Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rotlhe re Tshwanetse go Nna le Seabe go Dira Gore Legae le Nne le le Phepa

Rotlhe re Tshwanetse go Nna le Seabe go Dira Gore Legae le Nne le le Phepa

Rotlhe re Tshwanetse go Nna le Seabe go Dira Gore Legae le Nne le le Phepa

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Mexico

ABO go le monate jang go nna mo lefelong le le phepa! Le fa go ntse jalo, e re ka metse ya rona e tletse ka matlakala, go thata le go feta go boloka lefelo la rona le le phepa e bile le le bothakga.

Masepala o leka go boloka mebila e le phepa ka go dira gore matlakala a olelwe, mme le fa go ntse jalo, matlakala a nna a ntse a kgobokana mo mafelong mangwe mme seno ga se sentle e bile ga se a siamela botsogo jwa batho. Matlakala a a kgobokaneng a ka oketsa magotlo, mafele le ditshedinyana tse dingwe tse di bakang malwetse. A go na le sengwe se wena o ka se dirang ka boemo jono? Ee, boloka legae le tikologo ya gago di le phepa e bile di le bothakga.

Go Nna le Boikutlo jo bo Siameng

Batho bangwe ba akanya gore fa tikologo kgotsa magae a le leswe go raya gore ke tsa batho ba ba humanegileng. Le fa go ntse jalo, tota ga go a nna jalo. Gone ke boammaaruri gore go tlhoka dilo tse di dirisiwang go ka dira go nne bokete go boloka lefelo le le phepa. Mme jaaka seane sengwe sa Se-Spain se bolela, “khumanego ga e a tlhobogana ka gope le bophepa.” Kafa letlhakoreng le lengwe, le fa motho a ka tswa a eme sentle mo go tsa madi ga go reye gore o tla boloka tikologo ya gagwe e le phepa.

Lelapa le tikologo di dirwa phepa ke gore motho a bo a ikutlwa a tlhotlheletsega go di phepafatsa. Tota e bile, go boloka lelapa le le phepa go ikaegile thata ka gore lelapa lotlhe le na le boikutlo jo bo ntseng jang. Ka ntlha ya seno, go molemo gore rotlhe re sekaseke gore re ka dirang gore malapa a rona a nne a le phepa mmogo le tikologo e re nnang mo go yone.

Thulaganyo ya go Phepafatsa

Go bonala tiro ya mmalapa e se ke e fela. Mo godimo ga go apaya dijo le go baakanyetsa bana gore ba ye sekolong, o tshwanetse gape a dire ka natla go boloka lelapa le tikologo di le phepa. A o kile wa ela tlhoko gore gantsi ke mmè yo o phuthang diaparo tse di leswe kgotsa dilo tse dingwe tse di latlheletsweng fela mo ntlong? Go nna le thulaganyo e ntle e e akaretsang lelapa lotlhe go ka fokoletsa mmè tiro.

Basadi bangwe ke bone ba dirang tshwetso malebana le dilo tse di tshwanetseng go dirwa le go phepafadiwa letsatsi le letsatsi, mme mafelo mangwe mo legaeng a ka nna a phepafadiwa gangwe ka beke mme a mangwe one gangwe ka kgwedi. Mme gape, go na le dilo dingwe tse go ka rulaganngwang gore di phepafadiwe gangwe ka ngwaga. Ka sekai, mo Malapeng a Bethele, kwa diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa mo nageng nngwe le nngwe, phaposana e go bewang diaparo mo go yone e phepafadiwa ka botlalo gangwe ka ngwaga. Eno ke nako ya gore go latlhwe dilo tse di sa dirisiweng mme dilo di pakiwe sentle mo phaposaneng eno. Mme gape go na le thulaganyo ya ka metlha ya gore go tlhatswiwe mabota.

Go na le mafelo mangwe mo ntlong a go leng botlhokwa gore a phepafadiwe gore batho ba se ka ba lwala a a jaaka phaposi ya botlhapelo. Le mororo go na le mafelo a go tlhokegang gore a phepafadiwe letsatsi le letsatsi, gongwe mangwe a ka phepafadiwa ka botlalo gangwe ka beke gore dibakateria di se ka tsa ata. Bangwe ba akanya gore leswe le le ikgatileng kwa tlase mo kgamelong ya ntlwana ya boithomelo le ka se ka la kgona go tswa. Le fa go ntse jalo, go na le malapa a mo go one matlwana a boithomelo a nnang a le phepaphepa. Ke kgang fela ya go phepafatsa ka metlha le go dirisa didirisiwa tse di siameng.

Phaposi ya boapeelo le yone e tlhoka go phepafadiwa ka kelotlhoko. Le mororo o tlhatswa dijana le setofo le tafole letsatsi le letsatsi, gangwe le gape—gongwe gangwe ka kgwedi—go tla tlhokega gore o phepafatse ka botlalo kafa morago ga didirisiwa tsa motlakase le kafa tlase ga sinki. Fa o phepafatsa bobolokelo jwa dijo le dikhabote ka metlha go tla thusa gore go se ka ga nna le mafele le ditshenekegi tse dingwe tse di kotsi.

