Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Batho ba Utswa mo Mabenkeleng?

Ke Eng fa Batho ba Utswa mo Mabenkeleng?

Ke Eng fa Batho ba Utswa mo Mabenkeleng?

“Ga ke tseye mokgwa ono e le go utswa, go na le moo ke tsaya e le go fudusetsa dithoto mo mothong yo o di tlhokang thata.”—MORUTI WA KEREKE YA ENGELANE.

FA E le gore go na le sengwe se se ka dumelwang ka dipolelo tsa bogologolo, go raya gore Robin Hood o ne a bona go siame gore a utswe. Dipolelo tsa bogologolo tsa Baesemane di re bolelela gore o ne a utswetsa batho ba ba humileng a bo a abela bahumanegi dilo tse a di utswileng. Moruti yo o nopotsweng fa godimo le ene o dumela gore lehuma ke lebaka le le utlwalang la gore batho ba utswe. O bua jaana ka batho ba ba utswang mo mabenkeleng: “Ke ba utlwela botlhoko tota, e bile ke akanya gore go na le mabaka a a utlwalang a go bo ba utswa.” O akantsha gore ngwaga le ngwaga go tshwanetse ga nna le letsatsi le bahumanegi ba letlelelwang go tsena mo mabenkeleng a magolo ka lone mme ba itseele sengwe le sengwe se ba se batlang mo dishelofong ba sa duele.

Le fa go ntse jalo, lehuma ga se lone fela le le tlhotlheletsang batho ba le bantsi gore ba utswe mo mabenkeleng. Kwa Japane, mapodise a ne a tshwara mapodise a mangwe a mabedi ka gonne ba ne ba utswile mo lebenkeleng. Kwa United States, motho mongwe yo e leng leloko la batsamaisi ba koporasi ya dijo o ne a tshwarwa a utswa mo lebenkeleng leo la koporasi. Gantsi basha ba ba nang le madi ba utswa dilo tse ba sa di tlhokeng. Ke eng se se tlhotlheletsang batho bano go utswa?

‘Go Monate’

Fela jaaka basetsana ba babedi ba go builweng ka bone mo setlhogong se se fetileng, gantsi bangwe ba ba utswang mo mabenkeleng ba ikutlwa ba ja monate, ba tshogile e bile ba na le maatla, mme selo se se dirang gore ba nne ba utswe ke go bo ba batla go nna le maikutlo ano gangwe le gape. Mosadi mongwe o ne a bua jaana lekgetlho la ntlha fa a sena go utswa: “Ke ne ke itumetse. Ga ke a ka ka tshwarwa, mme seno se ne se nkgatlhile tota!” Moragonyana o ne a bua jaana malebana le tsela e a neng a ikutlwa ka yone fa a sena go utswa ka makgetlhonyana: “Ke ne ke itlhabelwa ke ditlhong—mme gape ke itumetse. Ke ne ke utlwa ke tletse botshelo tota. Fa ke utswa ke bo ke sa bonwe, ke ne ke utlwa ke na le taolo tota.”

Lekawana lengwe e bong Hector o bolela gore dikgwedi fa a sena go kgaotsa go utswa mo mabenkeleng, o ne a ikutlwa a tlhotlheletsega go utswa gape. * “Ke ne ke sa kgone go fenya boikutlo jono, e ne e kete ke tshwakgogile. Fa ke le kwa lefelong la mabenkele ke bo ke bona radio ka fensetere mo lebenkeleng lengwe, ke ne ke ipolelela gore, ‘Go ka nna motlhofo go utswa radio eno. Nka e utswa mme ga se nne le ope yo o mponang.’”

Bangwe ba ba utswang mo mabenkeleng go ikgotsofatsa, ba utswa dilo tse tota ba sa di tlhokeng. Lokwalodikgang longwe lwa kwa India lwa re: “Baithutatlhaloganyo ba bolela gore batho bano ba tlhotlhelediwa ke boikutlo jwa go ijesa monate ka go dira sengwe se ba sa tshwanelang go se dira. . . . E bile bangwe ba busetsa dilo tse ba di utswileng.”

