Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ipaakanyeditse go Nna Teng?

A o Ipaakanyeditse go Nna Teng?

A o Ipaakanyeditse go Nna Teng?

▪ Go nna teng kae? Kwa Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Go Ikobela Modimo”! Go rulagantswe gore kopano eno ya malatsi a le mararo, e e tla simololang mo bekeng ya bofelo ya May kwa United States, e tswelele e tshwerwe dikgwedi tse di latelang mo dinageng tse dingwe di le dintsi go ralala lefatshe. Go ka direga gore nngwe ya tsone e tshwarelwe mo toropong e e gaufi le kwa o nnang teng.

Mo mafelong a le mantsi thulaganyo e tla simolola ka mmino ka 9:30 a.m. Setlhogo sa Labotlhano sa re “Utlwang Lentswe la me, Mme ke Tla Nna Modimo wa Lona.” (Jeremia 7:23) Morago ga dipuo tsa mo mosong tse di nang le setlhogo se se reng “Re ‘Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang’” le “Lebaka La go Bo Tsholofelo ya Tsogo e Tshwanetse go Nna ya Mmatota mo go Wena,” thulaganyo e tla konela ka puo ya setlhogo se se reng “Go Latela Motlhomasekao wa Rona fa re Ikobela Modimo.”

Thulaganyo ya thapama ya Labotlhano e na le dipuo tse di nang le ditlhogo tse di reng “Nna o Tlhomile Mogopolo mo Moyeng Mme o Tshele,” “Itise Kgatlhanong le Keletso ya Bopelotshetlha ya Mofuta Mongwe le Mongwe” le “Lo se Ka Lwa Latela ‘Dipolelo Tsa Maaka Tse di Logetsweng Maano ka Boferefere.’” Morago ga foo go tla latela dipuo tsa neeletsano tse di nang le dikarolo tse pedi tse di tlhalosang dintlhakgolo tsa buka ya Baebele ya Hagai le ya Sekaria. Thulaganyo ya letsatsi leo e tla konela ka puo e e reng “Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!”

Setlhogo sa letsatsi sa thulaganyo ya Matlhatso sa re “Go Nna Kutlo go Tswa Pelong” “mo Dilong Tsotlhe,” se se theilweng mo go Baroma 6:17 le 2 Bakorintha 2:9. Thulaganyo ya mo mosong e akaretsa puo ya neeletsano e e nang le dikarolo tse tharo ya setlhogo se se reng “Go Itumela Malapa a a Ikobelang Melaometheo ya Modimo.” E na le dipontsho le dipotsolotso tse di gatelelang kafa maloko a lelapa—monna, mosadi le bana—ba ka thusang ka teng gore go nne le boitumelo mo lelapeng. Thulaganyo ya mo mosong e konela ka setlhogo se se reng “A Ee wa Lona a Reye Ee,” e morago ga yone batho ba ba tshwanelegang ba tla bong ba kolobediwa.

Dipuo tsa Matlhatso thapama di akaretsa tse di reng “Feta Gore O se Ka wa Bona Se se Se Nang Mosola” le “Boelang Kwa Modiseng wa Meya ya Lona.” Morago ga foo go tla latela puo ya neeletsano ya dikarolo tse pedi ya “Utlwang ba ba Etelelang Pele.” Puo e e konelang ya thapama e e tla bong e le nngwe ya dipuo tse di itumedisang thata mo kopanong eno e tla bo e na le setlhogo se se reng “Totatota Baebele e Ruta Eng?”

Thulaganyo ya Sontaga mo mosong e bua ka setlhogo se se reng “O Utlwe Mafoko Ano Otlhe . . . Gore Dilo di go Tsamaele Sentle,” e e theilweng mo go Duteronome 12:28. Puo ya neeletsano e e nang le dikarolo tse tharo ya setlhogo se se reng, “Thusa ba Bangwe go Ikobela se Baebele e se Rutang” e tla re thusa go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele tse di nang matswela.

Thulaganyo ya mo mosong e konela ka terama e e nang le setlhogo se se reng “Gagamalela Mekgele e e Tlotlang Modimo.” Puo e e tlang pele ga yone e tla bo e na le setlhogo se se reng “Basha—A Mekgele ya Lona e Tla lo Thusa go Atlega?” Puo eno e tla re thusa go tlhaloganya terama ya Baebele e e buang ka Timotheo, yo o tlhomang sekao sa go intsha setlhabelo mo tirelong, e leng sengwe se basha gompieno ba kgothalediwang gore ba se etse. Thulaganyo ya kopano e e konelang ka Sontaga thapama e tla bo e le puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Re Tshwanetse go Ikobela Mang?”

Dira dithulaganyo gone jaanong gore o nne teng. Gore o tle o itse gore kopano e tla tshwarelwa kae mo lefelong la lona, ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona kgotsa kwalela bagatisi ba makasine ono.