsi jaanong ba simolola go tlwaela mokgwa wa botshelo jwa segompieno, ba kgona go robala diura tse motho a tshwanetseng go di robala bosigo bongwe le bongwe. Mme le fa go ntse jalo, malatsi a maleele a sa ntse a dira gore batho ba kwa Northland ba nne ba phaphame nako e telele. Patrick yo o nnang kwa Alaska a re: “Fa letsatsi le penne ka 11 p.m., ga ke ikutlwe go robala. Ka dinako tse dingwe ke tswela kwa ntle ke bo ke sega bojang kgotsa ke dira ditiro tse dingwe.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, dikgwedi tse dintsi tsa fa letsatsi le nna le tlhabile kgotsa le phirimile ka nako e telele, motho a ka nna a lapa thata—mo mmeleng le mo mogopolong. Ka jalo, batho ba bangwe ba leka go thibela lesedi go tsena mo diphaposing tsa bone tsa borobalo mo dikgweding tsa fa letsatsi le nna le tlhabile mme ka nako ya fa le phirimile ba tshuba dipone gore go nne go le lesedi, mme ba dira maiteko ano otlhe gore ba kgone go lekalekanya diura tse ba di robalang le gore ba se ka ba lapa thata le go tshwenyega mo maikutlong. Le fa gone go na le dikgwetlho tseno, baagi ba mafelo ano le baeti ba dumela gore go bona letsatsi le tlhaba gare ga bosigo ke selo se o ka se kang wa se lebala.—Setlhogo se re se filweng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Fa letsatsi le tlhabile bosigo kwa Arctic, kwa Antarctic gone le a bo le phirimile go le motshegare. Mme fa le tlhabile go le bosigo kwa Antarctic, kwa Arctic gone le a bo le phirimile go le motshegare.

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 31]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Ase e lefatshe le dikologang mo go yone e dira gore ka selemo letsatsi le nne le tlhabile kwa dikarolong tse di tsididi le gore ka mariga le nne le phirimile (Sekai se se fano ke sa kwa Hemisefereng e e kwa karolong ya Bokone)

Letlhabula

● ● ● ● ●

Mariga ● ◯ ●

Dikgakologo

● ● ● ● ●

Selemo

Lefatshe le dikologa mo aseng ya lone gangwe ka letsatsi

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setshwantsho se se bontshang dikarolo tse di farologaneng tsa letsatsi bosigogare

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Paul Souders/WorldFoto