Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Rata Maemo go Phoso?

A go Rata Maemo go Phoso?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Rata Maemo go Phoso?

“GONE mme ke eng se se phoso ka go rata go tuma, go nna le dikhumo le go nna le taolo?” Potso eno e ne ya tlhaga mo pegong e e neng e tswa mo mokgatlhong mongwe wa bodumedi o o malebana le tsa bodumedi mo setlhogong se se reng “Mathata a Boitsholo.” Pego eo e ne e bua ka mafoko ano a Modimo a neng a a raya Aborahame: “Ke tla dira setšhaba se segolo ka wena e bile ke tla go segofatsa mme ke tla dira gore leina la gago le nne legolo.”—Genesise 12:2.

Le fa gone pego eno e ne ya bolela gore “go rata maemo ga go a tshwanela ga gagamalelwa mo e leng gore motho o feleletsa a utlwisa ba bangwe botlhoko,” e ne ya nopola rabi mongwe yo o tumileng wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a re: “Fa ke sa itlhatlose, ke tla tlhatlosiwa ke mang?” mme a bo a konela ka gore: “Fa rona ka borona re sa bontshe bokgoni jo re nang le jone, ga go na ope yo o tla bo bonang.” A go rata maemo ke bothata mo bathong ba ba batlang go direla Modimo? Go leka go fitlhelela bokgoni jo re nang le jone go akaretsa eng? A go rata maemo go phoso? Baebele ya reng ka gone?

A Aborahame O ne A Rata Maemo?

Aborahame o tlhalosiwa mo Baebeleng e le monna yo o tlhomologileng yo o nang le tumelo. (Bahebera 11:8, 17) Modimo o ne a sa kgothaletse Aborahame gore a rate maemo fa a ne a mo solofetsa gore o tla mo dira setšhaba se segolo le go godisa leina la gagwe. Modimo o ne a tlhalosa maikaelelo a gagwe a go segofatsa batho ka Aborahame, e leng boikaelelo jo bo fetang kgakala keletso e motho a ka nnang le yone.—Bagalatia 3:14.

Ka go bontsha boineelo jwa gagwe mo Modimong, Aborahame o ne a tlogela botshelo jo go neng go bonala e le jwa manobonobo jo bo atlegileng kwa Ure. (Genesise 11:31) Moragonyana, ka ntlha ya go batla go boloka kagiso, Aborahame ka go rata, o ne a tlogela maatla le taolo tse a neng a na le tsone fa a ne a dira gore ngwana wa ga monnawe, e bong Lote, a itlhophele pele karolo e e molemolemo ya naga e a tla nnang mo go yone. (Genesise 13:8, 9) Ga go na sepe mo Baebeleng se se supang gore Aborahame e ne e le monna yo o ratang maemo. Go na le moo, tumelo ya gagwe, go nna kutlo le boikokobetso di ne tsa dira gore Modimo a mo rate jaaka “tsala” ya mmatota.—Isaia 41:8.

Boikutlo jo bo Farologaneng ka go Nna le Maemo, Botumo le Taolo

Go rata maemo go tlhalosiwa e le “go nna le keletso e e nonofileng ya go batla maemo, go tuma le taolo.” Kgosi Solomone wa bogologolo le ene e ne e le motho wa maemo, yo o tumileng, yo o nang le taolo e bile a humile thata. (Moreri 2:3-9) Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore ga a nna le dilo tseno ka gonne a ne a di gagamalela. Fa Solomone a ne a nna kgosi, Modimo o ne a mmolelela gore a kope sengwe le sengwe se a se batlang. Ka boikokobetso Solomone o ne a kopa go nna le pelo e e utlwang le temogo e a tla e tlhokang go busa batho ba Modimo a ba itlhophetseng. (1 Dikgosi 3:5-9) Moragonyana, fa Solomone a sena go tlhalosa bogolo jwa khumo le maatla tse a ileng a nna le tsone, o ne a bolela gore ‘sengwe le sengwe ke lefela le go kgaratlhela phefo.’—Moreri 2:11.

