Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Modimo

Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Modimo

Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Modimo

JAAKA GO BOLETSE ELLA TOOM

LELAPA la gaetsho le ne le nna mo torotswaneng nngwe ya Otepää, kwa borwa jwa Estonia, mo e ka nnang dikilometara di le 60 go tswa kwa molelwaneng wa Russia. Ka October 1944, dikgwedi di se kae fa ke sena go aloga kwa sekolong se segolwane, Ntwa ya Lefatshe II e ne e tla tloga e khutla. Fa masole a Russia a ne a feta mo Estonia a busetsa Bajeremane morago, rona le baagelani ba rona—batho ba ba ka nnang 20—re ne ra iphitlha mo sekgweng mo polaseng ya rona mmogo le diruiwa tsa rona.

Mo dikgweding tse pedi fa go ntse go thuntshiwa dibomo gaufi le mo re leng teng, re ne re ikutlwa e kete re mo lefelong la botlhabanelo. Re ne re a tle re nne mmogo mme nna ke bo ke bala ditemana dingwe mo Baebeleng, segolobogolo tsa buka ya Dikhutsafalo. E ne e le lekgetlho la ntlha ke bala Baebele. Letsatsi lengwe ke ne ka ya kwa thabeng e e kwa godimo mme ka khubama ka rapela ka re, “Fa ntwa e fela, ke go solofetsa gore ke tla ya kwa kerekeng Sontaga mongwe le mongwe.”

Go ise go ye kae, masole a ne a fudugela kwa ntlheng ya bophirima. Kgabagare, fa Bajeremane ba ne ba ineela ka May 1945, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya khutla kwa Yuropa. Mme ka nako eo, ke ne ka diragatsa tsholofetso ya me e ke neng ke e dirile mo Modimong mme ka ya kerekeng beke nngwe le nngwe. Mme go ne go na le basadibagolo ba se kae fela ba ba neng ba tla kerekeng. Go ne go ntlhabisa ditlhong go bo ke le gare ga bone. Fa mongwe a ne a eta kwa lelapeng la gaetsho, ke ne ke a tle ke fitlhe Baebele kafa tlase ga tafole.

Go ise go ye kae, ke ne ka bona tiro ya go nna morutabana kwa sekolong sengwe mo lefelong la gaetsho. Ka nako eo, puso ya Bokomonise e ne e le yone e laolang mme batho ba le bantsi ba ne ba sa dumele gore Modimo o teng. Le fa go ntse jalo, ke ne ka gana go tsena mo Mokgatlhong wa Bokomonise. Ke ne ka tshwarega mo dilong di le dintsi mo motseng, tse di jaaka go rulaganyetsa bana mmino wa setso.

Kafa ke Ileng ka Kopana le Basupi ka Teng

Bana ba ne ba tlhoka dikhosetshumo tse ba ka di aparang fa ba tantsha, mme ka April 1945, ke ne ka ya go bona Emilie Sannamees yo e neng e le moroki wa setswerere. E ne e le Mosupi wa ga Jehofa mme nna ke ne ke sa itse. O ne a mpotsa a re, “O akanya eng ka seemo sa lefatshe?” E re ka ka nako eo go ne go tshwarwa dipuisano tsa kagiso kwa San Francisco, kwa U.S.A., ke ne ka re, “Puso eno e tla tloga e fela, mme ke solofela gore dipuisano tseno tsa kagiso di tla thusa go e fedisa.”

Emilie o ne a re dipuisano tsa kagiso di ka se ka tsa dira gore go nne le tharabololo e e tla nnelang ruri, mme o ne a ithaopa go mpontsha mo Baebeleng gore ke ka ntlha yang fa go se kitla go kgonega. Ke ne ke sa ikemisetsa go reetsa mosadi yono yo o bonolo wa dingwaga tsa bogare, ka jalo, pele ga ke tsamaya o ne a mpotsa a re, “A o a itse gore Modimo o ne a ikaeletse gore Adame le Efa ba nne kae?” E re ka ke ne ke sa kgone go araba potso ya gagwe, o ne a nthaya fela a re, “Botsa rraago.”

