Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fedisa Bothata Jwa go Utswa mo Mabenkeleng

Go Fedisa Bothata Jwa go Utswa mo Mabenkeleng

Go Fedisa Bothata Jwa go Utswa mo Mabenkeleng

“Go fokotsa bogodu ga se bothata jwa gago o le esi, ke bothata jwa setšhaba sotlhe; mongwe le mongwe o solegelwa molemo fa bogodu bo thibelwa.”—“EVERY RETAILER’S GUIDE TO LOSS PREVENTION.”

FELA jaaka mekgwa e mengwe e e sa siamang, gantsi go utswa mo mabenkeleng go tlhotlheletsa tsela e motho a akanyang ka yone, mme seno se dira gore a akanye gore ga go sepe se se phoso ka go utswa. Ka jalo, fela jaaka molemi a kumola mefero ka medi ya yone, batho ba ba batlang go tlogela go utswa mo mabenkeleng ba tshwanetse go ntsha gotlhelele dikakanyo tse di sa siamang mo megopolong ya bone. Baebele e gakolola jaana mo go Baroma 12:2: ‘Fetolang megopolo ya lona.’ Mme mo go 1 Petere 1:14 ya re: “Tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone.” Dintlha tse tlhano tse di latelang di ka thusa motho yo o nang le bothata jwa go utswa mo mabenkeleng gore a fetole tsela e a akanyang ka yone malebana le go utswa.

Dilo Tse di ka Thusang Motho go Akanya Sentle

▪ Sa ntlha, go utswa mo mabenkeleng ke go tlola molao. Go utswa e ka tswa e le sengwe se se tlwaelegileng mo lefelong le motho yo o utswang mo mabenkeleng a nnang mo go lone. A ka utswa a bo a sa bonwe, mme gone o sa ntse a tlola molao.—Baroma 13:1.

Go diregang fa batho ba le bantsi ba tlola molao? Go ya ka Baebele, “molao o a koafala.” (Habakuke 1:3, 4) Ka mafoko a mangwe, molao ga o tlhole o solegela batho molemo ka go thibela dilo dingwe, mme seno se dira gore go se ka ga nna le tolamo mo setšhabeng. Nako le nako fa mongwe a utswa mo lebenkeleng, o koafatsa motheo wa setšhaba sa batho ba ba ikobelang molao. Fa seno se direga, se ama batho botlhe.

▪ Sa bobedi, go utswa mo mabenkeleng go dira gore batho ba se ka ba tlhola ba tshepana. Go tlhoka boikanyegi go senya tsela e batho ba dirisanang ka yone, mme seno se dira gore batho ba fitlhele go le thata go tlhaloganya batho ba bangwe le go dirisana sentle le bone.—Diane 16:28.

“Bothata jwa me jo bogolo ke gore ke tshepa batho ba bangwe thata.” Go ne ga rialo mong wa lebenkele lengwe la diaparo fa magodu a sena go phutlhamisa kgwebo ya gagwe. Kwa tshimologong o ne a ikanya bareki le bathapiwa ba gagwe, a dumela gore ba ka se ka ba mo utswela. Gone jaanong o akanya gore o ne a dirile phoso ka go ba ikanya.

Motho a ka bolelela yo mongwe maaka mme seno sa dira gore motho yo o boleletsweng maaka a se ka a tlhola a mo tlotla. Mme batho ba ba utswang mo mabenkeleng bone ba dira gore beng ba mabenkele ba belaele batho botlhe ba ba tsenang mo mabenkeleng a bone. Ba dira gore go akanngwe gore batho ba bangwe ba ba ikanyegang le bone ba ka utswa. A go na le motho yo o nang le tshwanelo ya go dira gore batho ba bangwe ba belaelwe jalo?

▪ Sa boraro, go tlwaela go utswa mo mabenkeleng go ka dira gore motho a feleletse a dira ditiro tsa bokebekwa tse di maswe le go feta. Fa nako e ntse e ile, batho ba ba utswang mo mabenkeleng ba ka iphitlhela ba batla go lekeletsa le dilo tse dingwe tse di kotsi tota.—2 Timotheo 3:13.