Go Dirisana Mmogo ga Lelapa

Batsadi bangwe ba beela bana ba bone melao mme ba ba thapisa gore fa ba tswa mo diphaposing tsa bone mo mosong ba ya sekolong, ba bo ba alotse malao a bone, ba beile diaparo tse di leswe le dilwana tse dingwe mo di nnang teng. Molao o o siametseng mongwe le mongwe ke gore: “Go na lefelo le sengwe le sengwe se nnang mo go lone mme sengwe le sengwe se tshwanetse go nna teng koo.”

Mme gape, bangwe mo lelapeng ba ka newa tiro e e rileng kgotsa ba abelwa go phepafatsa karolo e e rileng mo ntlong. Ka sekai, a rre o phepafatsa le go baya dilo sentle mo karatšheng ngwaga le ngwaga? A mongwe wa bana a ka mo thusa go dira seno? Ke mang yo o tla tlhagolang le go sega bojang mo jarateng? Seno se tshwanetse go dirwa ga kae gore ntlo e lebege sentle ka kwa ntle? A go na le phaposi e e kwa godimo kgotsa ntlwana e go bewang dilwana mo go yone e e tshwanetseng ya tlhokomelwa gore dilo di se ka tsa kgotlhagana mo go yone go sa tlhokege le gore e lebege sentle? Fa e le gore seno se tlhoka go dirwa, ke mang yo o tla go dirang? Batsadi bangwe ba abela bana ditiro tseno, mme ba di dira ka go refosana.

Ka jalo, dira thulaganyo e ntle ya go boloka ntlo ya gago e le phepa. Le fa o ka tswa o itirela ditiro tseno ka bowena kgotsa o di dira le ba lelapa la gago kgotsa o tlhoka go hira mongwe go go thusa, go botlhokwa gore o nne le thulaganyo e e kwadilweng sentle. Mmè mongwe yo o bolokang legae la gagwe le le bothakga o re bolelela kafa lelapa lotlhe le dirisanang mmogo ka teng go le boloka le le phepa: “Nna le bomorwadiake ba bararo re na le tiro e re e dirang mo ntlong. Norma Adriana o phepafatsa phaposi ya bonno, diphaposi tse pedi tsa borobalo le patlelo. Mme Ana Joaquina ene o ikarabelela go phepafatsa ntlwana ya boapeelo. Nna ke tlhatswa diaparo ke bo ke dira dilo tse dingwe fa Maria del Carmen ene a tlhatswa dijana.”

Patlelo e e Lebegang Sentle

Go tweng ka patlelo? Le fa o ka tswa o nna mo teng ga ntlo e kgolo kgotsa mo go nnye, o tlhoka thulaganyo ya go phepafatsa patlelo ya legae la gago. Ka sekai, go ka nna ga tswa sekurufu mo hekeng. O a itse gore heke eo e tla lebega maswe jang fa e ka tlogelwa fela jalo go fitlha kgabagare e wa. Go ntse fela jalo le ka matlakala a a tlogelwang fela kwa pele ga ntlo kgotsa kafa thoko ga ntlo. Ka dinako tse dingwe dithini, dithulusu le dilo tse dingwe di tlogelwa gongwe le gongwe fela ka kwa ntle ga ntlo mme dilo tseno e ka nna mafelo a ditshedinyana tse di senyang di iphitlhang mo go one.

Malapa a mangwe a ile a swetsa go feela le go phepafatsa mafelo a a dikologileng ntlo go akaretsa le fa thoko ga ntlo tota le kwa mmileng fa pele ga ntlo, ba dira jalo gangwe ka letsatsi kgotsa beke nngwe le nngwe fa go tlhokega. Ke boammaaruri gore mo mafelong mangwe puso e na le tsamaiso e ntle ya go phepafatsa tikologo mme mo mafelong a mangwe masepala ga a rulaganya sepe fela go phepafatsa. Ga go pelaelo gore tikologo e re nnang mo go yone e tla lebega botoka le go nna phepa thata fa rotlhe re dira seabe sa rona go e boloka e le phepa.

Malapa mangwe a dira thulaganyo ya go dira ditiro tseno tse di umakilweng fa godimo e re go tswa foo ba bo ba e kwala mo pampiring ba e baya mo botlhe ba ka kgonang go e bona gone le go e latela. Seno se ka nna le matswela a mantle. Gone ke boammaaruri gore ga re a umaka sengwe le sengwe se o tshwanetseng go se dira fa o phepafatsa. Ka sekai, o tshwanetse wa leka go bona gore o tla dirisa didirisiwa dife tsa go phepafatsa tse di siameng mo lefelong la lona le gore ke dithulusu dife tse o tla di tlhokang.

Ga go pelaelo gore dikakantsho di le mmalwa tse di umakilweng di tla dira gore botlhe mo lelapeng ba lemoge gore ba tshwanetse go boloka legae le patlelo ya lone di le phepa. Gakologelwa, go boloka legae le tikologo ya lone e le phepa ga go a ikaega ka se o nang le sone mme go ikaegile ka boikutlo jwa gago.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Thulaganyo e e Molemo ya go Phepafatsa Ntlo

Dirisa dikarolo tse di sa kwalwang sepe fano go oketsa se o batlang go se oketsa mo lenaaneng leno

Ela tlhoko: Go tlhakanya dikhemikale tsa go phepafatsa go ka nna kotsi thata, tila segolobogolo go tlhakanya jiki le khemikale ya ammonia

✔ Letsatsi le letsatsi

Phaposi ya borobalo: Alola malao o bo o phuthe dilo sentle

Ntlwana ya boapeelo: Tlhatswa dijana le sinki. Boloka tafole e le bothakga. Feela kgotsa o korope fa fatshe fa go tlhokega

Ntlwana ya botlhapelo: Tlhatswa beisene le kgamelo ya boithomelo. Baya sengwe le sengwe fa se tshwanetseng teng

Phaposi ya bonno le diphaposi tse dingwe: Baya sengwe le sengwe mo se tshwanetseng teng. Phimola fanitšhara. Feela, kgotsa o korope fa fatshe fa go tlhokega

Ntlo yotlhe: Latlhela matlakala mo a tshwanetseng teng

✔ Beke le beke

Phaposi ya borobalo: Ntsha dishiti tse di leswe o ale tse di phepa. Feela o bo o korope fa fatshe fa go tlhokega. Phimola lerole mo fanitšhareng

Ntlwana ya boapeelo: Tlhatswa setofo, didirisiwa tsa motlakase le sinki. Koropa fa fatshe

Ntlwana ya botlhapelo: Tlhatswa mabota a shawara le dilo tsotlhe tse di fitlhelwang mo go yone. Phepafatsa ntlwana ya boithomelo, kabinete le mafelo a mangwe o dirisa dikhemikale tsa go phepafatsa tse di bolayang megare. Ntsha ditoulo tse leswe o beye tse di phepa. Feela o bo o korope fa fatshe

✔ Gangwe ka kgwedi

Ntlwana ya botlhapelo: Tlhatswa mabotana otlhe ka botlalo

Ntlo yotlhe: Phimola mathudi a mabati. Dirisa motšhine o o gopang lerole go phepafatsa dilo tsa letsela

Tshingwana, jarata, karatšhe: Feela o bo o phepafatse fa go tlhokega. O se ka wa tlogela matlakala kgotsa dilo tse di sa tlhokegeng di koelana

✔ Dikgwedi Dingwe le Dingwe Tse Thataro

Phaposi ya borobalo: Tlhatswa kobo e e bewang fa godimo mo bolaong fa o alola o latela ditaelo tsa go e tlhatswa tse di kwadilweng mo go yone

Ntlwana ya boapeelo: Ntsha sengwe le sengwe mo teng ga setsidifatsi o bo o se tlhatswa

Ntlwana ya botlhapelo: Ntsha sengwe le sengwe mo teng ga diraka o bo o di tlhatswa. Latlha dilo tse di sa tlhokegeng le tse di fetilweng ke nako

Ntlo Yotlhe: Tlhatswa dipone, sefetlhamowa le dikarolo dipe fela tsa dipone. Tlhatswa mabati. Tlhatswa difensetere le diforeime tsa teng

✔ Ngwaga le ngwaga

Phaposi ya borobalo: Ntsha sengwe le sengwe mo phaposaneng ya diaparo o bo o e phepafatse. Latlha dilwana tse di sa tlhokegeng. Tlhatswa dikobo. Ntsha lerole ka botlalo mo materaseng. Tlhatswa mesamo o latela ditaelo tsa go e tlhatswa tse di kwadilweng mo go yone

Phaposi ya boapeelo: Ntsha sengwe le sengwe mo dishelofong le mo dirakeng o bo o di phepafatse ka botlalo. Latlha dilo tse di sa tlhokegeng. Sutisa didirisiwa tsa motlakase gore o kgone go phepafatsa kafa tlase ga tsone

Ntlo yotlhe: Tlhatswa mabota otlhe. Phepafatsa dilwana tse di dirilweng ka letsela le digaretene o latela ditaelo tsa go di tlhatswa tse di kwadilweng mo go tsone

Karatšhe kgotsa mafelo a bobolokelo: Feela sentle. Baya sengwe le sengwe mo se nnang teng kgotsa latlha dilo tse di sa tlhokegeng

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

“Go na lefelo le sengwe le sengwe se nnang mo go lone mme sengwe le sengwe se tshwanetse go nna teng koo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go ka thusa gore o abe dilo tse o sa tlholeng o di dirisa