Fa ke fitlha kwa gae ke ne ka botsa rre. O ne a sa kgone go araba potso eo mme a re ga re a tshwanela go itshwenya ka go batla go ithuta Baebele; re tlhoka fela go nna le tumelo. Fa ke boela kwa go Emilie go ya go tsaya dikhosetshumo, ke ne ka mmolelela gore rre o paletswe ke go araba potso ya gagwe. Ene le mogolowe ba ne ba ntsha Dibaebele tsa bone mme ba mpalela ditaelo tse Modimo a neng a di file Adame le Efa—tsa gore ba tlhokomele legae la bone la tshimo mme ba tshele mo go lone ka boitumelo ka bosakhutleng. Ba ne ba mpontsha mo Baebeleng gore Modimo o ne a ikaeletse gore Adame le Efa ba nne bana mme ba atolosetse legae la bone la Paradaise mo lefatsheng lotlhe. Ke ne ka kgatlhwa thata ke bosupi joo jwa Dikwalo!—Genesise 1:28; 2:8, 9, 15; Pesalema 37:29; Isaia 45:18; Tshenolo 21:3, 4.

Pokano Ya me Ya Ntlha ya Bokeresete

E re ka ke ne ke na le khoso ya dikgwedi tse tharo ya borutabana e ke neng ke tshwanetse go ya kwa go yone ka selemo sa ngwaga oo kwa motseng wa Tartu, Emilie o ne a nnaya aterese ya Mosupi mongwe kwa motseng oo. O ne a nnaya le buka ya Creation, e e neng ya nkgatlha thata ka ntlha ya tsele e e utlwalang sentle e dithuto tsa konokono tsa Baebele di tlhalosiwang ka teng mo go yone. Ka jalo ka August 4, 1945, ke ne ka ya kwa atereseng e ke e filweng.

Fa ke kokota mme go se na ope yo o arabang, ke ne ka kokotela kwa godimo mo e leng gore moagelani mongwe o ne a bula kgoro mme a nnaya aterese e nngwe—kwa Seterateng sa 56 Salme. Fa ke fitlha koo ke ne ka botsa mosadi mongwe yo o neng a obola ditapole mo ba berekelang teng ka re, “A go na le pokano nngwe ya bodumedi e e tshwaretsweng fano?” O ne a mpolelela ka bogale gore ke tsamaye, a ba a re ga ke a tshwanela gore ke bo ke tla fano. E re ka ke ne ke gana go tsamaya, o ne a ntaletsa gore ke ye kwa boalong jo bo kwa godimo go ya go kopanela le setlhopha sengwe se se ithutang Baebele. Go ise go ye kae go ne ga nna le nako ya boikhutso ya dijo mme ke ne ka ipaakanyetsa go tsamaya. Ba bangwe ba ne ba nkgothaletsa gore ke se ka ka tsamaya.

Ka nako ya boikhutso, fa ke ntse ke lebaleba mo tikologong yotlhe, ke ne ka bona makawana a mabedi, a a neng a bonala a otile thata a dutse gaufi le fensetere. Moragonyana ke ne ka utlwa gore ka nako ya ntwa, ba ne ba nna sebaka se se fetang ngwaga ba iphitlhile mo mafelong a a farologaneng gore ba se ka ba tshwarwa. * Ka nako ya thulaganyo ya thapama, Friedrich Altpere o ne a dirisa lefoko “Haramagedona” mo puong ya gagwe. E re ka ke ne ke sa tlwaela lefoko leo, ke ne ka mmotsa moragonyana ka lone mme o ne a le mpontsha mo Baebeleng. (Tshenolo 16:16) Fa a bona kafa ke gakgametseng ka teng, le ene o ne a gakgamala go bona gore ga ke itse lefoko leo.