Go Utswa mo Mabenkeleng go Fedisediwa Ruri

▪ Sa bonè e bile e le sa botlhokwa thata ke gore motho yo o utswang mo mabenkeleng o dira se Modimo Mothatayotlhe a se tlhoileng. Lefoko la Gagwe le bolelela motho yo o utswang gore “a se ka a tlhola a utswa,” e bile le bua ka katlholo e e letetseng batho ba ba leng kgatlhanong le Modimo. (Baefeso 4:28; Pesalema 37:9, 17, 20) Le fa go ntse jalo, Jehofa o itshwarela magodu a a tlogelang mekgwa ya bone. Modimo a ka ba amogela.—Diane 1:33.

▪ Sa botlhano ke gore fela jaaka ditiro tse dingwe tsotlhe tsa bokebekwa, go utswa mo mabenkeleng go tla tloga go fedisiwa. Jaaka go solofeditswe mo Baebeleng e tla re fa Bogosi jwa Modimo bo setse bo laola lefatshe lotlhe, batho ba tla direlana ka boikanyegi. Seno se raya gore ga go kitla go nna le ditlamorago tse di botlhoko tse di bakwang ke go utswa mo mabenkeleng.—Diane 2:21, 22; Mika 4:4.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

DITSELA TSE DI SA TURENG TSE DI KA THUSANG GO THIBELA BOGODU

Beng ba dikgwebo dingwe tse di potlana ba ka nna ba se ka ba kgona go reka didirisiwa tse di turang tsa go thibela magodu. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore ba ka se ka ba kgona go thibela batho go utswa mo mabenkeleng a bone. Gantsi, borakgwebo ba ka sireletsa dithoto tsa bone ka go tsaya dikgato dingwe tse go leng motlhofo go di latela.

Mo kgatisong nngwe e mateketifi Michael Brough le Derek Brown ba neng ba e kwala mmogo, ba ne ba gatelela jaana botlhokwa jwa go ela tlhoko bareki: “Tlhoma mongwe le mongwe leitlho. . . . Wena le barekisi ba gago ke lona ba segolobogolo lo ka thibelang bogodu.” Ba akantsha gore fa o belaela gore mongwe o a utswa mo lebenkeleng o ka bua le ene jaana: “A o setse o bone se o se batlang? Tsweetswee se beye mo khaontareng mme ke tla go tobeletsa motšhine.” “A nka go phuthelela dilwana tsa gago?” “A jesi eo ya go lekana?” “A nka ya go go batlela mmanki?” Mateketifi ano a re: “Seno se dira gore bareki ba ba ikanyegang, tota le magodu, ba bone gore o ba lemogile le gore o a ba kgatlhegela.”

Ba bua jaana malebana le tsela e dilo di tshwanetseng go bewa ka yone mo lebenkeleng: “Nna le setoko se se tletseng sa dilo tse o di rekisang mme o di pake ka bothakga. Go nna o phutha dishelofo go tla go thusa gore o tlwaelane le dilo tse o di rekisang, mme fa dishelofo di pakilwe ka bothakga, seno se dira gore go nne motlhofo go lemoga fa sengwe se sutisitswe kgotsa se tserwe.”—Every Retailer’s Guide to Loss Prevention.

Motlhotlhomisi Russell Bintliff o akantsha jaana: “Fa ditselana tse di mo lebenkeleng di bulegile sentle mme dishelofo di na le setoko se se tletseng, seno se thusa bathapiwa go lemoga se bareki ba se dirang. Mothapiwa fa a tsamaya mo tselaneng e motho yo o belaelwang a bonweng a tsamaya mo go yone a ka kgona go bona gore go tserwe eng, mme go tswa foo a ka itira e kete o leba gore a selo se se tserweng se teng kgotsa ga se yo mo mmanking kgotsa mo kolotsaneng e motho yono a tsentseng dilo tse a di rekileng mo go yone. . . . Motho yo o utswileng o tla lemoga gore go diragalang; mme bareki ba ba ikanyegang bone ba ka se ka ba bo ba lemoga gore mothapi o ba tlhomile matlho.” O bua jaana malebana le kafa ditselana tsa lebenkele di ka rulaganngwang ka teng: “Ditselana di tshwanetse go rulaganngwa ka tsela e e tla dirang gore bathapiwa le [mong wa lebenkele] ba kgone go bona bareki sentle.”—Crimeproofing Your Business—301 Low-Cost, No-Cost Ways to Protect Your Office, Store, or Business.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Fa motho a ikanyega, seno se dira gore batho ba bangwe ba mo ikanye ba bo ba dirisane sentle le ene