Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri Jesu o Ile a Swela mo Sefapaanong?

A Ruri Jesu o Ile a Swela mo Sefapaanong?

Baebele ya Reng

A Ruri Jesu o Ile a Swela mo Sefapaanong?

SEFAPAANO ke sengwe sa matshwao a bodumedi a batho ba a tlwaetseng thata. Batho ba le bantsi ba a se tlotla, ba se tsaya e le sedirisiwa se se boitshepo se Jesu a ileng a bolaelwa mo go sone. Mokwadi mongwe wa Moroma Katoliki e bile e le moithutamarope e bong Adolphe-Napoleon Didron o ne a re: “Sefapaano se tlotliwa ka tsela e e tshwanang, gongwe e bile le ka tsela e e lekanang le e Keresete a tlotliwang ka yone; logong lo lo boitshepo lono le tlotliwa mo e batlang e nna ka tsela e Modimo ka boene a tlotliwang ka yone.”

Ba bangwe ba re sefapaano se dira gore ba ikutlwe ba atamalane thata le Modimo fa ba rapela. Ba bangwe ba se dirisa jaaka pheko, ba akanya gore se tla ba sireletsa mo bosuleng. A mme Bakeresete ba tshwanetse go tlotla sefapaano? A ruri Jesu o ile a swela mo sefapaanong? Baebele ya reng ka kgang eno?

Sefapaano se Emela Eng?

Pele ga motlha wa Bokeresete, Bababelona ba ne ba dirisa difapaano jaaka matshwao a kobamelo ya bone fa ba rapela modimo wa tsalo e bong Tamuse. Go dirisiwa ga sefapaano go ne ga fetela kwa Egepeto, India, Siria le China. Mme makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, Baiseraele ba ne ba itshekolola kobamelo ya ga Jehofa ka go tlotla modimo wa maaka e bong Tamuse. Baebele ya re mofuta ono wa kobamelo ke ‘selo se se makgapha.’—Esekiele 8:13, 14.

Dipego tsa boefangele tsa ga Mathaio, Mareko, Luke le Johane di dirisa lefoko la Segerika la stau·rosʹ fa di bua ka selo se Jesu a neng a swela mo go sone. (Mathaio 27:40; Mareko 15:30; Luke 23:26) Lefoko stau·rosʹ le raya kota e e tlhamaletseng. Buka ya The Non-Christian Cross e e kwadilweng ke J. D. Parsons e tlhalosa jaana: “Ga go na bosupinyana bope mo seeleng le fa e le se le sengwe sa mekwalo yotlhe ya Tesetamente e Ntšha, e go ya ka Segerika sa ntlhantlha, bo bontshang gore lefoko stauros le le dirisitsweng malebana le Jesu ke selo se sele go na le stauros e e tlwaelegileng; mme ga go na bosupi bope jwa gore go kile ga bo go na le selo se se ntseng jalo, e leng dikgong tse pedi tse di kokotetsweng mmogo go dira sefapaano go na le gore e bo e le karolo e le nngwe fela ya logong.”

Jaaka go bontshitswe mo go Ditiro 5:30, moaposetoloi Petere o ne a dirisa lefoko xyʹlon, le le kayang “setlhare” le e leng lekaelagongwe la lefoko stau·rosʹ, le le kayang logong lo lo tlwaelegileng lo lo tlhamaletseng kgotsa kota ya setlhare, e seng sefapaano sa dikgong tse pedi. E nnile morago ga dingwaga di ka nna 300 fa Jesu a sena go swa mo bangwe ba ba ipitsang Bakeresete ba ileng ba rotloetsa kgopolo ya gore Jesu o swetse mo sefapaanong se se dirilweng ka dikgong tse pedi. Le fa go ntse jalo, kgopolo eno e ne e theilwe mo ngwaong gape e bakilwe ke gore go ne go sa tlhaloganngwe lefoko la Segerika la stau·rosʹ sentle. Go botlhokwa go ela tlhoko gore ditshwantsho dingwe tsa bogologolo tse di takilweng tse di bontshang dipolao tsa Baroma, di supa fa go ne go dirisiwa kota e le nngwe fela kgotsa setlhare.

“Itiseng mo Medingwaneng”

Se se botlhokwa le go feta mo Bakereseteng e tshwanetse ya nna kgang ya gore a go siame go obamela selo se se dirisitsweng go bolaya Jesu. Le fa e ka tswa e ne e le kota e le nngwe e e tlhamaletseng ya tlhokofatso, sefapaano, motswi, lerumo kgotsa thipa, potso ke gore a sedirisiwa seo se tshwanetse sa dirisiwa mo kobamelong?

A re re gongwe mongwe yo o mo ratang o ile a bolawa setlhogo mme sebetsa se a bolailweng ka sone se bo se ntshiwa kwa kgotlatshekelo gore e nne bosupi. A o ne o tla leka go itseela sebetsa se a bolailweng ka sone, o se tsaya ditshwantsho mme o bo o dira dikhopi di le dintsi tsa sone gore o se anamise mo bathong? A o ne o tla dira dibetsa tse dingwe tse di tshwanang le sone tsa bogolo jo bo farologaneng? Mme go tswa foo o bo o dira dingwe tsa tsone gore e nne dibenyane tsa go ikgabisa? Kgotsa a o ne o tla dira gore go nne le dibetsa tse dingwe tse di tshwanang le sone mme o bo o dira gore di rekisediwe ditsala le ba losika gore ba di obamele? Ga go pelaelo gore o ne o ka se dire selo se se ntseng jalo! Le fa go ntse jalo, ke sone se batho ba se dirileng ka sefapaano!

Tota e bile, go dirisa sefapaano mo kobamelong go tshwana fela le go dirisa ditshwantsho mo kobamelong, e leng selo se Baebele e se kgalang. (Ekesodo 20:2-5; Duteronome 4:25, 26) Moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa dithuto tsa Bokeresete jwa boammaaruri sentle fa a ne a kgothatsa Bakeresete ka ene ka mafoko ano: “Itiseng mo medingwaneng.” (1 Johane 5:21) Bakeresete ba ne ba itisa mo medingwaneng le fa seno se ne se tla raya gore ba tla swela mo mabaleng a metshameko ya Baroma.

Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba anaanela thata loso lwa ga Keresete lwa go intsha setlhabelo. Ka tsela e e tshwanang gompieno, le fa sedirisiwa se se dirisitsweng go tlhokofatsa le go bolaya Jesu se sa tshwanela go obamelwa, Bakeresete ba boammaaruri ba gopola loso lwa ga Jesu e le tsela e Modimo a tliseditseng batho ba ba sa itekanelang poloko ka yone. (Mathaio 20:28) Tsela e e molemolemo eno e Modimo a bontshitseng lorato lwa gagwe ka yone e tla re tlisetsa masego a mantsi, go akaretsa le tsholofelo ya gore batho ba ba ratang boammaaruri ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3; Tshenolo 21:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ditshwantsho dingwe tsa bogologolo tse di takilweng di bontsha gore go ne go dirisiwa kota e le nngwe fela mo dipolaong tsa Baroma

[Motswedi wa Setshwantsho]

Rare Books Division, The New York Public Library, Astor, Lenox and Tilden Foundations