A Solomone o kile a bua sengwe ka batho le go fitlhelela bokgoni jwa bone? Ka tsela nngwe ee, o kile a bua ka gone. Fa a sena go tlhatlhoba dilo tse dintsi tse di diragetseng mo botshelong jwa gagwe, o ne a swetsa jaana: “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Moreri 12:13) Batho ba ka kgona go fitlhelela bokgoni jwa bone, e seng ka gore ba nne le maemo, khumo, botumo kgotsa taolo, mme ka go dira go rata ga Modimo.

Boikokobetso bo Dira Gore Motho a Godisiwe

Gone ke boammaaruri gore ga go na sepe se se phoso ka go ithata ka selekanyo se se tshwanetseng. Baebele e re laela gore re rate baagelani ba rona jaaka re ithata. (Mathaio 22:39) Ke ga tlholego fela gore motho a eletse go iketla le go itumela. Mme Dikwalo gape di re kgothaletsa go dira ka natla, go nna boikokobetso le go nna boingotlo. (Diane 15:33; Moreri 3:13; Mika 6:8) Gantsi batho ba ba ikanyegang le ba ba dirang ka natla ba tsewa tsia, ba kgona go bona mebereko e e siameng e bile ba a tlotliwa. Ga go pelaelo gore go latela tsela eno go botoka go na le go ja ba bangwe ntsoma gore o solegelwe molemo kgotsa go gaisana le ba bangwe go bona maemo a a rileng.

Jesu o ne a tlhagisa bareetsi ba gagwe malebana le go itlhophela manno a a tlhomologileng kwa moletlong wa lenyalo. O ne a ba gakolola gore ba ye kwa mannong a maemo a a kwa tlase mme ba lese molaletsi gore e nne ene a dirang tshwetso ya go ba naya manno a mangwe. Fa Jesu a ne a tlhalosa gore o bua ka molaomotheo ofe o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Luke 14:7-11.

Bakeresete ba Boammaaruri ba Tila go Rata Maemo

Baebele e bontsha gore go rata maemo ka tsela e e mabela go amana le lebaka la go sa itekanelang ga rona. (Jakobe 4:5, 6) Go na le nako nngwe e moaposetoloi Johane a kileng a bo a rata maemo. O ne a eletsa thata go nna le boemo mo e leng gore ene le morwarraagwe ka bopelokgale ba ne ba kopa Jesu gore a ba neye maemo a a tlotlometseng mo Bogosing. (Mareko 10:37) Moragonyana Johane o ne a fetola boikutlo jwa gagwe. Tota e bile, mo lekwalong la gagwe la boraro, o ne a bua mafoko a a bogale a go kgala Dioterefese yo a neng a bolela gore ke motho “yo o ratang go nna le maemo a ntlha.” (3 Johane 9, 10) Gompieno Bakeresete ba tsaya tsia mafoko a ga Jesu mme ba ikokobetsa mme gape ba latela sekao sa moaposetoloi yo o godileng e bong Johane yo o neng a ithuta go tila boikutlo jwa go rata maemo.

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore ditalenta tse motho a nang le tsone, bokgoni, ditiro tse dintle le go dira ka natla ka botsone fela di ka se dire gore motho a tsewe tsia. Ka dinako tse dingwe ba newa maemo ke batho ba bangwe mme ka dinako tse dingwe ga go nne jalo. (Diane 22:29; Moreri 10:7) Ka dinako tse dingwe batho ba ba sa tshwanelegeng sentle ba ka nna ba fiwa maikarabelo, mme batho ba ba nang le bokgoni bone ba bo ba sa tsewe tsia. Mo lefatsheng leno la batho ba ba sa itekanelang, gantsi batho ba ba bonang maemo e a bo e se tota ba ba tshwanelwang ke maemo ao.

Mo Bakereseteng ba boammaaruri go rata maemo ga se bothata jo bo kalo. Digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Baebele di ba thusa gore ba tile go rata maemo. Ba leka fela go dira sotlhe se ba ka se kgonang mo go sengwe le sengwe, e le gore ba galaletse Modimo ba bo ba tlogelele sengwe le sengwe mo diatleng tsa gagwe. (1 Bakorintha 10:31) Bakeresete ba leka go dira gore ba fitlhelele se ba se kgonang malebana le go boifa Modimo le go boloka ditaelo tsa gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

A Modimo o ne a kgothaletsa Aborahame go rata maemo?