Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumele mo Tsholofelong

Itumele mo Tsholofelong

Itumele mo Tsholofelong

JOE o ne a gateletswe ke kankere e e neng e tlile go mmolaya. Mosadi wa gagwe e bong Kirsten le ditsala dingwe tsa bone ba ne ba eme fa thoko ga bolao jwa gagwe ba ntse ba tlotla. Kirsten o ne a leba monna wa gagwe mme a bona dikeledi di elela mo marameng a gagwe. Sa ntlha, o ne a akanya gore Joe o ne a le mo ditlhabing. Gone a ka tswa a ne a le mo go tsone, mme mo nakong eno, o ne a bolelela mosadi wa gagwe gore tota o ne a sa ledisiwe ke ditlhabi.

Kirsten a re: “Mo nakong e e boima eno, Joe o ne a dikologilwe ke ditsala tse di mo ratang thata tse di neng di tlile go mo tlhola. Gape o ne a akantse ka tsholofelo e e molemo e a nang le yone e bile a tlhatswegile pelo go feta le fa e le leng pele mo botshelong jwa gagwe gore e ne jaanong e tlile go diragadiwa le gore go ne go se na ope yo o neng a ka mo amoga yone. O ne a tlhalosa gore tota dikeledi tseo e ne e le tsa boitumelo. Moragonyana mo go jone bosigo joo, Joe o ne a tlhokafala.”

Ke tsholofelo efe e e neng ya nonotsha Joe fa bolwetse jwa gagwe bo ntse bo etegela? E ne e le tsholofetso ya ga Jehofa ya botshelo jo bo sa khutleng jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:10, 11, 29) Tshenolo 21:3, 4 ya re: “Mogope wa Modimo o mo bathong . . . O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele [tse di akaretsang mathata a le mantsi a re nang le one gompieno] di fetile.”

Baswi le Bone Ba na Le Tsholofelo

Tsholofetso e e tlileng go diragadiwa e Joe a neng a na le yone ke ya go tsosiwa mo baswing. Ee, o ne a gomodiwa ke tsholofetso ya ga Jesu ya gore “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo”—baswi ba ba mo mogopolong wa Modimo—ba tla tsosiwa mo borokong jwa loso. (Johane 5:28, 29) A o hutsafaditswe ke go tlhokafalelwa ke mongwe mo lapeng kgotsa ke tsala ya gago? Fa e le gore go ntse jalo, le wena o ka gomodiwa ke tsholofetso ya tsogo ya baswi. Gone ke boammaaruri gore ga se gore tsholofetso eno e dira gore re se ka ra hutsafala fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala. Jesu ka boene “o ne a tsholola dikeledi” fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a ne a tlhokafetse. Mme tsholofelo e re nang le yone e okobatsa botlhoko jo re bo utlwang.—Johane 11:14, 34, 35; 1 Bathesalonika 4:13.

Kirsten a re: “Fa Joe a ne a bolawa ke kankere, ke ne ke ikutlwa gore nka se tlhole ke itumela gape mo botshelong. Le gone jaanong jaana, morago ga dingwaga di le mmalwa a tlhokafetse, ke a lemoga gore botshelo jwa me mo tsamaisong eno ya dilo ga bo tlhole bo tshwana le pele. Ga go na ope mo botshelong jwa me yo o ka tshwanang le Joe. Le fa go ntse jalo, gone ke ikutlwa ke ritibetse mo mogopolong e bile ke kgotsofetse.”

Mafoko ano a ga Kirsten, a re gakolola gore mo tsamaisong ya gone jaanong, go tla nna le dinako tse re se kitlang re itumela ka tsone. Malatsi ga a tshwane. Go na le dinako tse re tshwanetseng go hutsafala ka tsone, tse go sa tshwanelang gotlhelele gore re itumele ka tsone. (Moreri 3:1, 4; 7:2-4) Gape, bangwe ba rona ba ka tswa ba na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, e leng bothata jo bo bakwang ke dilo tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, ditsholofetso tsa Baebele di a re gomotsa, mme botlhale jo bo seng kana ka sepe jo re bo fitlhelang mo Baebeleng bo ka re thusa go tila mamena a le mantsi a a dirang gore re se ka ra itumela. Modimo a re: “Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.”—Diane 1:33.

Ee, ruri Jehofa o batla gore dilo di re tsamaele sentle. O batla gore re itumele—e seng go le gonnye fela, mme re itumele ka boitumelo jo bogolo, le gone e seng ka dingwaga di le mmalwanyana fela, mme re itumele ka bosakhutleng! Ke gone ka moo Morwawe a ileng a bua mafoko ano a a tshwanelang tota: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Re tla bo re dira sentle fa re ka tsaya mafoko a gagwe tsia.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Dilo Tse Robonngwe Tse di Lereng Boitumelo

1. Go leba dilo jaaka motho yo o godileng sentle semoyeng.Mathaio 5:3.

2. Go kgotsofalela se o nang le sone le go tila “lorato lwa madi.”1 Timotheo 6:6-10.

3. Go se ijese menate ka tsela e e feteletseng.2 Timotheo 3:1, 4.

4. Go nna pelotshweu le go direla batho ba bangwe dilo tse di tla ba itumedisang.Ditiro 20:35.

5. Bontsha tebogo, mme o akanye ka masego a o nang le one.Bakolosa 3:15.

6. Itshwarele ba bangwe.Mathaio 6:14.

7. Go Tlhopha ditsala tsa gago ka botlhale.Diane 13:20.

8. Go itlhokomela le go tila mekgwa e e sa siamang.2 Bakorintha 7:1.

9. Go ‘ipela mo tsholofelong’ e e tlhalosiwang mo Baebeleng.Baroma 12:12.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Tsholofetso e e theilweng mo Baebeleng ya botshelo mo lefatsheng le lesha e re gomotsa fela thata