Mabaka a Mangwe

Batho ba le dimilione di le masomesome ba nna le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Ka dinako tse dingwe, batho ba ba nang le bothata jono ba bontsha seno ka go dira dilo tse di sa siamang—jaaka go utswa mo mabenkeleng.

Lelapa la gaabo mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse 14 le ne le se na mathata e bile le itsholetse. Le mororo mosetsana yono a ne a na le sengwe le sengwe se a se tlhokang, o ne a ikutlwa a itlhobogile ka dinako tsotlhe. O ne a re: “Ke ne ke sa kgone go fenya maikutlo ano.” O ne a simolola go nwa bojalwa le go dirisa diokobatsi. Mme ka letsatsi lengwe o ne a tshwarwa a utswa mo lebenkeleng. Go tswa foo o ne a leka ka makgetlho a mabedi go ipolaya.

Fa go ka direga gore ka bonako fela mosha yo o ntseng a itshwere sentle a simolole go utswa mo mabenkeleng, batsadi ba ka akanyetsa gore seno se ka tswa se bakwa ke gore mosha yono o gateletswe mo maikutlong. Dr. Richard MacKenzie yo e leng ngaka ya botsogo jwa basha, o ne a re: “Ke akanya gore fa ngwana wa gago a ka simolola go itshwara ka tsela epe fela e e sa tlwaelegang, seno e ka nna sesupo sa gore o na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, ntle le fa go ka bonwa mabaka a mangwe.”

Basha bangwe ba utswa mo mabenkeleng ka ntlha ya go gatelelwa ke dithaka tsa bone—ba ka nna ba tshwanelwa ke gore ba utswe gore ba amogelwe mo setlhopheng sengwe sa ditsala. Bangwe ba ka nna ba utswa mo mabenkeleng go itlosa bodutu. Bomankge ba go utswa mo mabenkeleng ba itshedisa ka go utswa. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, magodu a utswa dilwana tse di jang diranta di le dimilionemilione letsatsi le letsatsi mo mabenkeleng. Mongwe o tshwanetse go duelela ditshenyegelo tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Mangwe a maina a fetotswe mo motseletseleng ono wa ditlhogo.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

BOLWETSE JWA GO TLHOTLHELETSEGA GO UTSWA

Maria a re: “E sa le ke na le bothata jwa go utswa mo mabenkeleng ke sa le mosha. Boikutlo jono bo ne jwa gakala thata go fitlha ke setse ke utswa dilwana tsa boleng jwa diranta di le 3 000 ka letsatsi.

“Ga se gore ke batla go utswa, mme gone maikutlo a gore ke utswe a nna maatla tota. Eleruri ke batla go fetoga.” E re ka Maria a fitlhela go le thata go laola maikutlo a gore a utswe, o belaela gore o na le bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo mo tlhotlheletsang go utswa.

Batho ba ba nang le bothata jono jwa tlhaloganyo, ba na le bolwetse jo bo amang botho jwa bone, mme bolwetse jono bo ba tlhotlheletsa go utswa le fa go ka se ba solegele molemo. Bothata jono ga se go tshwakgoga fela, go bonala bo bakwa ke go nna le mathata a a tseneletseng a maikutlo.

Bangwe ba bolela gore mongwe le mongwe yo o tlwaetseng go utswa o na le bothata jono, mme dingaka di dumela gore ke batho ba le mmalwa thata ba ba nang le bolwetse jono. Go ya ka Mokgatlho wa Amerika wa Dingaka Tsa Malwetse a Tlhaloganyo, diperesente tse di kwa tlase ga di le 5 tsa batho ba ba utswang mo mabenkeleng ba na le bolwetse jono. Ka jalo motho o tshwanetse go nna kelotlhoko pele a ka bolela gore mongwe yo o tlwaetseng go utswa o na le bolwetse jono. Go ka tswa go na le mabaka a mangwe a go bo motho yoo a utswa.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Batsadi ba ba lorato ba leka go tlhaloganya gore ke eng fa ngwana wa bone a utswa mo mabenkeleng