Ke ne ka simolola go tlhaloganya gore pokano eno e ne e rulaganyeditswe Basupi ba ba itsiweng le ba ba ikanngwang fela. Moragonyana ke ne ka utlwa gore e ne e le pokano ya bone ya ntlha morago ga ntwa! Go tloga ka nako eo, ke ne ka bona kafa go neng go le botlhokwa thata ka gone gore ke ikanye Modimo. (Diane 3:5, 6) Ngwaga morago ga foo, ka August 1946, ke le dingwaga di le 20, ke ne ka kolobediwa go bontsha boineelo jwa me mo Modimong wa boammaaruri e bong Jehofa.

Go Lebana le Kganetso ya ba Lelapa

Puso e ne ya gatelela gore go rutiwe thuto ya bolatolamodimo mo dikolong mme seo se ne sa gwetlha segakolodi sa me se se neng se thapisitswe ke Baebele. Ke ne ke batla go tlogela tiro mme ke batle e nngwe e sele. Ke ne ka bolelela Mmè ka seno, mme o ne a ntlhasela ka bogale a bo a khumola moriri wa me. Ke ne ka swetsa ka gore ke tswe kwa gae. Le fa go ntse jalo, rre o ne a nkgothaletsa gore ke itshoke, a re o tla nthusa.

Nnake e bong Ants o ne a thusa Mmè go nkganetsa. Mme letsatsi lengwe o ne a nkopa dibuka, a bo a di bala mme a di rata thata. Mmè o ne a shakgala thata. Ants o ne a bo a simolola go bua le batho ba bangwe ka Modimo kwa sekolong, mme fa a simolola go bogisiwa, o ne a tlogela go kopanela le Basupi. Ka bonako morago ga foo, o ne a gobala tlhogo fa a ne a ithabuetsa mo metsing. O ne a rapama mo seteretšhareng, a sa kgone go tsamaya mme tlhaloganyo ya gagwe e ne e sa ntse e bereka sentle. O ne a mpotsa a re: “A Jehofa o tla intshwarela?” Ke ne ka re, “Ee.” Ants o ne a tlhokafala malatsi a se kae moragonyana ga foo. O ne a le dingwaga di le 17 fela.

Ka September 1947, ke ne ka tlogela tiro ya me kwa sekolong. Mmè o ne a nna a nkganetsa. Fa ne a latlhela diaparo tsa me kwa ntle ga ntlo, ke ne ka tsamaya mme borra Sannamees ba ne ba nkamogela. Dikgakololo tsa bone tsa gore Jehofa ga a ke a latlha batlhanka ba gagwe di ne tsa nkgothatsa thata.

Diteko Morago ga Ntwa Kwa Estonia

Bokgaitsadi ba borra Sannamees ba ne ba dira gore ke bereke le bone mo tirong ya go rokela malapa a dipolase diaparo. Gantsi re ne re bua le bone ka boammaaruri jwa Baebele. E ne e le nako e e itumedisang eo, ka gonne ke ne ke sa ithute go roka fela mme gape ke ne ke tokafatsa bokgoni jwa me mo bodireding jwa Bokeresete. Mo godimo ga go roka, ke ne ka bona gape le tiro ya go ruta batho dipalo. Le fa go ntse jalo, ka 1948, balaodi ba ne ba simolola go tshwara Basupi.

Mo ngwageng o o latelang ka October, ke ne ke ntse ke bereke mo polaseng fa ke bolelelwa gore balaodi ba ne ba ile kwa lelapeng la borra Sannamees go ya go ntshwara. Fa ke tshabela kwa polasing ya ga Mokaulengwe Hugo Susi, ke ne ka utlwa gore o sa tswa go tshwarwa. Mosadi mongwe yo nkileng ka mo rokela diaparo o ne a ntaletsa gore ke ye go nna kwa ga gagwe. Moragonyana ke ne ka fuduga go tswa mo polaseng e nngwe go ya go e nngwe, ke ntse ke dira tiro ya go roka le go tswelela ka tiro ya go rera.

Fa mariga a simolola, Komiti ya Sepodisi ya Puso ya Soviet (KGB) e ne ya ntshwara kwa Tartu kwa lelapeng la ga Linda Mettig, Mosupi mongwe yo o tlhoafetseng yo o neng a mpheta fela ka dingwaga di se kae. Ke ne ka tshwarwa mme mapodisi a ya go mpotsolotsa. Ba ne ba mpateletsa go apola diaparo tsa me tsotlhe ke ntse ke tlhomilwe matlho ke mapodisi a a sa ntseng a le mabotlana, mme go ne ga ntlhabisa ditlhong thata. Mme fa ke sena go rapela Jehofa, ke ne ka ikutlwa ke ritibetse mo pelong ya me.

Morago ga foo, ke ne ka tsenngwa mo seleng e nnye, e ke neng ke sa kgone le go rapama mo go yone. Ke ne ke ntshiwa fela mo go yone fa ke ya go botsolodiwa. Badiredi bao ba mapodisi ba ne ba tle ba re: “Ga re go kope gore o ganele gore Modimo o teng. A ko o tlogele fela tiro eno ya gago ya boeleele ya go rera! O ka kgona go nna le isagwe e e itumedisang.” Mme ba ne ba tle ba ntshosetse ka go re: “A o batla go tshela? Kgotsa a o batla go swa le Modimo yoo wa gago kwa dikgweng tsa Siberia?”

Mo malatsing a mararo a ke neng ke nna ke botsolodiwa ka one, ke ne ke sa letlelelwa go robala. Go tlhatlhanya ka melaometheo ya Baebele go ile ga nthusa gore ke itshoke. Kgabagare, Mmotsolotsi mongwe o ne a nkopa gore ke saene lekwalo lengwe le le bolelang gore ke tla tlogela go rera. Ke ne ka re: “Ke ile ka akanyetsa kgang eno thata, mme bogolo nka nna mo kgolegelong ke bolokile kamano ya me le Modimo e siame go na le gore ke gololesege mme ke bo ke sa tlhole ke amogelwa ke ene.” Fa ke rialo, mmotsolotsi o ne a goa a re: “Sematla ke wena! Lo tla tshwarwa lotlhe mme lo romelwe kwa Siberia!”

Go Gololwa ke sa Lebelela

Se se gakgamatsang ke gore, pele ga bosigogare, batho ba ba neng ba mpotsolotsa ba ne ba mpolelela gore ke tseye dilo tsa me mme ke tsamaye. E re ka ke ne ke itse gore go tla nna le batho ba ba ntshalang morago, ga ke a ka ka ya kwa matlong a Bakeresete ka nna ka gonne mapodisi a ne a tla itse kwa ba nnang teng. Fa ke ntse ke feta mo mebileng, go ne go na le banna ba bararo ba ba neng ba ntshetse morago. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nkaele, ka tsena mo mmileng o o lefifi mme ka tabogela mo tshingwaneng nngwe ka bonako. Ke ne ka rapama fa fatshe mme ka ikhurumetsa ka matlhare. Ke ne ke kgona go utlwa go gwasa ga dinao tsa bone mme ka bona le lesedi la dipone tsa bone.

Morago ga diura di se kae marapo a me a ne a swa bogatsu ka ntlha ya serame. Kgabagare ke ne ka tsamaya mo mebileng e e dirilweng ka maje ke tshwere ditlhako ka matsogo gore ke se ka ka dira modumo. Ke ne ka tswa mo motseng mme ke tsamaya mo moseleng o o gaufi le tsela e kgolo. Fa go tlhaga dikoloi, ke ne ke rapama fa fatshe. Ka ura ya botlhano mo mosong, ke ne ka fitlha kwa legaeng la ga Jüri le Meeta Toomel, ba ba neng ba nna gaufi le Tartu.

Meeta o ne a gotetsa sauna ka bonako gore ke tle ke ithutafatse. Ka letsatsi le le latelang, o ne a ya kwa Tartu a ikgolaganya le Linda Mettig. Linda o ne a nthaya a re: “A re simolole go rera gone jaanong mme re ralale Estonia yotlhe ka dikgang tse di molemo.” Fa ke sena go fetola tsela e ke lebegang ka yone ka go ipaakanya moriri ka tsela e nngwe, ke tsenya makeup le go rwala diborele, re ne ra simolola tiro ya rona ya go rera. Mo dikgweding tse di latelang, re ne ra tsamaya sekgala se seleele ka dibaesekele. Fa re ntse le mo loetong lwa rona, re ne ra nna re kgothatsa badumedi ka rona ba ba nnang mo dipolaseng.

Basupi ba ne ba rulaganya go tshwara kopano ya kgaolo ka July 24, 1950, mo bobolokelong jo bogolo jwa furu jwa seithuti sengwe sa Baebele gaufi le Otepää. Fa re utlwa gore dithulaganyo tsa go nna le kokoano eno di itsiwe ke KGB, re ne ra kgona go tlhagisa bontsi jwa Basupi fa re ntse re le mo tseleng ya go ya koo. Go ne ga rulaganngwa lefelo le lengwe ka letsatsi le le latelang mme go ile ga tla batho ba ba ka nnang 115. Mongwe le mongwe o ne a boela gae a itumetse e bile a ikemiseditse le go feta go nna a ikanyega le fa go ka tlhaga diteko. *

Morago ga foo, nna le Linda re ne ra tswelela ka tiro ya rona ya go rera le go kgothatsa Bakeresete ka rona. Moragonyana mo go one ngwaga oo, re ne ra nna le seabe mo thobong ya ditapole mme re ne ra kgona go bolelela batho ba re neng re bereka le bone ka molaetsa wa Bogosi. Mong wa polasi nngwe o ile a bo a emisa go bereka mme a re reetsa ka sebaka sa ura, a bo a re: “Motho ga a ke a utlwa dikgang tse di ntseng jalo mo malatsing ano.”

Nna le Linda re ne ra boela kwa Tartu, mo re neng ra utlwa gore go na le Basupi ba ba oketsegileng ba ba tshwerweng, go akaretsa le mmaagwe Linda. Bontsi jwa ditsala tsa rona di ne di setse di tshwerwe jaanong, go akaretsa le bokgaitsadi ba borra Sannamees. E re ka re ne re itse gore KGB e ne e re batla, re ne ra ithekela dibaesekele mme ra tswelela re rera ka kwa ntle ga Tartu. Bosigo bongwe KGB e ne ya mphitlhela kwa legaeng la ga Alma Vardja, Mosupi mongwe yo o neng a sa tswa go kolobediwa. Fa ba tlhatlhoba pasa ya me, mongwe wa bone o ne a re: “Ella! Re ntse re go batla gongwe le gongwe!” E ne e le ka December 27, 1950.

Go Isiwa Kgolegelong Mme Morago ga Foo Kwa Siberia

Nna le Alma re ne ra phutha dilwana di se kae re ritibetse mme morago ga foo ra ja. Badiredi ba KGB ba ne ba gakgametse mme ba re, “Le go lela ga lo lele. Lo ntse fela foo mme lwa ja.” Re ne ra re: “Re ya kwa kabelong ya rona e ntšha mme ga re itse gore re tla jang leng gape.” Ke ne ka tsamaya ka kobo e moragonyana ke neng ka e dirisetsa go loga dikauso le ditlelafo. Morago ga gore re nne dikgwedi di le dintsi mo kgolegelong, ka August 1951, nna le Basupi ba bangwe kwa Estonia re ne ra isiwa botshwarwa kwa nageng e nngwe. *

Go tswa kwa Estonia, re ne ra isiwa ka terena kwa Leningrad (e gone jaanong e leng St. Petersburg), kwa Russia, mme go tswa foo ra isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso tse di itsegeng ka bosetlhogo tsa kwa Vorkuta, Komi, ka kwa godimo ga Arctic Circle. Go ne go na le Basupi ba le bararo mo setlhopheng sa rona. Fa ke ne ke le kwa sekolong, ke ne ka ithuta Se-Russia mme ke ne ke ntse ke leka go se bua fa e sa le ke tshwarwa gore ke se ka ka se lebala. Ka jalo, ke ne ke kgona go bua Se-Russia sentle ka nako ya fa ke fitlha kwa dikampeng tseo.

