Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Go Thusa Basha Ba ba Mo Mathateng (April 8, 2005) Ditlhogo tseno di ne di ruta tota. Ka dinako tse dingwe go nna mosha ke kgwetlho e kgolo tota, mme go nna le ditlhogo tse di kgothatsang jaaka tseno go dira gore go nna mosha go se ka ga nna dingalo go le kalo. Eno ke yone tshedimosetso e re e tlhokang go re kgothatsa mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Dikgakololo tse di mo ditlhogong tseno di tla re thusa gore re se ka ra raelwa ke “maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11) Re leboga gore lo bo lo re fa dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.

K. S., kwa United States

Rotlhe re Tshwanetse go Nna le Seabe go Dira Gore Legae le Nne le le Phepa (June 8, 2005) Fa ke gola, batsadi ba me ka bobedi ba ne ba bereka mme rona bana ba bararo re ne re tlhola re tshameka fela mo ntlong. Ntlo ya rona e ne e nna e tlhakatlhakane. Tota le go fitlha gompieno jaana ga ke rate go phepafatsa. Mme go bala setlhogo seno go ne ga dira gore ke utlwe e kete mmè o ne a nthuta go phepafatsa. Gone jaanong ke na le bana ba ba godileng, mme ga ba rate go phepafatsa. Go na le dilo di le dintsi tota tse ke tshwanetseng go ba ruta tsone. Setlhogo seno se nkgothaditse.

Y. E., kwa Japane

Poeletso e e Dirwang ke Lelapa (May 8, 2005, ka Seesemane) Fa ke bona setlhogo seno, matlho a me a ne a gelela dikeledi. Ke ne ka se bontsha morwadiake. Mme a mpolelela gore o ne a setse a badile setlhogo se se neng se bua ka thaga e e gobetseng e bile o ne a ile a araba dipotso ka bobedi tse di mo setlhogong seno sa “Poeletso e e Dirwang ke Lelapa.”

L. S., kwa United States

Dilaeborari—Kgoro e e Isang Kitsong (May 22, 2005, ka Seesemane) Ke kopa go lo itsise gore setshwantsho se se mo tsebeng ya 18 se go tweng ke sa ga Kgosi Ashurbanipal wa Asiria ga se sone. Totatota setshwantsho seno ke sa ga Kgosi ya Asiria e bong Esar-haddon.

A. W., kwa Jeremane

“Tsogang!” e a araba: Re leboga gore o bo o re bontshitse ntlha eno. Jaaka go tlhalosiwa mo bukeng e e tlhalosang Baebele ya “Insight on the Scriptures,” Bolumo 1, tsebe 757, Esar-haddon e ne e le morwa yo mmotlana e bile e le motlhatlhami wa Kgosi ya Asiria e bong Senakaribe. *

Khalendara e e Gakgamatsang ya Maya (April 8, 2005, ka Seesemane) Setlhogo seno se ne sa dira gore ke batle go dira dipatlisiso mo Internet. Ke ne ka fitlhela gore khalendara eno ya Maya e amana thata le tepodinaledi. Ke akanya gore go gatisa ditlhogo tse di tshwanang le tseno go ka dira gore babadi ba kgatlhegele thata tepodinaledi le boitseanape.

J. K., kwa Poland

“Tsogang!” e a araba: Jaaka go tlhalositswe mo go tsebe 4 ya “Tsogang!” lokwalopaka lono “lo bega dikgang, lo bolela ka batho ba kwa mafatsheng a le mantsi, lo sekaseka bodumedi le saense.” Seno ga se reye gore re buelela sotlhe se se diregang mo dikarolong tseno. Mo setlhogong se se khutshwane se o buang ka sone, re ne re bega ka Maya ya bogologolo, e tsela ya yone e e botswerere ya go bala nako e thusitseng gore go nne le khalendara e e tlhomameng. Lebaka la go bo khalendara eno e ne e dirisiwa mo dilong tsa boselamose—e leng ntlha e setlhogo seno se sa e ganetseng—ga le a tshwanela go dira gore babadi ba kgatlhegele go ithuta ka tepodinaledi.

Nako le nako re na le go amogela dipotso tse di tshwanang malebana le ditshwantsho tse di mo dikgatisong tsa rona. Ditshwantsho tsa medingwana, tsa bodumedi, kgotsa tsa dilo tsa bodimona ga di tshwantshiwe gore bareetsi ba batle go itse mo go oketsegileng ka tsone mme ke go dira gore batho ba se ka ba di tsaya e le masaitseweng le go tlhagisa babadi ba rona gore ba se ka ba ikamanya ka gope le tsone. Dikakgelo di le dintsi tse re di amogetseng di bontsha gore ditlhogo tsa rona le ditshwantsho tsa rona di dirile sone fela seo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 E gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa.