Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Mo e ka nnang motho a le mongwe mo go ba le banè” kwa United States “o nna le bobotlana mofuta o le mongwe wa bolwetse jwa tlhaloganyo ngwaga mongwe mo botshelong jwa gagwe, mme mo e ka nnang a le mongwe mo go ba le babedi o nna le jone nako nngwe mo botshelong jwa gagwe.”—SCIENCE NEWS, KWA U.S.A.

Ka September 2004, Kgwanyape e e bidiwang Ivan e ne ya dira bobotlana makhubu a le 24 a a bogodimo jwa dimetara di le 15 kwa Kgogometsong ya kwa Mexico. Lekhubu le le neng le le kwa godimo thata le ne le le bogodimo jwa dimetara di le 27,7.—MAKASINE WA SCIENCE, KWA U.S.A.

Go dirisa difouno tsa selula o ntse o kgweetsa go oketsa selekanyo sa go baka kotsi ya sejanaga mo o ka feleletsang o ile bookelong go menagane ganè, mme seno se direga mokgweetsi a ka tswa a bua ka founo a e tshwere ka letsogo kgotsa a sa e tshwara.—BMJ, KWA BORITANE.

▪ Kgatiso e ntšha ya lenaane la dipuo le le diretsweng go thusa baranodi ba Baebele e bontsha gore go na le dipuo di le 6 912 tse di dirisiwang gompieno.—THE NEW YORK TIMES, KWA U.S.A.

▪ Le fa ba tlhagisiwa gore go goga motsoko go ka ntsha bana ba bone kotsi, diperesente di le 30 tsa basadi kwa Poland ba sa ntse ba goga motsoko ka nako ya fa ba imile kgotsa mo dingwageng tsa fa ba anyisa bana ba bone.—MAKASINE WA ZDROWIE, KWA POLAND.

Maikutlo a Batho ka go Huma

ABC News Online e bega gore patlisiso e e neng ya dirwa ke setheo sengwe sa dipatlisiso se se bidiwang Australia Institute, se batlisisa ka maikutlo a batho malebana le go huma, e fitlhetse gore ke mohumi a le mongwe fela mo go ba le 20 ba kwa Australia yo o itsayang a atlegile. Go ya ka Clive Hamilton, e bong mokaedimogolo wa setheo seno, “fa re huma thata, re simolola go se kgotsofalele madi a re a amogelang.” Tota e bile, ke diperesente di le 13 fela tsa batho ba ba amogelang madi a mantsi ba ba ikutlwang ba kgotsofetse tota mo botshelong. Hamilton a re: “Tota motho a ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa rona batho re gagamalela go nna le madi a mantsintsi mme go ntse go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore boitumelo bo leriwa ke dilo tse dingwe mo botshelong.”

Leswe le le Dikologang Fela mo Lefaufaung

“Akanya fela gore go ne go ka nna jang fa e ne e ka re fa dikoloi di felelwa ke mafura, bakgweetsi ba bo ba di tlogela fela jalo mo mebileng ya toropo ba tswa ba tsamaya,” go rialo makasine wa New Scientist. Mme go direga se se tshwanang ka disatalaete tse di sa tlholeng di bereka, mme seno se dira gore go nne le kotsi ya gore disutlhalefaufau tse disha di thulane le dilo tseno tse di sa tlholeng di bereka tse di fofang mo lefaufaung. Go lekanngwa gore gaufi thata le mola o o tsamayang go dikologa lefatshe o disatalaete di tsamayang mo go one, go na le dilo di ka nna 1 120 tse di bogolo jo bo fetang bophara jwa disentimetara di le 60, mme tse di ka nnang 300 fela tsa dilo tseno ke disatalaete tse di berekang. Dingwe tsa dilo tse di kotsi tseno tse di tlogetsweng fela di dikologa ka botsone mo mafelong a a farologaneng ke metšhine e le 32 e e ntshang maatla a nuklea, e e sa tlholeng e bereka.

Dibetsa le Ntwa

E ne ya re fa Ntwa ya Molomo e khutla, kgwebo ya dibetsa e ne ya ya kwa tlase. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di sekae tse di fetileng e ile ya gola gape. Stockholm International Peace Research Institute (SIPRI) e bega gore ka 2004, madi a a neng a dirisiwa mo sesoleng mo lefatsheng lotlhe a ne a fitlha go diranta di le dimilione di le dimilione di le 6,62. Madi ano a lekana le fa go ne go ka twe monna mongwe le mongwe, le mosadi le ngwana yo o mo polaneteng eno ba newe R1 072. Go ya ka SIPRI, ka 2004 go ne ga lowa dintwa di le 19 tse go neng ga swa batho ba feta 1 000 mo go nngwe le nngwe ya tsone. Mo dintweng tseno, di le 16 tsa tsone di sa le di ntse di fagile dingwaga di feta di le lesome tse di fetileng.

Dijanaga Tse di Dirisang Mefuta e Mebedi e e Farologaneng ya Lookwane

Makasine wa Veja o bega gore nngwetharong ya dijanaga tse disha tse di rekisiwang kwa Brazil jaanong di dirisa mefuta e mebedi e e farologaneng ya lookwane. Di dirisa peterole, lookwane lo lo dirilweng ka bojalwa, kgotsa motswako wa dilo tseno tse pedi, motswako ono o le ka selekanyo lefa e ka nna sefe fela. Go tloga ka 2003 go ya go 2004, thekiso ya lookwane lono lo lo nang le bojalwa e ile ya tlhatloga ka diperesente di le 34. Mme gone e se ka gonne batho ba batla go sireletsa tikologo. Ke fela gore ba le bantsi ba ba dirisang dijanaga ba fitlhela go kgweetsa dijanaga tse di tshetsweng lookwane lono go sa je madi a mantsi go le kalo. Rafael Schechtman, yo e leng motsamaisi wa Setheo sa Brazilian Center of Infrastructure o tlhalosa gore dijanaga tse di dirisang mefuta e mebedi eno e e farologaneng ya lookwane di ka thusa “bareki fa go ka nna le mathata a lookwane le fa ditlhwatlhwa tsa lookwane di nnela go ya kwa godimo le kwa tlase. Fa tlhwatlhwa ya lookwane lo lo nang le bojalwa e tlhatloga, o dirisa peterole, mme fa go tlhatloga ya peterole, o dirisa lookwane lo lo nang le bojalwa.”