Fa re le kwa Vorkuta, re ne ra kopana le mosetsana mongwe wa kwa Ukraine yo o neng a nna Mosupi fa a ne a le kwa kampeng ya pogisetso ya Banasi kwa Poland. Ka 1945 ene le Basupi ba bangwe ba le 14 ba ne ba tsenngwa mo sekepeng se Bajeremane ba neng ba batla go se nwetsa kwa Lewatleng la Baltic. Le fa go ntse jalo, sekepe seo se ne sa fitlha sentle kwa Denmark. Moragonyana fa a sena go boela kwa Russia, o ne a tshwarwa ka ntlha ya go rera mme a romelwa kwa Vorkuta, mo a ileng a fitlha a re kgothatsa thata gone.

Re ne ra kopana gape le basadi ba bangwe ba babedi ba ba neng ba re botsa jaana ka Se-Ukraine: “Ke bomang mo go lona ba e leng Basupi ba ga Jehofa?” Ka bonako fela re ne ra lemoga gore ke bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete! Ba ne ba re kgothatsa le go re tlhokomela. Bagolegwa ba bangwe ba ne ba re raya ba re go ne go ntse jaaka e kete re ne re na le ba malapa a rona ba ba neng ba emetse go goroga ga rona.

Go Fudusediwa Kwa Dikampeng Tsa Mordovia

Fa ka December 1951 tlhatlhobo ya kalafi e ke neng ka e dira e ne e bontsha gore ke ne ke na le bolwetse jwa thyroid, ke ne ka fudusediwa dikilometara di ka nna 1 500 go ya kwa bophirima jwa kgolegelo ya Mordovia e e leng dikilometara di le 400 go ya kwa borwabotlhaba jwa Moscow. Mo dingwageng tse di latelang fa ke le koo, ke ne ka kopana le Basupi ba Bajeremane, Ba-Hungaria, Ba-Poland le ba Ba-Ukraine kwa dikampeng tsa basadi tse ke neng ke le mo go tsone. Ke ne ka kopana gape le Maimu, legolegwa la dipolotiki le le neng le tswa kwa Estonia.

Fa Maimu a ne a ntse a le kwa kgolegelong kwa Estonia, o ne a tshola ngwana mme molebedi mongwe wa kgolegelo yo o pelonomi o ne a naya mmaagwe Maimu lesea leo. Fa re le kwa kgolegelong ya Mordovia, re ne ra ithuta Baebele le Maimu mme o ne a dumela dilo tse a neng a di ithuta. O ne a kgona go kwalela mmaagwe, yo le ene a neng a amogela boammaaruri jwa Baebele mme a di ruta mosetsanyana wa ga Maimu e bong Karin. Dingwaga di le thataro morago ga foo, Maimu o ne a gololwa kwa kgolegelong mme a boa a kopana gape le ngwana wa gagwe. Fa Karin a gola, o ne a nyalwa ke Mosupi. Ba ntse ba direla mmogo ka dingwaga di le 11 tse di fetileng kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Tallinn, kwa Estonia.

Kampa nngwe ya kgolegelo mo dikagong tse dikgolo tsa kgolegelo ya kwa Mordovia e ne e na le moago mongwe o o neng o bidiwa serobi. E ne e le disele tse dinnye tse di nneng di nna di disitswe tse di ageletsweng mo teng ga mabota a kampa. Nna le Basupi ba bangwe ba le barataro re ne ra tsenngwa mo go tsone ka ntlha ya tiro ya rona ya Bokeresete. Mme le fa re ne re le koo, re ne ra dira dikhopi tse dinnye tsa ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tse di kwadilweng ka seatla mme ra di romela ka bokhukhuntshwane kwa go ba bangwe mo dikampeng tse di gaufi. Mongwe wa mekgwa e re neng re e dirisa e ne e le go gonya sesepa re bo re tsenya ditlhogo tseo mo teng ga sone re bo re se tswala gape.

