Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itshokela Kankere ya Letlalo

Go Itshokela Kankere ya Letlalo

Go Itshokela Kankere ya Letlalo

JEREMIAH wa dingwaga di le 51 ke moagi wa Australia yo o tlholegang kwa Ireland. O na le moriri o o mohibidu le letlalo le lesweusweu, e leng dilo tse batho ba reng ke “phutso mo bathong ba Ba-Celtic.” Jeremiah a re: “Fela jaaka bontsi jwa batho ba Australia, bagaetsho ba ne ba na le go fetsa nako e ntsi ba le kwa ntle mo letsatsing, segolobogolo ka mafelobeke le malatsi a boikhutso a selemo. Fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana, ke ne ke thuma, ke rata go tshamekela mo metsing e bile ke rata go tshameka kerikete mo losing lwa lewatle la Gold Coast, ka kwa borwa jwa Brisbane. Gantsi ke ne ke apara fela borokgwe jo bokhutshwane jwa go thuma.”

Jeremiah o tswelela jaana: “Ditlolo tse di sireletsang motho gore a se ka a fisiwa ke letsatsi di simolotse go nna gone fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome. Pele ga foo, gantsi batho ba ne ba kgothalediwa thata go dirisa oli ya khokonate e e fetolang mmala wa letlalo go nna o montshonyana gore ba lebege fela jaaka batho ba Ba-Australia ba ba dirang tiro ya go falotsa batho ba ba nwelang. Ka nako eo re ne re sa itse sepe ka tsela e letsatsi le kgonang go senya letlalo la motho ka yone. E ne ya nna fela fa ke sena go babolwa botlhoko ke letsatsi ka makgetlhonyana ke neng ka simolola go tswa mo letsatsing le le bogale gore ke se ka ka gobala.” Go ne go setse go le thari. “Dingwaga tsotlhe tse ke neng ka di fetsa ke ntsheditse mokwatla le sehuba kwa ntle di ne tsa dira gore ke tswe dipatso di le dintsi mo mmeleng, tse di neng tsa nna dintsho le go feta tsa bo tsa gola, segolobogolo mo sehubeng.”

Fa e sa le go tloga ka nako eo Jeremiah o ne a simolola kalafi ya kankere ya melanoma ka makgetlo a le mararo mmogo le dikankere tse dingwe di le dintsinyana tse di tlhaselang disele tse di kwa garegare tsa letlalo la sefatlhego (basal cell carcinoma). Ka ntlha ya seno o ile a dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe. A re: “Letsatsi le letsatsi, pele ga ke tswa mo ntlong, ke itshasa setlolo se se dirang gore letlalo la me le nne le le bongola. Mo godimo ga moo, ke itshasa gape le setlolo se se sireletsang letlalo gore le se ka la fisiwa ke letsatsi. Gone jaanong ke rwala hutshe kgotsa kepisi fa go le selemo go tloga ka 9:00 a.m go ya go 4:00 p.m.” Gape o ya go tlhatlhoba letlalo la gagwe kwa ngakeng ya malwetse a letlalo dikgwedi dingwe le dingwe di le tharo.

Jeremiah o tlhalosa gore ke eng se se mo thusitseng go itshokela bolwetse jwa gagwe ka go re: “Jehofa Modimo o nthusitse gore ke nne le tsholofelo ya gore ke tla fola fa batho ba bangwe bone ba ne ba akanya gore nka nna ka swa ngwaga nngwe le nngwe fela. Fa go lebelelwa dingwaga tse go lebeletsweng gore batho ba ba tshwerweng ke kankere ya melanoma ba di tshele go bo go lebelelwa gore nna ke sa ntse ke tshela morago ga dingwaga di le 20 ke na le yone, batho bangwe ba bolela gore ga ke a salelwa ke nako e telele. Mafoko ano a ga Kgosi Dafide a a diragadiwa mo go nna: ‘Jehofa ka boene o tla [ntshegetsa] mo bolawaneng jwa bolwetse; ruri o tla fetola bolao jotlhe jwa [me] fa [ke] sa ntse [ke] bobola.’”—Pesalema 41:3.

Motho yo mongwe yo o sa bolong go tshwarwa ke kankere ya letlalo ke Maxine. Fa e sa le mosha, Maxine wa letlalo le lesetlhana o ne a romelwa kwa dinageng tsa Boboatsatsi go ya go dira tiro ya borongwa, sa ntlha kwa Dominican Republic mme moragonyana a romelwa kwa Puerto Rico. O na le dingwaga di le 20 a dira tiro ya borongwa ya go tsamaya ka ntlo le ntlo mo bodireding mme gantsi go a bo go le letsatsi. Mo godimo ga moo, o ne a rata go aramela letsatsi ka nako ya fa a iketlile fela. Mme ka 1971 o ne a bolelelwa gore o na le kankere e e tlhaselang disele tse di kwa garegare tsa letlalo la sefatlhego (basal cell carcinoma). O ne a newa kalafi ya go fisa kankere eno ka marang mme morago ga moo a ariwa a bo a petšhiwa letlalo le le neng le senyegile. Le fa go ntse jalo, disele tse di nang le kankere di ne tsa nna tsa ipoa kgatsu.

Maxine o tlhalosa jaana: “Bothata ke gore gantsi disele tse di tshwaeditsweng ke kankere di ne di sa lemogiwe, mme ka ntlha ya moo tsa tswelela di ata. Ka lobaka lo loleele thata ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong—dingwaga di ka nna 30 ke ya kwa dingakeng, kwa ditleliniking le kwa dikokelong. Ke setse ke arilwe ka makgetlo a ka nna lesome mo sefatlhegong, mo godimo ga go nna ke ya kwa tlileniking gore ke alafiwe ka ditsela tse dingwe.” Bosheng jaana Maxine yo o nang le dingwaga di le 80 o ile a dirwa karo ya Mohs, e e ileng ya mo thusa thata go bolaya disele tse di setseng di na le kankere.

Ka ntlha ya go tlhaselwa gangwe le gape ke kankere ya letlalo, Maxine o ile a fetola dinako tse a dirang tiro ya gagwe ya borongwa ka tsone ka go ya bodireding jwa tshimo maitseboa gore a se ka a fisiwa ke letsatsi. Ke eng se se thusitseng Maxine go itshoka? “Sengwe sa dilo tse di tlhokegang ke go nna le tsholofelo. Ke a itse gore disele tse di nang le kankere di tla nna di ipoa kgatsu le gore ke tla tshwanelwa ke go ya ngakeng gape. Ke amogetse boemo jono. Ga ke nnele go ikutlwela botlhoko kgotsa go hutsafadiwa ke mathata a me. Dilo tseno ga di dire gore ke se ka ka itumelela bodiredi jwa me. Ke sa ntse ke kgona go bua le batho ba bangwe ka Bogosi jwa ga Jehofa. Mme ke na le tsholofelo ya go fodisiwa gotlhelele mo isagweng mo lefatsheng le lesha. Ka nako eo, ke tla nna le sefatlhego se sesha e bile se itekanetse.”

Ee, batho ba ba tshwerweng ke kankere le ke malwetse a mangwe ba ka nna ba solofetse go bona letsatsi la fa mafoko a a kwadilweng mo bukeng ya Jobe a tla bo a diragadiwa: “A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha, a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.” (Jobe 33:25) Fa re ntse re letetse nako eo gore e goroge, a rotlhe re nne re etse tlhoko kotsi e e bakwang ke go fisiwa thata ke letsatsi mme re itekeng ka natla go sireletsa letlalo la rona.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Jeremiah o ile a alafiwa dikankere di le mmalwa tsa letlalo, go akaretsa di le tharo tsa “melanoma,” mme ga a felelwe ke tsholofelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

“Mo lefatsheng le lesha . . . , ke tla nna le sefatlhego se sesha e bile se itekanetse.”—Maxine