Ka dingwaga tse ke neng ke le kwa dikampeng tsa Mordovia ka tsone, ke ne ka kgona go thusa batho ba ba fetang lesome go tsaya kgato ya go direla Modimo. Kgabagare, ka May 4, 1956, ke ne ka bolelelwa go twe, “O gololesegile go ka tsamaya le go dumela mo Modimong wa gago e bong Jehofa.” Mo go yone kgwedi eo, ke ne ka tsaya loeto ka ya gae kwa Estonia.

Ke Setse Ke na Le Dingwaga Tse di ka Nnang 50 ke Boetse Gae

Ke ne ke sena tiro, madi kgotsa legae le ke nnang mo go lone. Mme malatsi a se kae fela fa ke sena go goroga, ke ne ka kopana le mosadi mongwe yo o neng a kgatlhegela dithuto tsa Baebele. O ne a ntetla gore ke nne le ene le monna wa gagwe mo foleteng ya bone e e nang le kamore e le nngwe fela. Ke ne ka reka wulu ka madi a ke neng ke a adimile mme ka loga dijesi tse ke neng ka di rekisa kwa marekelong. Moragonyana, ke ne ka bona tiro kwa Kokelong ya Kankere ya kwa Tartu, kwa ke neng ka bereka teng ke dira ditiro tse di farologaneng ka dingwaga di le supa. Mo go yone nako eo, Lembit Toom le ene o ne a boa kwa Siberia mme ka November 1957, re ne ra nyalana.

Mapodisi a KBG a ne a nna a re disitse, mme a ne a re tshwenya gangwe le gape ka gonne tiro ya rona ya go rera e ne e sa ntse e thibetswe. Le fa go ntse jalo, re ne ra dira se re ka se kgonang go bolelela ba bangwe ka tumelo ya rona. Lembit o tlhalosa karolo eno ya botshelo jwa rona mo makasineng wa Tsogang! wa February 22, 1999. (wa Seesemane) Kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1950 le le kgabaganya dingwaga tsa bo1960 le bo1970, Basupi ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa dinageng di sele ba ne ba boela gae. Mo bofelong jwa dingwaga tsa bo1980, re ne re na le Basupi ba ba fetang 700 kwa Estonia. Ka 1991, tiro ya rona ya Bokeresete e ne ya amogelwa semolao, mme fa e sa le ka nako eo, re ile ra oketsega go nna Basupi ba ba fetang 4 100 kwa Estonia!

Gone jaanong, e setse e le dingwaga tse di fetang 60 fa e sa le ke ne ke ile kwa pokanong ya me ya ntlha e e neng e tshwaretswe mo sephiring ya Basupi kwa Estonia morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Fa e sa le ka nako eo, ke ne ka ititaya sehuba gore ke tla tsaya tsia kgakololo eno ya Baebele: “Ikanye Jehofa mme o dire molemo.” Ke ile ka ithuta gore go dira jalo go dira gore o bone “dikopo tsa pelo ya gago.”—Pesalema 37:3, 4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 14 Mongwe wa makawana ano e ne e le Lembit Toom, yo kgang ya botshelo jwa gagwe e tlhagang mo makasineng wa Tsogang! wa February 22, 1999 (Ka Seesemane).

^ ser. 30 Bona Tsogang! ya February 22, 1999, ditsebe 12-13, (Ka Seesemane) go bona tlhaloso e e oketsegileng malebana le gore kopano eno e ne e ntse jang.

^ ser. 34 Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Basupi kwa Estonia ba ne ba setse ba isitswe botshwarwa kwa nageng e nngwe mo masimologong a April 1951. Bona Tsogang! ya May 8, 2001, ditsebe 14-16 le bidio ya Faithful Under Trials—Jehovah’s Witnesses in the Soviet Union.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

A re simolole go rera gone jaanong mme re ralale Estonia yotlhe ka dikgang tse di molemo.”—Linda Mettig

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke na le Basupi ba bangwe ba le robongwe mo kampeng ya kgolegelo ya Mordovia

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Gompieno, ke na le monna wa me e bong Lembit